bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Revelation 14
Revelation 14
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 15 →
1
Ka leba, mme bonang, Kwana a bo a eme mo thabeng ya Sione, a na le batho ba le 144 000, ba ba kwadilweng leina la gagwe, le leina la ga Rraagwe mo diphatleng tsa bone.
2
Ka utlwa lentswe le tswa legodimong, le ntse jaaka mosumo wa metsi a le mantsi, le bile le ntse jaaka tumo e kgolo ya maru; mme lentswe le ke le utlwileng la bo le ntse jaaka fa baharepi ba letsa diharepa tsa bone.
3
Ba opela e kete sefela se seša fa pele ga setulo sa bogosi, le fa pele ga ditshedi tse nne le bagolwane; mme go bo go se motho ope yo o ka ithutang sefela seo, fa e se ba ba 144 000, e bong ba ba tswang go rekwa mo lefatsheng.
4
Bao ke ba ba se kang ba leswefala ka basadi; gonne ke makgarebane. Bao ke ba ba bopelang Kwana gongwe le gongwe kwa o yang teng. Bao ba tswa go rekwa mo bathong, gore ba nne mabutswelapele a Modimo le a Kwana.
5
Mme mo melomong ya bone go se ka ga fitlhelwa leaka lepe; ga ba na bogale bope.
6
Ka bona moengele mongwe a fofa gare ga legodimo, a na le Mafoko a a Molemo a a sa khutleng go a bolelela ba ba agileng mo lefatsheng, le tšhaba nngwe le nngwe, le lotso, le puo, le batho;
7
mme a bua ka lentswe le legolo a re: “Boifang Modimo, lo o neye kgalalelo; gonne nako ya katlholo ya one e tsile; lo obamele one o o dirileng legodimo le lefatshe, le lewatle, le metswedi ya metsi.”
8
Mme moengele yo mongwe, e le wa bobedi, a tla morago ga yoo, a re: “Babilone yo mogolo o ole, o ole, o o dirileng gore merafe yotlhe e nosiwe bojalwa jwa bogale jo bo tsositsweng ke kgokafalo ya gagwe.”
9
Moengele yo mongwe, e le wa boraro, a tla morago ga bone, a bua ka lentswe le legolo a re: “Fa motho le fa e le mang a obamela sebatana le setshwantsho sa sone, a iteseletsa go tshwaiwa mo phatleng, kgotsa mo seatleng,
10
le ene o tlaa nwa bojalwa jwa bogale jwa Modimo, jo bo baakantsweng bo sa tlhakanngwa le sepe, bo le mo senwelong sa tšhakgalo ya one; mme o tlaa tlhokofadiwa ka molelo le sulefura, fa pele ga baengele ba ba boitshepo, le fa pele ga Kwana.
11
Mme mosi wa tlhokofatso ya bone o tlhatloga ka bosakhutleng le ka bosaengkae; ga ba na tapologo motshegare le bosigo, e bong bone ba ba obametseng sebatana le setshwantsho sa sone, le botlhe ba ba iteseletsang go tshwaiwa lotshwao lwa leina la sone.”
12
Bopelotelele jwa baitshepi ke jone joo, e bong jwa ba ba bolokang ditaolo tsa Modimo, le tumelo mo go Jesu.
13
Ka utlwa lentswe le le tswang legodimong le re: “Kwala, o re: Go sego baswi ba ba swelang mo Moreneng, go simolola fano le go ya pele. “Ee,” go bua Mowa, “gore ba bone tapologo mo letsapeng la bone; gonne ditiro tsa bone di ba setse morago.”
14
Ka leba, mme bonang, leru le lesweu; mo lerung ka bona mongwe a dutse, a tshwana le Morwa Motho, a rwele serwalo sa gouta mo tlhogong, mme a tshotse thipa e e bogale ya mabele ka seatla.
15
Mme moengele yo mongwe a tswa mo tempeleng, a tlhaeleletsa yo o dutseng mo lerung ka lentswe le legolo, a re: “Ntshetsa thipa ya gago kwa ntle, o sege; gonne lobaka lwa go sega lo tsile; gonne mabele a lefatshe a omeletse.”
16
Mme yo o dutseng mo lerung a latlhela thipa ya gagwe mo lefatsheng; mme lefatshe la rojwa.
17
Moengele yo mongwe a tswa mo tempeleng e e mo legodimong, le ene a tshotse thipa e e bogale ya mabele.
18
Moengele yo mongwe a tswa fa sebesong, e bong yo o nang le taolo mo molelong; mme a tlhaeletsa yo o tshotseng thipa e e bogale ka lentswe le legolo, a re: “Ntshetsa thipa ya gago e e bogale kwa ntle, o phuthe masitlha a mofine wa lefatshe; gonne difine tsa jone di budule thata.”
19
Mme moengele a latlhela thipa ya gagwe mo lefatsheng, a kgaola mefine ya lefatshe, a e latlhela mo segatisetsong sa mafine, e bong mo segatisetsong, se segolo sa bogale jwa Modimo.
20
Segatisetso sa gatelwa kwa ntle ga motse, mme ga tswa madi mo segatisetsong, a fitlha mo dikgoleng tsa megala ya dipitse, a tswela kwa bokgakaleng jwa dikilometara di le 300.
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 15 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22