bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Revelation 10
Revelation 10
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 11 →
1
Ka bona moengele yo mongwe yo o thata, a fologa mo legodimong, a apere leru; mme motshe wa godimo wa bo o le mo tlhogong ya gagwe, sefatlhogo sa gagwe sa bo se ntse jaaka letsatsi, le maoto a gagwe a ntse jaaka dithogomosi tsa molelo;
2
a bo a tshotse lokwalonyana ka seatla lo menolotswe; lonao lwa gagwe lo logolo a lo tlhoma mo lewatleng, le lwa molema a lo tlhoma mo lefatsheng;
3
mme a goa ka lentswe le legolo, jaaka fa tau e duma; ya re a goa, ditumo di supa tsa maru tsa ntsha dikodu tsa tsone.
4
Mme ya re ditumo tse supa tsa maru di ntsha dikodu tsa tsone, ka bo ke re ke a kwala; mme ka utlwa lentswe le tswa legodimong le re: “Kanela dilo tse ditumo tse di supang tsa maru di di boletseng, o se ka wa di kwala.”
5
Mme moengele yo ke mmonyeng a eme mo lewatleng le mo lefatsheng, a tsholeletsa letsogo la gagwe le legolo kwa legodimong.
6
A ikana ka ene yo o tshelang ka bosakhutleng le ka bosaengkae, yo o tlhodileng legodimo le dilo tse di mo go lone, le lefatshe le dilo tse di mo go lone, le lewatle le dilo tse di mo go lone, a re: “Lobaka ga lo ketla lo tlhola lo le gone;
7
mme e tlaa re mo metlheng ya lentswe la moengele wa bosupa, fa a tlaa tloga a letsa, foo go bo go wediwa bosaitsiweng jwa Modimo, ka fa mafokong a a molemo a o a boleletseng baperofeti batlhanka ba one.”
8
Lentswe le ke le utlwileng le tswa legodimong, ka ba ka le utlwa gape le mpuisa le re: “Ya o tseye lokwalo lo lo menolotsweng, lo lo mo seatleng sa moengele yo o emeng mo lewatleng le mo lefatsheng.”
9
Mme ka ya kwa moengeleng, ka mo raya ka re, a nneye lokwalonyana loo. Mme a nthaya a re: “Lo tseye, o lo je o lo swetse; lo tlaa fetola mala a gago a nna bogalaka, mo ganong la gago lo tlaa nna monate jaaka dinotshe.”
10
Mme ka tsaya lokwalonyana mo seatleng sa moengele, ka lo ja ka lo swetsa; mme mo ganong la me lwa bo lo le monate jaaka dinotshe; ya re ke sena go lo ja, mala a me a fetoga a nna bogalaka.
11
Ba nthaya ba re: “O na le go ba o perofesa gape ka ga batho ba le bantsi le merafe, le dipuo, le dikgosi.”
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 11 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22