bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Genesis 23
Genesis 23
Tswana Setswana 1970
← Chapter 22
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 24 →
1
Sara o phedile dinyaga di le 127,
2
mme a swela kwa Khiriathe-Areba, ke go re kwa Heberone mo lefatsheng la Kanana. Ke fa Aborahame a tsena go hutsafalela Sara le go mo lelela.
3
A ba a nanoga, a tlogela moswi wa gagwe, a bua le Bahethe a re:
4
“Ke moeng le mofaladi fela mo go lona. Mpheng felo ga phitlho mo go lona, e nne ga me gore ke tsee moswi wa me, ke ye go mo fitlha.”
5
Bahethe ba fetola Aborahame, ba mo raya ba re:
6
“Re utlwe, morena! O kgosana ya Modimo mo gare ga rona. Fitlha moswi wa gago mo lebitleng le le phalang mabitla a mangwe a rona. Ga go na ope mo go rona yo o tla go ganelang ka lebitla la gagwe, fa o rata go fitlha moswi wa gago.”
7
Ke fa Aborahame a nanoga, a ikoba fa pele ga beng ba naga eo, e bong Bahethe,
8
a bua nabo a re: “Fa lo ntumelela go tlosa moswi wa me fa go nna, le go mo fitlha, nkutlweng, lo nthapelele Eferone, morwa Sohare
9
gore a mphe logaga lwa gagwe lwa Makapela lo lo kwa bofelong jwa naga ya gagwe, a lo nnee fa pele ga lona ka tlhwatlhwa e e tshwanetseng, e nne felo ga me ga phitlho.”
10
Mme Eferone o ne a ntse mo gare ga Bahethe. Ene Eferone wa Mohethe a fetola Aborahame mo ditsebeng tsa Bahethe botlhe ba ba tsenyeng mo lekgotleng la motse wa gagwe a re:
11
“Nnyaya, morena, nkutlwe! Naga eo ke a e go naya, le logaga lo lo mo go yona ke a lo go naya; ke lo go naya fa pele ga banna ba morafe wa ga etsho. Fitlha moswi wa gago.”
12
Ke fa Aborahame a ikoba fa pele ga beng ba naga eo;
13
a ba a raya Eferone mo ditsebeng tsa beng ba naga eo a re: “Ee, fa wena o rata ke e reka, ka thapelo nkutlwe, ke lefele naga eo ka selefera, e amogele mo go nna. Foo ke tla fitlha moswi wa me teng.”
14
Eferone a fetola Aborahame, a mo raya a re:
15
“Morena, nkutlwe, naga ya dišekele di le 400 tsa selefera ke eng fa gare ga me le wena? Fitlha moswi wa gago fela.”
16
Aborahame a utlwana le Eferone. Aborahame a lekanyetsa Eferone selefera e a e boletseng mo ditsebeng tsa Bahethe, e bong dišekele di le 400 tsa selefera, tse e neng e le madi a sebaka sele.
17
Ga tlhomamisiwa jalo gore naga ya ga Eferone e e kwa Makapela e e lebaganyeng le Mamere, naga eo le logaga lo lo mo go yona le ditlhare tsotlhe tse di mo nageng eo, ka fa molelwane o supang ka teng,
18
ke ya ga Aborahame; o e rekile mo matlhong a Bahethe botlhe ba ba neng ba le mo lekgotleng la ga gabo ka letsatsi leo.
19
Morago ga moo Aborahame a fitlha Sara, mosadi wa gagwe, mo logageng lwa naga eo ya Makapela e e ntlheng ya botlhabatsatsi ya Mamere, yo e leng Heberone mo lefatsheng la Kanana.
20
Naga eo le logaga lo lo mo go yona ya tswa jalo mo go Bahethe ya nna felo ga mabitla oora Aborahame.
← Chapter 22
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 24 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50