bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Genesis 42
Genesis 42
Tswana Setswana 1970
← Chapter 41
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 43 →
1
E rile Jakobe a utlwela gore mabele a teng kwa Egepeto, a raya bomorwawe a re: “Lo lebanelang?”
2
A ba a re: “Bonang, ke utlwetse mabele kwa Egepeto. Yaang lo ye go re rekela mabele teng gore re se ka ra swa ka tlala.”
3
Ke fa bomogoloa Josefa ba le some ba ya kwa Egepeto go reka mabele teng.
4
Mme Benyamene, monnaa Josefa, Jakobe a se ka a mo roma le bomogolowe; gonne a tshaba gore e ka re gongwe kotsi ya mo wela mo tseleng.
5
Bomorwa Iseraele ba fitlha jalo go reka mabele ba na le ba bangwe ba ba ileng teng; gonne go ne go le leuba mo lefatsheng la Kanana.
6
Mme Josefa e ne e le molaodi mo lefatsheng, e le ene yo o rekisang mabele mo bathong botlhe ba lefatshe. Jaanong ya re bomogolowe ba fitlha, ba inamela fa fatshe fa pele ga gagwe.
7
Mme ya re Josefa a bona bomogolowe, a ba itse, a ba itobela, a bua nabo ka bogale, a ba botsa a re: “Lo tswa kae?” Ba re: “Re tswa kwa lefatsheng la Kanana, re tsile go reka dijo.”
8
Josefa ene a itse bomogolowe, mme bone ba se ka ba mo itse.
9
Ke fa Josefa a gakologelwa ditoro tse a kileng a di lora ka ga bone a ba raya a re: “Lo batlhodi, lo tlile go bona fa lefatshe le sa femelwang teng.”
10
Ba mo fetola ba re: “Nnyaya, morena! Batlhanka ba gago ba tlile go reka dijo.
11
Rona rotlhe re bomorwa monna a le mongwe. Re batho ba nnete. Batlhanka ba gago ga se batlhodi.”
12
Mme a ba fetola a re: “Nnyaya! Lo a aka, lo tlile go bona fa lefatshe le sa femelwang teng.”
13
Bone ba re: “Batlhanka ba gago ke ba le 12, re bomorwa motho, bomorwa motho a le mongwe wa kwa lefatsheng la Kanana. Yo mmotlana o setse le rraetsho, yo mongwe ga a tlhole a le teng.”
14
Josefa a ba raya a re: “Go ntse jaaka ke lo boleletse ka re: ‘Lo batlhodi!’
15
Se ke tla itseng nnete ya lona ka sona ke se: Ke ikana ka Farao! Ga lo ka ke lwa tloga mono, monnaa-lona a ise a tle kwano pele.
16
Romang mongwe wa lona, a ye go tsaya monnaa-lona, mme lona lo sale lo golegilwe, ke tle ke bone gore a lo ne lo bua nnete. Mme fa go se jalo – ruri ka Farao – lo batlhodi!”
17
Ke fa a ba tsenya mmogo mo kgolegong malatsi a le mararo.
18
Mme ka letsatsi la boraro Josefa a ba raya a re: “Dirang jaana, foo lo tla phela – gonne ke boifa Modimo.
19
Fa lo le batho ba nnete, a mongwe wa lona a sale a golegilwe mo ntlong ya kgolegelo e lo leng mo go yona, mme lona lo tsamae lo isetse tlala ya malapa a lona mabele.
20
Fela lo tlise monnaa-lona kwano go nna. Foo mafoko a lona a tla itshupa, fa e le a nnete gore lo se ka lwa swa.” Mme ba utlwisisa.
21
Ke fa ba rerisanya ba re: “Re iteelwa molato o re leofetseng monnaa-rona ka ona. Gonne re ne ra bona tlalelo ya pelo ya gagwe, fa a re rapela, mme ra se ka ra mo utlwa. Ke ka moo re dirafaletsweng ke tlalelo e.”
22
Rubene a ba fetola a re: “A ga ke a ka ka lo bolelela ka re: ‘Se leofeleng ngwana,’ mme lwa gana go utlwa. Jaanong go batlwa madi a gagwe mo go rona.”
23
Mme ba bo ba sa itse, fa Josefa a ba utlwa; gonne o ne a bua nabo ka mofetolapuo.
24
Ke fa Josefa a ba hularela a ba tlogela, a lela; a ba a boela kwa go bone, a bua nabo, a tshwara Simeone, a mo ntsha mo go bone, a mo golega fa pele ga bone.
25
Jaanong Josefa a laela gore dikgetse tsa bone di tladiwe mabele, mme mongwe le mongwe a tsenyediwe madi a gagwe mo kgetseng ya gagwe, mme ba fiwe mfago. Ba direlwa jalo.
26
Jaanong ba tsaya mabele a bone, ba a belesa mo dieseleng tsa bone, ba tsamaya.
27
Mme ya re yo mongwe wa bone a bofolola kgetse ya gagwe go fa esele ya gagwe dijo ba le fa ba tla lalang teng, a fitlhela madi a gagwe a le mo molomong wa kgetse ya gagwe.
28
A raya bomorwa-rraagwe a re: “Ba mpuseditse madi a me ke a, a mo kgetseng ya me.” Ke fa ba kgobega marapo, ba lebana, ba tshogile ba re: “Ke eng se Modimo o se re diretseng?”
29
Jaanong ya re ba sena go goroga kwa gae kwa Kanana, ba bolelela Jakobe rraabo tsotlhe tse di ba dirafaletseng ba re:
30
“Monna yo e leng molaodi wa lefatshe lele o buile ka bogale le rona, a re golega a re, gongwe re tsile go tlhola lefatshe lele.
31
Ra mo raya ra re: ‘Re batho ba nnete. Ga re batlhodi.
32
Re basimane ba le 12 fa lapeng, bana ba motho. Yo mongwe ga a tlhole a le teng. Yo mmotlana o setse le rraetsho kwa Kanana.’
33
Ke fa monna yo e leng molaodi wa lefatshe lele a re raya a re: ‘Tlogelang mongwe wa lona fa go nna, lo tsamae, lo isetse tlala ya malapa a lona mabele; ke gona ke tla dumelang gore lo batho ba nnete.
34
Lo bo lo boe lo tlise monnaa-lona kwano go nna. Foo ke tla dumela, fa lo se batlhodi, lo le batho ba nnete; mme ke tla lo busetsa morwa-rraeno gore lo tsamae mo lefatsheng le ka kgololesego.’ ”
35
Jaanong ya re ba ntsha mabele mo dikgetseng, mongwe le mongwe a fitlhela sekgwama sa gagwe se na le madi a gagwe se le mo kgetseng. Ya re ba bona dikgwama tsa bone, ba boifa, bone le rraabo.
36
Ke fa Jakobe rraabo a ba raya a re: “Lo nthukhutha bana. Josefa ga a tlhole a le teng. Simeone ga a tlhole a le teng. Jaanong lo rata go tsaya le Benyamene. Tsotlhe tseo di nkwela godimo.”
37
Rubene a fetola rraagwe a re: “Mo nneele, ke tla boa nae; fa ke sa boe nae, o bolae bomorwaake ba babedi.”
38
Mme a fetola a re: “Ga ke dumele gore morwaake a tsamae le lona. Gonne mogolowe o sule, go setse ene fela. Fa a ka welwa ke kotsi mo tseleng, lo ka folosetsa moriri o mobududu wa me kwa felong ga baswi ka botlhoko.”
← Chapter 41
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 43 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50