bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Revelation 9
Revelation 9
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 10 →
1
Moengele wa botlhano a letsa, mme ka bona naledi e wetse fa fatshe e tswa legodimong; mme a newa sekopololo sa molete o o se nang bolekeletso.
2
Mme a bula molete o o se nang bolekeletso; mme ga tlhatloga mosi mo moleteng, o etsa mosi wa leubelo le letona, letsatsi la fifala le loapi, ka ntlha ya mosi wa molete.
3
Ya re mo mosing ga tswela tsie mo lefatsheng; ya newa thata, jaaka diphepheng tsa lefatshe di na le thata.
4
Mme ya rewa ga twe, e se ka ya tlhokofatsa bojang jwa lefatshe, le fa e le sepe se setala, le fa e le setlhare sepe, fa e se batho ba ba se nang lotshwao lwa Modimo mo diphatleng tsa bone ba le bosi fela.
5
Ya laiwa gore e se ka ya ba bolaya, e le gore ba utlwisiwe botlhoko ka dikgwedi di le tlhano; mme botlhoko jwa yone tsie jwa bo bo ntse jaaka botlhoko jwa phepheng fa e tlhaba motho.
6
Mo metlheng eo batho ba tlaa senka loso, mme ba se ketla ba lo bona gope; ba tlaa eletsa go swa, mme loso lo ba tshabe.
7
Popego ya tsie ya bo e tshwana jaaka ya dipitse tse di baakanyeditsweng ntwa; mo tlhogong tsa yone ga bo go le jaaka e kete dirwalo tse di tshwanang le gouta, sefatlhogo sa yone sa bo se ntse jaaka e kete sefatlhogo sa motho.
8
Ya bo e na le moriri o o ntseng jaaka moriri wa basadi, meno a yone a ntse jaaka meno a ditau.
9
Ya bo e na le diiphemelo sehubeng, e kete dimatla tsa tshipi, mme mosumo wa diphuka tsa yone wa bo o etsa modumo wa dikara, le wa dipitse di le dintsi fa di sianela mo ntweng.
10
E na le megatla e e ntseng jaaka ya diphepheng, le dipolela; mme thata ya go utlwisa batho botlhoko ka dikgwedi di le tlhano e mo megatleng ya yone.
11
Kgosi ya yone e e e laolang ke moengele wa molete o o se nang bolekeletso; leina la yone ka Sehebere ke Abatone, mo puong ya Segerika o na le leina ga twe, Apolione.
12
Tatlhego ya ntlha e fetile; bonang go sa ntse go tla ditatlhego di le pedi kwa morago.
13
Moengele wa borataro a letsa, mme ka utlwa lentswe le tswa mo dinakeng tsa sebeso sa gouta se se fa pele ga Modimo.
14
Mongwe a raya moengele wa borataro yo o tshotseng lonaka, a re: “Golola baengele ba bane ba ba golegilweng fa nokeng e kgolo ya Euferatese.”
15
Mme baengele ba bane ba gololwa, ba ba neng ba baakanyeditswe e e leng yone nako, le letsatsi le kgwedi, le ngwaga, gore ba bolaye ntlha ya seraro ya batho.
16
Palo ya dintwa tsa bapagami e ne e le didikadike di le 200; ka utlwa palo ya bone.
17
Dipitse ka di bona jalo mo ponatshegelong, le ba ba di pagameng, ba na le diiphemelo dihubeng tse dikhibidu, le bodududu, le bosetlha; mme ditlhogo tsa dipitse tsa bo di ntse jaaka ditlhogo tsa ditau; go tswa mo ganong la tsone molelo, le mosi, le sulefura.
18
Ntlha ya seraro ya batho ya bolawa ke dipetso tse tharo tse di tswang mo ganong la tsone, e bong molelo, le mosi, le sulefura.
19
Gonne thata ya dipitse tse, e mo ganong la tsone, le mo megatleng ya tsone; gonne megatla ya tsone e tshwana le dinoga, e na le ditlhogo; mme di utlwisa botlhoko ka tsone.
20
Mme ba ba setseng ba losika lwa batho, ba ba se kang ba bolawa ke dipetso tse, ga ba a ka ba ikwatlhaela ditiro tsa diatla tsa bone, le fa e le go khutla go obamela badimo le medimo ya disetwa ya gouta, le ya selefera, le ya kgotlho, le ya lentswe, le ya logong; e le dilo tse di sa ka keng tsa bona, le fa e le go utlwa, le fa e le go tsamaya:
21
Le gone ga ba a ka ba ikwatlhaela dipolao tsa bone, le fa e le boloi jwa bone, le fa e le kgokafalo ya bone, le fa e le bogodu jwa bone.
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 10 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22