bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Genesis 35
Genesis 35
Tswana Setswana 1970
← Chapter 34
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 36 →
1
Morago ga moo Modimo wa raya Jakobe wa re: “Nanoga o hudugele kwa Bethele, o nne teng, o dire aletare teng ya Modimo o o kileng wa iponatsa mo go wena, fa o tshaba Esau mogoloo.”
2
Ke fa Jakobe a raya ba lapa la gagwe le botlhe ba ba nang nae a re: “Tlosang medimo e sele e e mo go lona, lo tlhape, lo apare diaparo di sele.
3
A re nanogeng, re hudugele kwa Bethele gore ke dire aletare teng ya Modimo o o nkutlwileng ka letsatsi la tlalelo ya me, wa ba wa nna le nna mo tseleng e ke tsamaileng ka yona.”
4
Ke fa ba neela Jakobe medimo e sele yotlhe e e mo diatleng tsa bone le manyena a a mo ditsebeng tsa bone. Jaanong Jakobe a di epela fa tlase ga mooka o o neng o le kwa Šegeme.
5
Ba huduga jalo, mme therego e e tswang mo Modimong ya wela ba metse e e mo tikologong ya bone, mo ba palelwang ke go latelela bomorwa Jakobe.
6
Jakobe a fitlha kwa Luse yo o mo lefatsheng la Kanana, e bong Bethele, ene le batho botlhe ba ba nang nae;
7
a aga aletare, a bitsa felo foo Modimo wa Bethele; gonne Modimo o ne wa mo itshenolela teng, fa a tshaba mogolowe.
8
Foo ga swa Debora mmelegi wa ga Rebeka, a fitlhwa ka fa ntle ga Bethele ntlheng ya tlase, fa tlase ga mooka; wa ba wa bidiwa setlhare sa selelo.
9
E rile Jakobe a tswa go boa kwa Phatane-Arame, Modimo wa iponatsa gape mo go ene, wa mo tshegofatsa.
10
Modimo wa mo raya wa re: “Leina la gago ke Jakobe, mme ga o ne o tlhola o bidiwa Jakobe, mme leina la gago e tla nna Iseraele.” Wa mo taya leina la Iseraele jalo.
11
Modimo wa ba wa mo raya wa re: “Ke nna Modimo Mothatayotlhe. “Ata o ntsifale! Go tla tswa setšhaba le bontsi jwa ditšhaba mo go wena. Le dikgosi di tla tswa mo go wena.
12
Le lefatshe le ke le neileng Aborahame le Isaka ke tla le go naya. Lefatshe leo ke tla le naya losika lwa gago sehularong sa gago.”
13
Ya baa gona Modimo o tlhatlogang wa mo tlogela felong fa o neng o bua nae teng.
14
Ke fa Jakobe a tlhoma lentswe la segopotso mo felong fa o neng o bua nae teng, e le letlapa la segopotso; a tshela tshupelo ya noo mo go lone, a ba a tshela lookwane mo go lone.
15
Felo fa Modimo o neng o bua nae teng Jakobe a go bitsa Bethele.
16
Morago ga moo a huduga kwa Bethele, mme ya re ba sena go atamela Eferatha, Ragele a belega, a bona pelego e e bokete.
17
Ya re a tlalelwa ke pelego ya gagwe, mmelegisi a mo raya a re: “Se boife, gonne o na le ngwana wa mosimane gape.”
18
Jaanong ya re mowa wa gagwe o tswa, ka a ne a swa, a mo taya leina la Benoni, mme rraagwe a mmitsa Benyamene.
19
Ragele a swa jalo, a fitlhwa fa thoko ga tsela e e yang kwa Eferatha mo e leng Betleheme.
20
Mme Jakobe a tlhoma lentswe la segopotso mo phupung ya gagwe. Ke lone lentswe la segopotso la phupu ya ga Ragele le le sa leng gona le kajeno.
21
Iseraele a ba a hudugela pele, a tlhoma tente ya gagwe kwa pele ga Migetale-Etere.
22
E rile Iseraele a ntse a agile mo lefatsheng leo, Rubene a ya a robala le Bileha mogadingwana wa ga rraagwe. Iseraele a utlwa jalo, a galefa. Bomorwa Jakobe ba bo ba le some le metso e mebedi.
23
Bomorwa Lea e ne e le Rubene, morwa Jakobe wa ntlha, le Simeone le Lefi le Juta le Isašare le Sebulone.
24
Bomorwa Ragele e ne e le Josefa le Benyamene.
25
Bomorwa Bileha, lelata la ga Ragele, e ne e le Dane le Nafetale.
26
Bomorwa Silepa, lelata la ga Lea, e ne e le Gate le Asere. Ke bone bomorwa Jakobe ba o ba tsetseng, a le kwa Phatane-Arame.
27
Jakobe a ba a fitlha kwa go Isaka rraagwe kwa Mamere motseng wa ga Areba o e leng Heberone, kwa Aborahame le Isaka ba kileng ba falalela teng.
28
Sebaka sa bophelo jwa ga Isaka ke dinyaga di le 180.
29
Ya baa gona Isaka a tlhokafalang, a swa a bilediwa kwa go borraagwe, a tsofetse, a jele lefatshe; mme bomorwawe Esau le Jakobe ba mo fitlha.
← Chapter 34
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 36 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50