bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Revelation 12
Revelation 12
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 13 →
1
Ga bonala sesupo se segolo mo legodimong; e bong mosadi a apere letsatsi, kgwedi yone e le fa tlase ga dinao tsa gagwe, mo tlhogong ya gagwe go le serwalo sa dinaledi di le 12.
2
A bo a le moimana; mme a goa ka go iteka mo pelegong, a le mo botlhokong jwa go gololwa.
3
Mme ga bonala sesupo se sengwe mo legodimong; bonang, ga bo go le kgogela e kgolo e le khibidu, e na le ditlhogo di supa, le dinaka di le some, mo ditlhogong tsa yone ga bo go le dirwalo tsa mekgabo di supa.
4
Mogatla wa yone, wa bo o goga ntlha ya seraro ya dinaledi tsa legodimo, mme ya di latlhela kwa lefatsheng. Kgogela ya ema fa pele ga mosadi yo o tlaa tlogang a belega, gore e tle e re a sena go belega, e be e je ngwana wa gagwe.
5
Mme a belega ngwana, ngwana wa mosimane, yo e leng ene yo o tlaa busang ditšhaba tsotlhe ka tsamma ya tshipi; mme ngwana wa gagwe a phamolwa a isiwa kwa Modimong, le kwa setulong sa one sa bogosi.
6
Mosadi a tshabela kwa nageng kwa o baakanyeditsweng bonno ke Modimo teng, gore ba tle ba mo otlele gone ka malatsi a le 1 260.
7
Mme ga nna ntwa mo legodimong; Mikaele le baengele ba gagwe ba bololela kgogela, ba ya go tlhabana nayo. Kgogela ya tlhabana e na le baengele ba yone;
8
mme ba se ka ba fenya, le gone ba se ka ba tlhola ba nna le bonno mo legodimong.
9
Mme kgogela e kgolo, noga ya bogologolo ya piriganngwa, yone e e bidiwang Diabolo le Satane, motsietsi wa lefatshe lotlhe; ya piriganyediwa koo kwa lefatsheng, le baengele ba yone ba piriganyediwa kwa tlase nayo.
10
Ka utlwa lentswe le legolo mo legodimong le re: “Gompieno go tsile poloka, le thata, le bogosi jwa Modimo wa rona, le taolo ya ga Keresete wa one; gonne mopateletsi wa bakaulengwe ba rona, yo o ntseng a ba pateletsa fa pele ga Modimo wa rona motshegare le bosigo, o piriganyeditswe kwa tlase.
11
Ba mo fenya ka ntlha ya madi a ga Kwana, le ka ntlha ya lefoko la tshupo ya bone; ba se ka ba rekegela botshelo jwa bone le go ya kwa losong.
12
Ke gone a lo ke lo itumeleng, lona magodimo, le lona ba lo agileng mo go one. A bo go latlhega lefatshe le lewatle; ka diabolo a fologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse fa lobaka lwa gagwe lo setse lo le lokhutshwane.”
13
E rile kgogela e lemoga fa e latlhetswe kwa tlase kwa lefatsheng, ya bogisa mosadi yo o belegang ngwana wa mosimane.
14
Mme mosadi a newa diphuka tse pedi tsa ntswi yo motona, gore a fofele kwa nageng, kwa bonnong jwa gagwe, kwa o otlwang teng ka motlha, le metlha, le ntlha e nngwe ya motlha, a itshabisa sefatlhogo sa noga.
15
Mme noga ya tšhabanya metsi ka legano sehularong sa mosadi, a nna jaaka noka; e le gore noka e tle e mo tseye.
16
Lefatshe la thusa mosadi, lefatshe la atlhamologa, la metsa noka e kgogela e e tšhabantseng ka legano la yone.
17
Kgogela ya nna bogale le mosadi, ya feta ya ya go tlhasela ba ba setseng ba losika lwa gagwe, ba ba ntseng ba bolokile ditaolo tsa Modimo, ba dumetse tshupo ya ga Jesu; mme ya ema fa mošaweng wa lewatle.
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 13 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22