bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Genesis 39
Genesis 39
Tswana Setswana 1970
← Chapter 38
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 40 →
1
E rile Josefa a sena go isiwa kwa Egepeto, Photifare, modiredi wa ga Farao, tlhogo ya bafemedi ba kgosi, monna wa Moegepeto a mo reka mo Baisemaeleng ba ba mo isitseng teng.
2
Mme Morena o ne a na le Josefa, a nna monna yo o tlhogonolo, a nna mo ntlong ya morena wa gagwe wa Moegepeto.
3
Jaanong ya re morena wa gagwe a bona, fa Morena a na nae, le gona tsotlhe tse a di dirang Morena a di tsweletsa pele sentle,
4
Josefa a bona bopelotlhomogi mo go mongwagwe, a mo direla; mme Photifare a mo dira mookamedi wa lelapa la gagwe, a neela tsotlhe tse a nang natso mo taolong ya gagwe.
5
Go tloga sebakeng seo a mo dirileng mookamedi wa lelapa la gagwe le wa tsotlhe tse a nang natso ka sona, Morena a tshegofatsa lelapa la Moegepeto ka ntlha ya ga Josefa. Tshegofatso ya Morena e ne e le mo go tsotlhe tse a nang natso mo ntlong le kwa masimo.
6
A tlogela tsotlhe tse a di tshotseng mo taolong ya ga Josefa, a sa tshwenyege ka sepe, fa a ntse a na nae, a lebile dijo tse a di jang fela. Josefa o ne a le montle ka seemo le ka sefatlhego.
7
Jaanong ya re morago ga dilo tseo, mosadi wa morena wa gagwe a eletsa Josefa ka matlho, a mo raya a re: “Robala le nna!”
8
Mme a gana, a raya mosadi wa morena wa gagwe a re: “Bona, mongwake ga a tshwenyege ka sepe sa tse di mo ntlong, o ikantse nna; tsotlhe tse o nang natso o di neetse mo tisong ya me.
9
Ga a ikae mogolo mo ntlong e bogolo go nna. Le gone ga a nkiletse sepe fa e se wena fela ka go re o mosadi wa gagwe. Kana nka dira jang bosula jo bogolo joo, ka leofela Modimo?”
10
Le fa a ntse a raela Josefa jalo ka malatsi otlhe, ene a gana go robala nae le go nna nae.
11
Jaanong ya re letsatsi le lengwe a tsena mo ntlong go dira tiro ya gagwe, go se na ope wa batho ba lelapa leo mo ntlong,
12
mosadi a mo tshwara ka seaparo sa gagwe a re: “Robala le nna!” Mme Josefa a tlogela seaparo mo seatleng sa gagwe, a tshabela kwa ntle.
13
Mme ya re mosadi a bona, fa Josefa a tlogetse seaparo mo seatleng sa gagwe, a tshabetse kwa ntle,
14
a tlhabela batho ba lapa la gagwe mokgosi, a ba raya a re: “Bonang, Photifare o re tliseditse monna wa Mohebere gore a re sotle. O tlile kwa go nna a re, o robala le nna. Mme ka goa ka lentswe le legolo.
15
Mme ya re a utlwa ke tlhatlosa lentswe, ke goa, a tlogela seaparo sa gagwe fa go nna, a tshabela kwa ntle.”
16
Jaanong a baya seaparo sa gagwe fa thoko ga gagwe go fitlhelela mongwagwe a goroge,
17
a mmolelela mafoko ona ao a re: “Motlhanka yo wa Mohebere yo o mo tlisitseng fa go rona, o tlile kwa go nna go ntshotla.
18
Mme ya re ke tlhatlosa lentswe ke goa, a tlogela seaparo sa gagwe fa go nna, a tshabela kwa ntle.”
19
Jaanong ya re morena wa gagwe a utlwa mafoko a mosadi wa gagwe yo o neng a mo reile a re: “Motlhanka wa gago o ntiretse jaana le jaana,” a tuka bogale.
20
Mme morena wa ga Josefa a mo tshwara, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo felong fa bagolegwi ba kgosi ba golegelwang teng. Josefa a nna gona mo ntlong ya kgolegelo.
21
Mme Morena o ne a na le Josefa, a mo direla ka bopelotlhomogi, a dira gore a kgatlhe mookamedi wa ntlo ya kgolegelo.
22
Mme mookamedi wa ntlo ya kgolegelo a neela bagolegwi botlhe ba ba mo ntlong ya kgolegelo mo tisong ya ga Josefa. Tsotlhe tse di dirwang teng tsa dirwa ke ene.
23
Mookamedi wa ntlo ya kgolegelo o ne a sa tlhole a tlhokomela sepe se se mo tisong ya ga Josefa, ka Morena a na nae. Tse a neng a di dira Morena a di tsweletsa pele sentle.
← Chapter 38
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 40 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50