bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Genesis 11
Genesis 11
Tswana Setswana 1970
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 12 →
1
Pele lefatshe lotlhe la bo le na le puo e le nngwe fela le mafoko a le mangwe fela.
2
Mme ya re ba hudugela kwa ntlheng ya botlhabatsatsi, ba fitlhela lebala mo lefatsheng la Sineare, ba aga teng.
3
Ke fa ba raana ba re: “A re yeng re bope diekana, re di bese, di butswe!” Diekana tse e ne e le matlapa a bone, boka jwa mmu e le seretse sa bone sa go aga.
4
Ba re: “Tlayang a re ikageleng motse le kago e e godimo e setlhoa sa yona se fitlhang kwa legodimong gore re itirele leina le le tumileng, e se re gongwe ra phatlalala mo lefatsheng lotlhe.”
5
Ke fa Morena a fologa gore a bone motse oo le kago e e godimo eo, tse batho ba di agang.
6
Jaanong Morena a re: “Ruri, botlhe ke morafe o le mongwe fela wa puo e le nngwe fela. Selo se ke tshimologo ya tiro ya bone. Go tloga fa ga ba nke ba palelwa ke sepe se ba se akanyang.
7
Tlayang a re fologeleng teng, re tlhakatlhakanye puo ya bone gore ba se ka ba utlwana ka puo.”
8
Morena a ba phatlalatsa fa ba ne ba le teng, a ba falaletsa kwa dinageng tsotlhe tsa lefatshe. Ba khutla jalo go aga motse oo.
9
Ke ka moo o teilweng leina la Babele; gonne teng koo Morena o tlhakatlhakantse puo ya batho botlhe, Morena a ba falatsa le dinaga tsotlhe tsa lefatshe go tswa teng.
10
Ba losika lwa ga Seme ke ba: Ya re Seme a le dinyaga di le 100, a tsala Arephagasadi, dinyaga di le pedi morago ga morwalela.
11
Ya re Seme a sena go tsala Arephagasadi, a phela dinyaga di le 500, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi.
12
Arephagasadi o ne a phedile dinyaga di le 35 fa a tsala Sela.
13
Mme ya re Arephagasadi a sena go tsala Sela, a phela dinyaga di le 403, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi.
14
Sela o ne a phedile dinyaga di le 30, fa a tsala Hebere.
15
Mme ya re Sela a sena go tsala Hebere, a phela dinyaga di le 403, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi.
16
Hebere o ne a phedile dinyaga di le 34, fa a tsala Phelege.
17
Mme ya re Hebere a sena go tsala Phelege, a phela dinyaga di le 430, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi.
18
Phelege o ne a phedile dinyaga di le 30 fa a tsala Rehu.
19
Mme ya re Phelege a sena go tsala Rehu, a phela dinyaga di le 209, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi.
20
Rehu o ne a phedile dinyaga di le 32 fa a tsala Seruge.
21
Mme ya re Rehu a sena go tsala Seruge, a phela dinyaga di le 207, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi.
22
Seruge o ne a phedile dinyaga di le 30 fa a tsala Nahore.
23
Mme ya re Seruge a sena go tsala Nahore, a phela dinyaga di le 200, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi.
24
Nahore o ne a phedile dinyaga di le 29 fa a tsala Thara.
25
Mme ya re Nahore a sena go tsala Thara, a phela dinyaga di le 119, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi.
26
Thara o ne a phedile dinyaga di le 70 fa a tsala Aborame le Nahore le Harane.
27
Ba losika lwa ga Thara ke ba: Thara o ne a tsala Aborame le Nahore le Harane, Mme Harane a tsala Lote.
28
Mme Harane a swa pele ga rraagwe mo lefatsheng le a tsaletsweng mo go lone, kwa motseng wa Ure wa Kalatea.
29
Ke fa Aborame le Nahore ba tsaya basadi: Leina la mosadi wa ga Aborame ke Sarai; leina la mosadi wa ga Nahore ke Mileka, morwadia Harane, yo e leng rraagwe Mileka le Iseka.
30
Sarai ene e ne e le moopa, a se na ngwana.
31
Jaanong Thara a tsaya Aborame morwawe, le Lote morwa Harane, morwa morwawe, le Sarai ngwetsi wa gagwe, mosadi wa ga Aborame morwawe, a huduga nabo, a tloga kwa Ure wa Kalatea, a re o ya kwa lefatsheng la Kanana; mme ba fitlha fela kwa Harane, ba aga teng.
32
Jaanong Thara a swela kwa Harane, a le dinyaga di le 205.
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 12 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50