bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Revelation 6
Revelation 6
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 7 →
1
E rile Kwana a kanolola sekano sengwe mo go tse supa, ka leba, ka ba ka utlwa setshedi sengwe mo go tse nne, se bua ka lentswe e kete la tumo ya maru, sa re: “Tlaa!”
2
Mme ka leba, bonang, ga bo go le pitse e le tshweu, yo o e pagameng a bo a tshotse bora; mme a newa serwalo, mme a tswa a fenya, a ba a tswelela pele go fenya.
3
E rile a kanolola sekano sa bobedi, ka utlwa setshedi sa bobedi se re: “Tlaa!”
4
Mme ga tswa pitse nngwe, e le pitse e khunou; yo o e pagameng a newa gore a tlose kagiso mo lefatsheng, le gore batho ba bolaane; mme a newa tšhaka e tona.
5
E rile a kanolola sekano sa boraro, ka utlwa setshedi sa boraro se re: “Tlaa!” Ka leba, mme bonang ga bo go le pitse e ntsho; yo o e pagameng a bo a tshotse selekanyo sa pego ka seatla.
6
Ka utlwa e kete lentswe mo gare ga ditshedi tse nne, le re: “Seelwanyana sa mabele ke tefo ya letsatsi, le dielwanyana di le tharo tsa barele ke tefo ya letsatsi; mme o se ka wa senya lookwane le bojalwa jwa mofine.”
7
E rile a kanolola sekano sa bone, ka utlwa lentswe la setshedi sa bone le re: “Tlaa!”
8
Ka leba, mme bonang, ga bo go le pitse e tshetlha; yo o e pagameng, leina la gagwe go twe Loso; Bobipo a bo a na nae a mo setse morago. Mme ba newa taolo ya go re, lefatshe fa le kgaoganngwa sene, ba bolaye kgaolo ya sene ka tšhaka, le ka popamo, le ka loso, le ka dibatana tsa lefatshe.
9
E rile a kanolola sekano sa botlhano, ka bona fa tlase ga sebeso mewa ya ba ba bolaetsweng lefoko la Modimo, le ka ntlha ya tshupo e ba ne ba e tshegeditse.
10
Mme ba goa ka lentswe le legolo ba re: “Mong wa rona wee, yo o boitshepo le boammaaruri! Lobaka lo tlaa nna boleele bokae o sa atlhole, wa lefetsa madi a rona mo go ba ba agileng mo lefatsheng?”
11
Mongwe le mongwe wa bone a newa kobo e tshweu; ba rewa ga twe, ba name ba sa ntse ba itapolositse ka lobakanyana, go tle go tsamaye le bone batlhanka ka bone, le ba ga bone ba ba tlaa bolawang fela jaaka bone, ba dirafalelwe jalo.
12
E rile a kanolola sekano sa borataro ka leba, ga bo go le thoromo e kgolo ya lefatshe; le letsatsi la ntshofala la nna jaaka letsela la boditse, le kgwedi yotlhe ya nna jaaka madi a mahibidu.
13
Le dinaledi tsa legodimo tsa wela fa fatshe, jaaka feige e tle e tlhotlhorege difeige tsa yone tse di sa butswang, fa e udubadiwa ke phefo e kgolo.
14
Le legodimo la tlosiwa jaaka kgampetla ya lokwalo fa e menaganngwa; le dithaba tsotlhe le ditlhake tsa hudusiwa mo mannong a tsone.
15
Dikgosi tsa lefatshe, le dikgosana, le beng ba mephato, le bahumi, le bathata, le motlhanka mongwe le mongwe, le yo o leng ngwana wa motse, ba iphitlha mo dikgageng, le mo mafikeng a dithaba;
16
ba raya dithaba le mafika ba re: “Re weleng godimo, lo re bipele sefatlhogo sa yo o dutseng mo setulong sa bogosi, le bogale jwa Kwana;
17
gonne letsatsi le legolo la bogale jwa bone le fitlhile; mme go nonofile mang go ema?”
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22