bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Genesis 6
Genesis 6
Tswana Setswana 1970
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 7 →
1
E rile batho ba simolola go ata mo lefatsheng le go tsalelwa bomorwadi,
2
bomorwa Modimo ba bona bomorwadia batho, fa ba le bantle, ba tsaya basadi mo go bona botlhe ba ba ba ratang.
3
Ke fa Morena a re: “Mowa wa me ga o kitla o busa mo mothong ka bosakhutleng, gonne le ene ke nama. A malatsi a gagwe e nne dinyaga di le 120 fela.”
4
Mo malatsing ao ga bo go le mekaloba mo lefatsheng; le gona morago ga moo, fa bomorwa Modimo ba kopana le bomorwadia batho, ba ba tshodisa bana. Bona bao ke bagale ba bogologolo, ke banna bale ba ba tumileng.
5
Jaanong ya re Morena a bona bosula jwa batho bo le bogolo le maano otlhe a dikakanyo tsa dipelo tsa bone a le bosula fela ka metlha yotlhe,
6
ke fa Morena a ikwatlhaya, ka a dirile batho mo lefatsheng, a hutsafala mo pelong ya gagwe.
7
Jaanong Morena a re: “Ke tla nyeletsa batho ba ke ba tlhodileng, ke ba tlosa mo lefatsheng; bone batho le diruiwa le digagabi le dinonyane tsa legodimo; gonne ke ikwatlhaya, ka ke ba dirile.”
8
Mme Noa ene a bona bopelotlhomogi mo matlhong a Morena.
9
Tsa bophelo jwa ga Noa ke tse: Noa e ne e le monna yo o siameng, a se na molato mo bathong ba metlha ya gagwe; Noa o ne a sepela le Modimo.
10
A tsala bomorwa ba le bararo, e bong Seme le Hame le Jafethe.
11
Lefatshe la bo le senyegile fa pele ga Modimo; lefatshe le tletse boithatelo jo bo setlhogo.
12
Ke fa Modimo o leba lefatshe, o fitlhela le senyegile; gonne batho botlhe ba ne ba sentse setho sa bone mo lefatsheng.
13
Mme Modimo wa raya Noa wa re: “Bofelo jwa batho botlhe bo tlile fa pele ga me. Gonne lefatshe le tletse tshiamololo e ba e dirang. Ka moo ke tla ba senya, ke ba tlosa mo lefatsheng.
14
Itirele mokoro o mogolo ka dikgong tsa paina, o dire matlwana mo mokorong oo, o o thibe ka boka ka fa teng le ka fa ntle.
15
O o dire jaana: Boleele jwa mokoro oo e nne mabogo a le 300; boatlhamo jwa ona e nne mabogo a le 50; bogodimo jwa ona e nne mabogo a le 30.
16
O direle mokoro oo fenstere ya boleele jwa letsogo kwa godimo mo tikologong. “Setswalo sa mokoro oo o se tsenye mo lotlhakoreng lwa ona. O dire matlwana a a kwa tlase le a a fa gare le a a kwa godimo mo go ona.
17
Gonne ke tla tlisa morwalela wa metsi mo lefatsheng, e le go senya nama yotlhe e mowa wa bophelo o leng mo go yona fa tlase ga letsatsi; tsotlhe tse di mo lefatsheng di tla swa.
18
Mme wena ke tla dira kgolagano nao e e tlhomameng; o tla tsena mo mokorong oo, wena le bomorwao le mosadi wa gago le basadi ba bomorwao, ba na nao.
19
Le gona o tsenye bobedi le bobedi jwa dilo tsotlhe tse di phelang tsa nama yotlhe tsa mofuta mongwe le mongwe mo mokorong oo, e le go di phedisa nao. A e nne e tonanyana le e namagadi.
20
A di le pedi tsa mefuta yotlhe ya dinonyane le tsa mefuta yotlhe ya diruiwa le tsa mefuta yotlhe ya digagabi tse di mo lefatsheng di tsene le wena go bolokelwa bophelo.
21
O be o itseele dijo tsa mefutafuta tse di jewang, o di phuthele kwa go wena gore e nne dijo tsa gago le tsa tsona.”
22
Noa a dira tsotlhe ka fa Modimo o mo laetseng ka teng.
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50