bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Genesis 32
Genesis 32
Tswana Setswana 1970
← Chapter 31
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 33 →
1
Le Jakobe a fetela pele mo tseleng ya gagwe, mme baengele ba Modimo ba kgatlhana nae.
2
Ya re Jakobe a ba bona a re: “Ke bothibelelo jwa Modimo.” A taya felo foo leina la Mahanaime.
3
Jaanong Jakobe a roma barongwi go mo etelela pele go ya kwa go Esau mogolowe, kwa lefatsheng la Seire nageng ya Etomo,
4
a ba laela a re: “Lo fete lo ree Esau morena wa me, lo re: ‘Jakobe motlhanka wa gago o bua jaana a re: Ke ne ke ile go jaka kwa go Labane, ka diega teng go fitlha nakong eno,
5
ka bapala dikgomo le diesele le letsomane le batlhanka le malata, mme ke romile go begela morena wa me le go bona bopelotlhomogi mo go ene.’ ”
6
Mme barongwi ba boela kwa go Jakobe ba re: “Re fitlhile kwa go Esau mogoloo; le gona o setse a le mo tseleng go go kgatlhantsha, o na le banna ba le 400.”
7
Ke fa Jakobe a boifa thata, a tlalelwa. A ba a kgaoganya batho ba ba nang nae le letsomane le motlhape le dikammele, ya nna mathibelelo a mabedi.
8
Gonne a re: “Fa Esau a tla kwa bothibelelong bongwe, a bo fenya, bothibelelo jo bo setseng bo ka falola.”
9
Jaanong Jakobe a rapela a re: “Modimo wa borre, e bong Aborahame le Isaka, wena Morena yo o ntheileng wa re: ‘Boela kwa lefatsheng la ga eno le kwa go ba ga eno, ke tla go direla molemo!’
10
Ga ke a tshwanelwa ke mautlwelo-botlhoko otlhe le boikanyo jotlhe tse o di diretseng motlhanka wa gago. Gonne ke ne ka tshela Joretane yo ke tshotse thobane ya me fela, mme jaanong ke na le meraka e mebedi.
11
A ko o nthuse, ke phologe mo seatleng sa ga nkgonne, e bong Esau, gonne ke a mmoifa; e se re gongwe a tla, a mpolaya le bana le bommaabo.
12
Kana wena o rile: ‘Ruri, ke tla go direla tse di molemo, ke atisa losika lwa gago jaaka motlhaba wa lewatle o o sa balweng ka ntlha ya bontsi.’ ”
13
Jaanong a lala teng bosigo jole. Mo go tse a di ruileng a ntshetsa Esau mogolowe mpho,
14
e bong dipodi di le 200 le diphoko di le 20 le dinku di le 200 le diphelehu di le 20
15
le dikammele tse di amusang di le 30 mmogo le bana ba tsona le dikgomo tse dinamagadi di le 40 le dipoo di le some le diesele tse dinamagadi di le 20 le dieselana di le some.
16
A di neela batlhanka ba gagwe, setlhopha sengwe le sengwe se le sosi. A laela batlhanka ba gagwe a re: “Nketeleleng pele, mme lo ntshe dipaka fa gare ga ditlhopha.”
17
A laela wa ntlha a re: “E re fa Esau, nkgonne, a kgatlhana nao, a go botsa a re: ‘O oora mang? O ya kae? Tse o di thibang tse ke tsa oora mang?’
18
o re: ‘Ke tsa ga Jakobe, motlhanka wa gago; ke mpho e o e romelang Esau, morena wa me. Bona, le ene ka esi o e tla kwa morago ga rona.’ ”
19
Le wa bobedi a mo laela jalo le wa boraro le botlhe ba ba setseng ditlhopha tsa diruiwa morago, a re: “Buang jalo le Esau, fa lo mmona.
20
Gape lo bo lo re: ‘Bona, le ene Jakobe, motlhanka wa gago, o re setse morago.’ ” Jakobe o ne a dira jalo, ka a re: “A ke time bogale jwa gagwe ka neo e ke e eteletsang pele. Morago ga moo ke tla mmona; ka gongwe o tla nkamogela sentle.”
21
Neo ya mo etelela pele, ene a lala bosigo joo mo bothibelelong.
22
Mme a tsoga e sa le bosigo joo, a tsaya basadi ba gagwe ka bobedi le bagadingwana ba gagwe ka bobedi le bana ba gagwe ba le 11, a tshela Jaboke fa letsibogong.
23
A ba tsaya a ba tshedisa noka, a ba a tshedisa tse a nang natso.
24
Jakobe a sala a le esi. Ke fa monna mongwe a kampana nae ga tsamaya mahube a tswa.
25
Mme monna yole, ka a bona, a sa mo fenye, a mo itaya mo nokeng ya gagwe, mme Jakobe a kumoga mmasutswane, fa a ntse a sokasokana nae.
26
Mme monna yole a re: “Ntese ke tsamae, gonne mahube a dule.” Mme Jakobe a re: “Ga nka ke ka go lesa, o ise o ntshegofatse.”
27
Ke fa a mmotsa a re: “Leina la gago ke mang?” A re: “Ke Jakobe.”
28
A fetola a re: “Ga o nke o tlhola o bidiwa Jakobe, jaanong o tla bidiwa Iseraele; gonne o kampanye le Modimo le batho, mme o fentse.”
29
Jakobe a botsa a re: “A ko o mpolelele leina la gago.” Yoo a re: “O boletsang leina la me?” A ba a mo tshegofatsa teng koo.
30
Jakobe a taya felo foo leina a re: Pheniele. Gonne a re: “Ke bonye Modimo, re lebantse difatlhego, ke bile ka phologa.”
31
Ya re a sena go feta Pheniele, letsatsi la mo tlhabela, mme a bo a tlhotsa, ka a ne a bolawa ke noka.
32
Ke ka moo Baiseraele ba sa jeng mosifa wa noka o o mo mmasutswaneng go fitlhelela kajeno, ka a ne a iteile Jakobe mo mmasutswaneng mo mosifeng wa teng.
← Chapter 31
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 33 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50