bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Genesis 9
Genesis 9
Tswana Setswana 1970
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 10 →
1
Jaanong Modimo wa tshegofatsa Noa le bomorwawe, wa ba raya wa re: “Atang lo ntsifale lo tlale ka lefatshe!
2
A diphedi tsotlhe tsa lefatshe le dinonyane tsotlhe tsa legodimo di lo boife, di lo tshabe; di neetswe mo diatleng tsa lona mmogo le tsotlhe tse di gagabang fa fatshe le ditlhapi tsotlhe tsa lewatle.
3
Tsotlhe tse di phelang e tla nna dijo tsa lona; ke di lo file tsotlhe fela jaaka ditlhogi tse ditala.
4
Fela lo se ka lwa ja nama e e nang le bophelo jwa yona, e bong madi a yona.
5
Mme madi a lona a e leng maphelo a lona ke tla a busolosetsa; ke tla a busolosetsa mo sebateng sengwe le sengwe le mo seatleng sa motho. Ke tla busolosetsa bophelo jwa motho mo seatleng sa motho-ka-ene.
6
Yo o tshololang madi a motho, le ene madi a gagwe a tla tshololwa ke batho; gonne Modimo o dirile motho ka fa setshwanong sa ona.
7
“Mme lona, atang lo ntsifale; farafarang mo lefatsheng, lo tlale mo go lone!”
8
Modimo wa raya Noa le bomorwawe wa re:
9
“Bonang, ke tlhomamisa kgolagano ya me le lona le losika lwa lona morago ga lona;
10
ke e tlhomamisetsa le dilo tsotlhe tse di phelang tse di nang le lona; e bong dinonyane le diruiwa le diphologolo tsotlhe tsa lefatshe tse di nang le lona; le tsotlhe tse di duleng mo mokorong, e leng diphedi tsotlhe tsa lefatshe.
11
Ke tlhomamisa kgolagano ya me le lona ka re: Ga go kitla go tlhola go nyelediwa nama epe ka metsi a morwalela; morwalela wa metsi ga o kitla o tlhola o nna teng gape go senya lefatshe.”
12
Modimo wa ba wa re: “Sesupo sa kgolagano e e sa khutleng e ke e dirang fa gare ga me le lona le dilo tsotlhe tse di phelang tse di nang le lona ke se:
13
Motshewabadimo wa me ke o beile mo marung gore e nne sesupo sa kgolagano fa gare ga me le lefatshe.
14
Jaanong e tla ne e re fa ke kgobokanya maru kwa godimo ga lefatshe, motshewabadimo o bonale mo marung.
15
Foo ke tla gopola kgolagano ya me e e leng teng fa gare ga me le lona le diphedi tsotlhe. Metsi ga a kitla a tlhola a nna morwalela o o senyang nama yotlhe.
16
Jaanong e tla ne e re fa motshewabadimo o le mo marung, ke o lebe go ikgakolola kgolagano e e sa khutleng e e fa gare ga Modimo le mewa yotlhe e e phelang mo nameng yotlhe e e mo lefatsheng.”
17
Modimo wa raya Noa wa re: “Ke sona sesupo sa kgolagano e ke e tlhomamisitseng fa gare ga me le nama yotlhe e e mo lefatsheng.”
18
Bomorwa Noa ba ba duleng mo mokorong ke Seme le Hame le Jafethe; mme Hame ke rraagwe Kanana.
19
Ba bararo ba ke bona bomorwa Noa; batho botlhe ba ba mo lefatsheng ba tswa mo go bone.
20
Jaanong Noa a simolola go nna molemi wa masimo; a dira tshimo ya moweine.
21
Mme ya re a sena go nwa weine, a tlhapelwa, a robala mo tenteng ya gagwe a sa ikatega.
22
Ke fa Hame rraagwe Kanana a bona bosaikatega jwa ga rraagwe, a ya a bolelela bomorwa-rraagwe ba babedi ka fa ntle.
23
Mme Seme le Jafethe ba tsaya kobo, ba e baya mo magetleng a bone babedi, ba kata ka sa morago, ba bipa bosaikatega jwa ga rraabo, ba ntse ba fapositse difatlhego tsa bone gore ba se bone bosaikatega jwa ga rraabo.
24
Mme ya re Noa a sena go tlhaphogelwa, a thanya, a utlwela se morwawe yo mmotlana a se mo diretseng,
25
a bua a re: “A go hutsiwe Kanana; a a nne motlhanka wa batlhanka mo go bomorwa-rraagwe!”
26
A ba a re: “A go bakwe Morena Modimo wa ga Seme, mme Kanana e nne motlhanka wa gagwe!
27
A Modimo o bulele Jafethe mafatshe, a a nne mo ditenteng tsa ga Seme, mme Kanana e nne motlhanka wa gagwe!”
28
Noa o phedile dinyaga di le 350 morago ga morwalela wa metsi.
29
Malatsi otlhe a ga Noa ya nna dinyaga di le 950; ke fa a swa.
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 10 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50