bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Genesis 38
Genesis 38
Tswana Setswana 1970
← Chapter 37
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 39 →
1
E rile ka sebaka seo Juta a huduga, a tlogela bomorwa-rraagwe, a nna fa monneng mongwe wa Adulame yo leina le gagwe e leng Hira.
2
Juta a bona teng morwadia monna wa Mokanana yo leina la gagwe e leng Sua. A mo nyala, a nna nae.
3
Ke fa a ithwala a belega ngwana wa mosimane, a mo taya leina la Ere.
4
A ba a nna moimana gape, a belega mosimane, a mmitsa Onane.
5
A boela a tshola ngwana wa mosimane gape, a mo taya leina la Sela, mme ya re a mmelega, Juta a bo a le kwa Kesibe.
6
Juta a batlela Ere, morwawe wa ntlha, mosadi yo leina la gagwe e leng Thamare.
7
Mme Ere, morwa Juta yo mogolo, o ne a le bosula mo matlhong a Morena. Ka moo Morena a mo tlogela, a swa.
8
Ke fa Juta a raya Onane a re: “Tsena kwa mosading wa ga mogoloo, o mo nyale ka fa tshwanelong ya monnaa-motho, o tsalele mogoloo.”
9
Onane o ne a itse gore bana ga e ne e nna ba gagwe; ka moo e ne e a tle e re fa a kopana le mosadi wa ga mogolowe, a tshololele fa fatshe gore a se ka a tsalela mogolowe.
10
Mme tse o neng a di dira tsa se ka tsa kgatlha Morena, le ene a mo tlogela, a swa.
11
Ke fa Juta a raya Thamare, ngwetsi wa gagwe, a re: “Boela kwa ga eno, o nne motlholagadi go fitlhelela Sela morwaake a gole.” O ne a akanya gore e se re gongwe le ene a swa jaaka bomogolowe. Thamare a ya go nna kwa ga gabo.
12
Jaanong ya re malatsi a mantsi a sena go feta, Juta a swelwa ke mosadi, e bong morwadia Sua. Ya re Juta a sena go fetsa boswagadi, a ya go tlhola babeodi ba dinku tsa gagwe kwa Thimena, ene le tsala ya gagwe Hira wa Adulame.
13
Mme Thamare a bolelelwa ga twe: “Bona, ratswalaago o ya kwa Thimena go beola dinku tsa gagwe.”
14
Ke fa Thamare a apola diaparo tsa gagwe tsa botlholagadi, a ipipa ka lesire, a ikhurumetsa jalo, a ya a nna fa kgorong ya Enaime yo o fa tseleng e e yang kwa Thimena. A dira jalo, gonne a bona Sela a godile, mme Thamare a sa mo neelwe go nna mosadi wa gagwe.
15
Ya re Juta a mmona, a re ke seaka, ka a ne a ipipile sefatlhego.
16
A fapogela kwa go ene fa tseleng a re: “A re ye, ke tle kwa go wena.” A re jalo a sa itse, fa e le ngwetsi wa gagwe. Mme ene a re: “O tla mpha eng, fa ke go dumelelela?”
17
Juta a re: “Ke tla go romela phokwana e e tswang letsomaneng.” Thamare a re: “Ee, fa o ka nneela peeletso go fitlhelela o e romela.”
18
Juta a re: “O batla peeletso ya eng, e nka e go neelang?” A re: “Ke batla palamonwana ya gago mmogo le mogala wa yona le thobane ya gago e e mo seatleng sa gago.” A di mo neela, a ba a kopana nae, mme Thamare a ithwala ka ene.
19
Thamare a tsoga a tsamaya, a feta a apola lesire la gagwe, a apara diaparo tsa gagwe tsa botlholagadi.
20
Juta a mo romela phokwana ka tsala ya gagwe ya kwa Adulame gore e amogele dipeeletso mo seatleng sa mosadi yole, mme ya se ka ya mo fitlhela.
21
Ke fa e botsa batho ba motse oo ya re: “Seaka sele se kae se se neng se le mo Enaime fa tseleng?” Ba araba ba re: “Ga go na seaka mono.”
22
Ya boela kwa go Juta ya re: “Ga ke a se bona; le gona batho ba felo foo ba re: Ga go na seaka teng.”
23
Juta a re: “A a nne ka tsona, e se re gongwe ra sotlega. Kana ke mo rometse phokwana e, mme ga o a ka wa mo fitlhela.”
24
Jaanong ya re go sena go feta dikgwedi di ka ne di le tharo, Juta a bolelelwa ga twe: “Thamare, ngwetsi wa gago, o dirile boaka, e bile o moimana ka boaka.” Ke fa Juta a re: “Mo ntshetseng kwa ntle, a ye go fisiwa.”
25
Ya re a sena go ntshediwa kwa ntle, a roma kwa go ratswalaagwe a re: “Ke moimana ka monna wa dilo tse.” A ba a re: “A ko o sekaseke gore palamonwana e le mogala o le thobane e ke tsa ga mang?”
26
Ya re Juta a di bona, a re: “O siame bogolo go nna. Ke ka gore ga ke a mo neela Sela morwaake.” Mme a se ka a tlhola a kopana nae.
27
Jaanong ya re ka sebaka sa go belega ga gagwe, ga lemogwa, fa a ithwele mafatlha.
28
Ya re a belega, mongwe a ntsha letsogo, mme mmelegisi a le tshwara, a bofelela tlhale e khibidu mo letsogong la gagwe a re: “Ke ene yo o duleng pele.”
29
Mme ya re a sena go busa letsogo, ga tsalwa yo mongwe pele, ke fa mmelegisi a re: “O sutlhile jang, wa itirela phatlha?” Ka moo a mmitsa Pherese.
30
Morago ga moo ga tswa monnawe yo o nang le tlhale e khibidu mo letsogong. Ene a bidiwa Sera.
← Chapter 37
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 39 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50