bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Revelation 17
Revelation 17
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 18 →
1
Ga tla mongwe wa baengele ba supa, ba ba tshotseng megotšana e supa, a nthaya a re: “Tla kwano, ke tlaa go supetsa tshekiso ya seaka se segolo se se dutseng mo metsing a mantsi;
2
se dikgosi tsa lefatshe di gokagetseng naso, le ba ba agileng mo lefatsheng ba ne ba tagisiwa ke bojalwa jwa kgokafalo ya sone.”
3
Mme a ntsaya a nkisa kwa gare ga naga ke le mo moweng; ka ya ka bona mosadi a pagame sebatana sengwe se se mmala o bohibidu jo bo letlhololo, se bile se tletse maina a tlhapatso, se le ditlhogo di supa le dinaka di le some.
4
Mosadi a bo a apere bohibidu jo bo mokgona, le bohibidu jo bo letlhololo, a kgabisitswe ka gouta le majana a a tlhokegang le diperela, a tshotse mo seatleng senwelo sa gouta se se tletseng tse di makgapha, e bong dilo tse di maswe tsa kgokafalo ya gagwe.
5
Mo phatleng ya gagwe ga bo go kwadilwe leina go twe: “Boteng, Babilone o mogolo, mma diaka, le mma makgapha a lefatshe.”
6
Ka bona mosadi fa a tagilwe ke madi a baitshepi, le ke madi a basupi ba ga Jesu. Mme ya re ke mmona ka gakgamala ka kgakgamalo e kgolo.
7
Moengele a nthaya a re: “O ne o gakgamalelang? Ke tlaa go bolelela boteng jwa mosadi yo, le jwa sebatana se o se pagameng, se se ditlhogo di supa le dinaka di some.
8
Sebatana se o se bonyeng se ne se leyo, mme ga se tlhole se leyo; se tloga se tlhatloga mo moleteng o o se nang bolekeletso, se ya tatlhegong. Ba ba agileng mo lefatsheng ba tlaa gakgamala, e bong bone ba e sa leng ka lefatshe le thaiwa, maina a bone a se kang a kwalwa mo lokwalong lwa botshelo, ba tlaa gakgamala mogang ba bonang sebatana, ka fa se ne se le yo ka teng, se se tlhole se le yo, e bile se tloga se tla.
9
“Mogopolo o o nang le botlhale ke one o. Ditlhogo di supa ke dithaba di supa tse mosadi o dutseng mo go tsone;
10
e bile ke dikgosi di supa; tse tlhano di setse di ole, e nngwe e sa le teng, e nngwe ga e ise e tle; mogang e tlang, e na le go nna ka lobakanyana.
11
Le sebatana se se neng se le yo, le sone ka sosi ke kgosi nngwe ya 8, ke yoo rra tsone tse supa; e ya tatlhegong.
12
“Dinaka tse some tse o di bonyeng, ke dikgosi di le some, tse gompieno di iseng di amogele bogosi bope; di amogela taolo jaaka dikgosi, di pataganye le sebatana ka nako e le nngwe fela.
13
Dikgosi tse, di maikutlo a le mangwe fela, di naya sebatana thata ya tsone le taolo.
14
Tse, di tlaa tlhabana le Kwana, mme Kwana o tlaa di fenya, gonne ke ene Morena wa barena, le Kgosi ya dikgosi; le bone ba o nang nabo, ba tlaa fenya e le ba ba biditsweng, ba itshenketswe, ba boikanngo.”
15
Mme a nthaya a re: “Metsi a o a bonyeng kwa seaka se dutseng teng, ke ditšhaba, le boidiidi jwa batho, le merafe, le dipuo.
16
Mme dinaka tse some tse o di bonyeng, le sone sebatana, di tlaa ila seaka seo, di tlaa se dira tshwafatso le bosaikatega, di tlaa ja nama ya sone, di se fisetsa ruri ka molelo.
17
Gonne Modimo o gakolotse dipelo tsa tsone go tla di dira maikutlo a one, le gore di nne boikutlo bo le bongwe fela, di be di neye sebatana bogosi jwa tsone, go tle go tsamaye mafoko a Modimo a dirafale.
18
“Mosadi yo o mmonyeng ke motse o mogolo, o o busang dikgosi tsa lefatshe.”
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 18 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22