bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Revelation 16
Revelation 16
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 17 →
1
Ka utlwa lentswe le legolo le tswa mo tempeleng, le raya baengele ba supa le re: “Tsamayang lo ye go thela bogale jwa Modimo jwa megotšana e supa mo lefatsheng.”
2
Mme wa ntlha a ya a thela ga mogotšana wa gagwe mo lefatsheng; mme ga tloga ga tswa ntho e mpe le e e botlhoko mo bathong ba ba tshwailweng lotshwao lwa sebatana, le ba ba obamelang setshwantsho sa sone.
3
Wa bobedi a thela ga mogotšana wa gagwe mo lewatleng; mme la fetoga madi, e kete a motho yo o suleng; mme ditshedi tsotlhe tsa swa, e bong dilo tse di mo lewatleng.
4
Wa boraro a thela ga mogotšana wa gagwe mo dinokeng le mo metsweding ya metsi; mme tsa fetoga madi.
5
Ka utlwa moengele wa metsi a re: “O tshiamo, wena Moitshepi, yo o gone le yo o neng o ntse o le gone; ka o atlhotse jalo;
6
gonne ba tsholotse madi a baitshepi le a baperofeti, o bile o ba nositse madi; go ba tshwanetse.”
7
Ka utlwa seboso se re: “Ee, Morena Modimo, Mothatayotlhe, dikatlholo tsa gago di boammaaruri le tshiamo.”
8
Wa bone a thela ga mogotšana wa gagwe mo letsatsing; mme a newa gore a fise batho ka molelo.
9
Mme batho ba fisiwa ke mogote o mogolo; mme ba tlhapatsa leina la Modimo o o nang le thata mo go tsone dipetso tse; mme ga ba a ka ba ikwatlhaya ba o galaletsa.
10
Wa botlhano a thela ga mogotšana wa gagwe mo setulong sa bogosi sa sebatana; mme bogosi jwa sone jwa fifala; mme ba itshotlha diteme ka botlhoko.
11
Ba ba ba tlhapatsa Modimo wa legodimo, ka ntlha ya matlhoko a bone, le dintho tsa bone; mme ba se ka ba ikwatlhaela ditiro tsa bone.
12
Wa borataro a thela ga mogotšana wa gagwe mo nokeng e kgolo, noka ya Euferatese; mme metsi a yone a kgala, gore tsela e tle e baakanyediwe dikgosi tse di tswang kwa botlhabatsatsi.
13
Mme ka bona fa go tswa mo ganong la kgogela, le mo ganong la sebatana, le mo ganong la moperofeti yo e seng ene, mewa e e maswe e le meraro, e kete digwagwa:
14
Gonne ke mewa e e maswe dirang ditshupo; e e tswelang kwa dikgosing tsa lefatshe lotlhe, e ya go di phuthela kwa ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo, Mothatayotlhe.
15
“Bona, ke tla jaaka legodu. Go sego yo o disang, a boloka diaparo tsa gagwe, gore a se tsamaye a sa apara, mme batho ba bona ditlhong tsa gagwe.”
16
Mme ya di phuthela mo felong fa go bidiwang Haremagetone, mo puong ya Sehebere.
17
Wa bosupa a thela ga mogotšana wa gagwe mo loaping; mme ga tswa lentswe le legolo mo tempeleng, mo setulong sa bogosi, la re: “Go fedile!”
18
Ga bo go le dikgadima, le dikodu, le ditumo tsa maru; mme ga bo go le thoromo e kgolo ya lefatshe, e e sa leng ka batho ba nna mo lefatsheng ba iseng ba e bone e le kalo gope, e le thoromo e kgolo ruri, le e e thata.
19
Motse o mogolo wa kgaoganngwa seraro, mme metse ya merafe ya wa; le Babilone o mogolo wa gopolwa mo ponong ya Modimo, gore o newe senwelo sa bojalwa jwa tšhakgalo ya bogale jwa one.
20
Mme ditlhake tsotlhe tsa fofela koo, le dithaba tsa se ka tsa fitlhelwa.
21
Sefako se sekima sa wela mo bathong, se tswa legodimong, tlhaka nngwe le nngwe e le bokete jwa dikilokerame di le 50; mme batho ba tlhapatsa Modimo ka ntlha ya petso ya sefako; ka petso ya sone e le kgolo thata.
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 17 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22