bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Revelation 18
Revelation 18
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 19 →
1
E rile morago ga dilo tse ka bona moengele yo mongwe a fologa mo legodimong, a na le taolo e kgolo; mme lefatshe la bonesega ka kgalalelo ya gagwe.
2
Mme a tlhaeletsa ka lentswe le le nonofileng a re: “Babilone o mogolo o ole, o ole, o fetogile boago jwa mewa e e maswe le boitswalelo jwa mowa mongwe le mongwe o o maswe, le boitswalelo jwa nonyane nngwe le nngwe e e maswe le e e ilwang.
3
Gonne merafe yotlhe e ole ka bojalwa jwa bogale jwa kgokafalo ya gagwe; dikgosi tsa lefatshe tsa gokafala nae, le babapatsi mo lefatsheng ba huma ka thata ya go hoahoega ga gagwe.”
4
Ka utlwa lentswe le lengwe le le tswang legodimong le re: “Tswang mo go ene lona batho ba me, gore lo se tlhakanele nae dibe tsa gagwe, le gore lo se bone dipetso tsa gagwe:
5
Gonne dibe tsa gagwe di ile go fitlha le kwa legodimong, Modimo o gakologetswe maikepo a gagwe.
6
Mo abeleng fela jaaka a ne a tle a abe, mme lo mo tlhatlaganyetse tlhatlaganyo ka fa ditirong tsa gagwe; mo senwelong se o se tlhakantseng, lo mo tlhakanyetse mo go sone sebedi.
7
Lo mo lekanyetse tlhokofatso le selelo ka fa selekanyong sa go ikgalaletsa ga gagwe, le go hoahoega ga gagwe; gonne o ithaya mo pelong a re: ‘Ke dutse ke le kgosi mohumagadi, ga ke motlholagadi, ga nketla ke bona selelo gope.’
8
Ke gone ka moo dipetso tsa gagwe di tlaa tlang ka letsatsi le le lengwe fela, e bong loso, le selelo, le popamo; o tlaa fisediwa ruri ka molelo, gonne go thata Morena Modimo o o mo atlhotseng.”
9
Le dikgosi tsa lefatshe tse di gokafetseng nae, tsa ba tsa hoahoega nae, di tlaa lela, di mo lelelela godimo, mogang di bonang mosi wa go ša ga gagwe,
10
di emetse kgakala, ka go boifa tlhokofatso ya gagwe, di re: “Ija! Ija! We! A motse wa mogolo! Babilone motse o o thata! Gonne tshekiso ya gago e fitlhile ka nako e le nngwe fela.”
11
Babapatsi ba ba mo lefatsheng ba lela ba mo hutsafalela, gonne go sa tlhole go le motho ope yo o rekang dithoto tsa bone;
12
thoto ya gouta, ya selefera, ya majana a a tlhokegang, ya diperela, ya leloba le le boleta, le ya bohibidu jo bo mokgona, le ya sei, le ya bohibidu jo bo letlhololo; le ya dikgong tsotlhe tse di tlhokegang thata, ya sejana sengwe le sengwe sa naka lwa tlou, le ya sejana sengwe le sengwe se se dirilweng ka logong lo lo thata go rekwa, le sa kgotlho, le sa tshipi le sa marebele;
13
le thoto ya kinamone, le ya ditswaiso, le ya maswalo, le ya setlolo, le ya lebano, le ya bojalwa jwa mofine, le ya lookwane, le ya setou, le ya mabele, le ya dikgomo, le ya dinku; le thoto ya dipitse le, ya dikara, le ya batlhanka; le ya mewa ya batho.
14
“Maungo a mowa wa gago o a eleditseng a tlogile mo go wena, le dilo tsotlhe tse di metsegang, le tse di kgorwang di go senyegetse, mme batho ga ba ketla ba tlhola ba di fitlhela gope!”
15
Babapatsi ba dilo tseo, ba ba kileng ba humisiwa ke ene, ba tlaa emela kgakala ka go boifa tlhokofatso ya gagwe, ba lela, ba hutsafala;
16
ba re: “Ija! Ija wee! A motse wa mogolo! One o o neng o apere leloba le le boleta, le bohibidu jo bo mokgona, le bohibidu jo bo letlhololo; wa ba wa kgabisiwa ka gouta, le ka majana a a tlhokegang, le ka diperela!
17
Gonne mahumo a a kalokalo a swafaditswe ka nako e le nngwe fela.” Le mongwe le mongwe yo e leng mong wa sekepe, le mongwe le mongwe yo o etelang gongwe le gongwe ka sekepe, le ba e leng batho ba lewatle, le botlhe ba ba ipapalelang ka lewatle, ba emela kgakala,
18
mme ba lelela godimo ka ba bona mosi wa go ša ga one, ba re: “Ana motse, e ka nna ofe o o tshwanang le motse o mogolo o?”
19
Mme ba ikubuela lorole mo ditlhogong, ba gala ka go lela le ka go hutsafala, ba re: “Ija! Ija wee! A motse wa mogolo! O botlhe ba ba neng ba na le dikepe mo lewatleng ba humisitsweng mo go one ka tlhwatlhwa e kgolo ya one; gonne o swafaditswe ka nako e le nngwe fela.
20
Wena legodimo, o o jele koma, le lona baitshepi, le lona baaposetole, le lona baperofeti; gonne Modimo o o atlhotse ka fa lo kileng lwa atlholwa ke one motse oo ka gone.”
21
Mme moengele mongwe yo o thata a tsaya lentswe, e kete lolwala lo logolo, a lo thabuetsa mo lewatleng, a re: “Babilone, motse o mogolo o tlaa piriganngwa jalo ka piriganyo e kgolo, mme ga o ketla o tlhola o bonwa gope.
22
Mantswe a baharepi, le a baopedi le a baletsi ba ditlhaka, le a ba dinaka, ga a ketla a tlhola a utlwala gope mo go wena; le modiri, le fa e ka bo e le wa tiro e e ntseng jang, ga a ketla a tlhola a bonwa mo go wena gope; le modumo wa lolwala ga o ketla o tlhola o utlwala mo go wena gope;
23
le lesedi la lampa ga le ketla le tlhola le phatsima mo go wena gope; le lentswe la monyadi le la monyadwi, ga le ketla le tlhola le utlwala mo go wena gope; gonne babapatsi ba ba mo go wena e ne e le dikgosana tsa lefatshe; gonne merafe yotlhe e ne e tsiediwa ke boloi jwa gago.
24
Mme ga fitlhelwa madi a baperofeti, le a baitshepi mo go one, le a botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng.”
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 19 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22