bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Genesis 27
Genesis 27
Tswana Setswana 1970
← Chapter 26
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 28 →
1
E rile Isaka a sena go tsofala le matlho a gagwe a sena go foufala, mo a sa tlholeng a bona, a bitsa Esau morwawe yo mogolo, a mo raya a re: “Morwaaka!” A mo araba a re: “Ke fano.”
2
A re: “Bona, ke tsofetse; ga ke itse letsatsi le ke tla swang ka lone.
3
Jaanong a ko o tseye dilo tsa gago tse o tsomang ka tsona le mokotlopo wa gago le bora jwa gago, o ye kwa nageng, o ye go ntsomela phologolo;
4
o tle go ntirela dijo tse di monate tse ke di ratang, o di ntlisetse ke je gore ke tle ke go tshegofatse, ke ise ke swe.”
5
Ya re Isaka a bua jalo le Esau morwawe, Rebeka a bo a ntse a reeditse. Jaanong Esau a ya kwa nageng go tsoma phologolo le go e tlisa.
6
Mme Rebeka a raya Jakobe morwawe a re: “Bona, ke utlwile rraago a bua le Esau mogoloo a re:
7
‘Ntlisetse phologolo, o ntirele dijo tse di monate gore ke je, ke tle ke go tshegofatse fa pele ga Morena, ke ise ke swe.’
8
Mme jaanong, morwaaka, utlwa lentswe la me le se ke se go laelang.
9
A ko o ye kwa letsomaneng, o ye go ntseela diphokwana tse dintle di le pedi tsa dipodi. Ke tla di apeela rraago gore e nne dijo tse di monate tse a di ratang;
10
o tla di isa kwa go rraago gore a je, a tle a go tshegofatse, a ise a swe.”
11
Jakobe a raya Rebeka mmaagwe a re: “Bona, nkgonne Esau ke monna yo o boboa, mme nna ke monna yo o borethe.
12
E ka re gongwe rre a nkapaapa, ka nna motsietsi mo matlhong a gagwe, ka itlisetsa khutso, e seng tshegofatso.”
13
Ke fa mmaagwe a mo raya a re: “Khutso ya gago e tla wela mo go nna, morwaaka. Utlwa lentswe la me fela, o ye o di ntseele.”
14
A ya, a di tsaya, a di tlisetsa mmaagwe; mme mmaagwe a apaya dijo tse di monate ka fa rraagwe a di ratang ka teng.
15
Rebeka a ba a tsaya diaparo tsa mokgabo tsa ga Esau morwawe yo mogolo, tse di neng di le mo ntlong, a di apesa Jakobe morwawe yo mmotlana.
16
A ba a mo rwesa mabogo, a mo apesa ka matlalo a diphokwana go bipa borethe molaleng.
17
Dijo tse di monate le senkgwe se a se besitseng a di neela Jakobe morwawe.
18
Mme ene a tsena kwa go rraagwe a re: “Rra!” Isaka a re: “Ke fano; o mang, morwaaka?”
19
Jakobe a araba rraagwe a re: “Ke nna Esau ngwana wa ntlha wa gago. Ke dirile ka fa o ntaetseng ka teng. A ko o tsoge, o dule, o je phologolo ya me gore mowa wa gago o ntshegofatse.”
20
Mme Isaka a botsa morwawe a re: “O e bonye jang ka pele, morwaaka?” A araba a re: “Ke ka gonne Morena a ile a e mpontsha.”
21
Ke fa Isaka a raya Jakobe a re: “Atamela tlhe, ke go apaape morwaaka, ke lemoge fa o le morwaake Esau tota gongwe nnyaya.”
22
Jakobe a atamela Isaka rraagwe; jaanong a mo apaapa a re: “Lentswe ke la ga Jakobe, mme mabogo ke a ga Esau.”
23
Mme a se ka a mo lemoga, gonne mabogo a gagwe a ne a le boboa jaaka mabogo a ga Esau. Ke ka moo o neng a mo tshegofatsa.
24
A mmotsa gape a re: “A wena o morwaake Esau ka nnete?” A araba a re: “Ke nna.”
25
Ke fa a re: “Di ntlisetse, ke je nama ya phologolo ya ga morwaake gore mowa wa me o go tshegofatse.” A di isa fa go ene, mme a ja; a ba a mo isetsa weine, mme a nwa.
26
Morago ga moo Isaka rraagwe a mo raya a re: “A ko o atamele, o nkatle, morwaaka.”
27
A atamela, a mo atla. Ya re a utlwa monko wa diaparo tsa gagwe, a mo tshegofatsa a re: “Bona, monko wa ga morwaake o tshwana le monko wa naga e Morena o e tshegofaditseng.
28
A Modimo o go neye monyo wa legodimo le monono wa lefatshe le letlotlo la mabele le la matute a moweine.
29
A merafe e go direle, a ditšhaba di go ikobele, o nne morena wa bomorwa-rraago. A bomorwa-mmaago ba go ikobele. Go hutsiwe ba ba go hutsang. Go tshegofadiwe ba ba go tshegofatsang.”
30
Jaanong ya re Isaka a sena go fetsa go tshegofatsa Jakobe e le gona fela Jakobe a kgaoganang le rraagwe, Esau mogolowe a goroga, a tswa go tsoma.
31
A apaya dijo tse di monate le ene, a di isa kwa go rraagwe, a raya rraagwe a re: “A rre a tsoge, a je phologolo ya ga morwawe gore mowa wa gago o ntshegofatse.”
32
Mme Isaka rraagwe a mmotsa a re: “Wena o mang?” A araba a re: “Ke nna Esau morwao yo o tsetsweng pele.”
33
Ke fa Isaka a tshoga ka letshogo le legolo thata a re: “Ke mang ne yo o tsomileng phologolo, a e ntlisetsa, ka ja mo go tsotlhe wena o ise o tle, ka ba ka mo tshegofatsa? Le gona o tla tshegofalela ruri.”
34
Ya re Esau a utlwa mafoko a ga rraagwe, a gala ka legalo le legolo le le galakang thata, a raya rraagwe a re: “Rra, le nna ntshegofatse!”
35
Mme ene a re: “Monnao o tlile ka boferefere, a utswa tshegofatso ya gago.”
36
Esau a re: “Ruri, o bidiwa Jakobe ka tshwanelo. Kana o ntsieditse gabedi: Bogolo jwa me o bo tsere; jaanong o tsere le tshegofatso ya me.” A ba a re: “A ga o a ntshadisetsa tshegofatso epe?”
37
Isaka a araba, a raya Esau a re: “Bona, ke mo dirile morena wa gago, ka dira bomorwa-rraagwe botlhe batlhanka ba gagwe, ka mmabalela ka mabele le matute a moweine! Kana wena ke tla go naya eng, morwaaka?”
38
Esau a botsa rraagwe a re: “Rra, a o ne o na le tshegofatso e le nngwe fela? Rra, le nna ntshegofatse!” Ke fa Esau a tsholetsa lentswe, a lela.
39
Jaanong Isaka rraagwe a mo raya a re: “Bona, boago jwa gago bo tla nna kgakala le monono wa lefatshe le kgakala le monyo wa legodimo kwa godimo.
40
O tla phela ka tšhaka ya gago, o direla monnao; mme e tla re o itwela thata, o role joko ya gagwe mo molaleng wa gago.”
41
Ke fa Esau a tlhoa Jakobe ka ntlha ya tshegofatso e rraagwe a mo tshegofaditseng ka yona. Esau a akanya mo pelong a re: “Malatsi a go lelela rre a gaufi; morago ke tla bolaya nnake Jakobe.”
42
Ya re Rebeka a begelwa mafoko a ga Esau morwawe yo mogolo, a roma, a bitsa Jakobe morwawe yo mmotlana, a mo raya a re: “Bona, Esau o rata go ipusolosetsa mo go wena ka go go bolaya.
43
Jaanong, morwaaka, utlwa lentswe la me, nanoga o tshabele kwa go Labane kgaitsadiake kwa Harane.
44
O nne nae malatsi a se kae go fitlhelela bogale jwa ga mogoloo bo time,
45
go tsamaya kgalefo ya ga mogoloo e go tlogele, a lebale tse o di mo diretseng. Foo ke tla roma, ke go tsaya teng. Kana nka tloga ka latlhegelwang ke bobedi jwa lona ka letsatsi le le lengwe fela?”
46
Rebeka a ya, a raya Isaka a re: “Ke sulafalelwa ke bophelo jwa me ka ntlha ya bomorwadia Bahethe. Fa Jakobe a ka tsaya mosadi mo go bomorwadia Bahethe ba lefatshe leno yo o tshwanang le ba, nka phelelang?”
← Chapter 26
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 28 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50