bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Revelation 7
Revelation 7
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 8 →
1
Morago ga mo, ka bona baengele ba le bane, ba eme mo dintlheng tsoo nne tsa lefatshe, ba tshwere diphefo tsa lefatshe tsoo nne, gore go se ka ga foka phefo epe mo lefatsheng, le fa e le mo lewatleng, le fa e le mo setlhareng sepe.
2
Ka bona moengele yo mongwe a tlhatloga kwa botlhabatsatsi, a na le sekano sa Modimo o o tshedileng; mme a goeletsa ka lentswe le le godileng, a goa baengele ba bane, ba ba neetsweng go tlhokofatsa lefatshe le lewatle.
3
A re: “Lo se ka lwa tlhokofatsa lefatshe, le fa e le lewatle, le fa e le ditlhare, go tle go tsamaye re tshwaye batlhanka ba Modimo wa rona mo diphatleng tsa bone pele.”
4
Mme ka utlwa palo ya bone ba ba tshwailweng, e le 144 000, e le ba lotso longwe le longwe lwa bana ba Iseraele.
5
Ba lotso lwa ga Juta ba tshwaiwa ba le 12 000; ba lotso lwa ga Rubene ba le 12 000; ba lotso lwa ga Gate ba le 12 000;
6
ba lotso lwa ga Ašere ba le 12 000; ba lotso lwa ga Nafetali ba le 12 000; ba lotso lwa ga Manase ba le 12 000;
7
ba lotso lwa ga Simeone ba le 12 000; ba lotso lwa ga Lefi ba le 12 000; ba lotso lwa ga Isakare ba le 12 000;
8
ba lotso lwa ga Sebulone ba le 12 000; ba lotso lwa ga Benjamine ba tshwaiwa ba le 12 000.
9
Morago ga dilo tse ka leba, mme bonang, boidiidi jo bogolo jwa batho, jo go seng motho ope yo o ka bo balang, e le ba morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le batho, le dipuo, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi, le fa pele ga Kwana, ba apere dikobo tse ditshweu, ba tshotse makolane ka diatla;
10
mme ba thela lošalaba lo logolo ba re: “Poloka e nne go Modimo wa rona o o dutseng mo setulong sa bogosi, le go Kwana.”
11
Baengele botlhe ba bo ba eme tikologong ya setulo sa bogosi, le mo tikologong ya bagolwane, le ditshedi tse nne; mme ba wela ka difatlhogo fa pele ga setulo sa bogosi, ba obamela Modimo.
12
Ba re: “Amen. Pako le kgalalelo, le botlhale, le malebogo le tlotlo, le nonofo, le thata, di nne go Modimo wa rona ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.”
13
Mongwe wa bagolwane a nthaya a re: “Ba ba apereng dikobo tse ditshweu tse, ke bomang, mme ba tswa kae?”
14
Ka mo raya ka re: “Morena wa me go itse wena.” Mme a nthaya a re: “Ba, ke ba ba tswang mo pitlaganong e kgolo, ba tlhatswitse dikobo tsa bone, ba di sweufaditse mo mading a ga Kwana.
15
Ke gone ka fa ba leng fa pele ga setulo sa bogosi sa Modimo ka teng; ba o direla motshegare le bosigo mo tempeleng ya one; yo o dutseng mo setulong sa bogosi o tlaa tsharololela motlaagana wa gagwe godimo ga bone.
16
Ga ba ketla ba tlhola ba bolawa ke tlala gope le fa e le lenyora; le letsatsi ga le ketla le ba babalela, le fa e le mogote ope,
17
gonne Kwana yo o fa gare ga setulo sa bogosi, o tlaa nna modisa wa bone, o tlaa ba gogela kwa metsweding ya metsi a botshelo, mme Modimo o tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone.”
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 8 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
Recommended Reading
Commentary
Revelation Commentaries
→
Devotional
Revelation Devotional Guide
→
Get This Bible
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) Study Bible
→