bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Genesis 20
Genesis 20
Tswana Setswana 1970
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 21 →
1
Aborahame a huduga teng, a ya kwa lefatsheng la borwa, a nna fa gare ga Kateše le Sure, a ya go fudisa kwa Gerara.
2
Aborahame o ne a bolela ka ga Sara, mosadi wa gagwe, a re: “Ke kgaitsadie.” Ke fa Abimelege, kgosi ya Gerara, a roma, a tsaya Sara.
3
Mme Modimo wa tla kwa go Abimelege ka toro bosigo, wa mo raya wa re: “Bona, o tshwanetse go swa ka ntlha ya mosadi yo ò mo tsereng; gonne ke mosadi yo o nyetsweng ke monna.”
4
Mme Abimelege o ne a ise a mo atamele; ka moo a botsa a re: “Morena, a o tla bolaya le setšhaba se se siameng?
5
A ga ke re, Aborahame o ntheile a re: ‘Ke kgaitsadie.’ Le Sara a re: ‘Aborahame ke kgaitsadie.’ Ke dirile jalo ka pelo e e se nang molato le ka diatla tse di phepa.”
6
Modimo wa mo araba mo torong wa re: “Le nna ke itse, fa o dirile jalo ka bosenamolato jwa pelo ya gago. Nna ka nosi ke go thibetse gore o se ka wa nteofela; ke ka moo ke sa go leseletsang go mo ama.
7
Jaanong busetsa monna mosadi wa gagwe, gonne ene ke moporofeti. O tla go rapelela gore o phele. Mme fa o sa mo rebole, itse gore o tla swa tota, wena le ba ga eno botlhe.”
8
Abimelege a phakela mo mosong, a bitsa batlhanka botlhe ba gagwe, a bolela tsotlhe tse mo ditsebeng tsa bone; ke fa banna bao ba boifa thata.
9
Abimelege a ba a bitsa Aborahame, a mmotsa a re: “Kana o re diretseng? Ke go leofetse ka eng, fa o ntliseditse le bogosi jwa me boleo jo bogolo. O ntiretse tse di sa tshwanelang go dirwa.”
10
Abimelege a ba a botsa Aborahame a re: “O ne o ikaeletse eng, fa o dira jalo?”
11
Aborahame a araba a re: “Ke ne ke re: Ga go na poifo-Modimo mo felong fano; ba tla mpolaya ka ntlha ya mosadi wa me.
12
Le gona ke kgaitsadiake tota, ke morwadia rre, fela e seng morwadia mme; a ba a nna mosadi wa me.
13
Jaanong e rile Modimo o nkhudusa mo ntlong ya ga rre, o nkgarakgatsha, ka mo raya ka re: ‘Lorato lwa gago lo o tla ntirelang ka lone mo felong gongwe le gongwe kwa re tla fitlhang teng ke lo: O bolele ka ga me o re: O kgaitsadiake.’ ”
14
Ke fa Abimelege a tsaya dinku le dikgomo le batlhanka le malata, a di naya Aborahame; a ba a mmusetsa Sara, mosadi wa gagwe.
15
Abimelege a ba a re: “Bona, lefatshe la me le go atlanegetse, aga fela fa o ratang teng.”
16
A ba a raya Sara a re: “Bona, ke neile kgaitsadio diselefera di le 1 000. Bona, tsona di go busetsa tlotlo ya gago fa pele ga botlhe ba ba nang nao; o siamisitswe jalo fa pele ga botlhe.”
17
Jaanong ya re Aborahame a rapela Modimo jalo, Modimo wa fodisa Abimelege le mosadi wa gagwe le malata a gagwe, mo ba bileng ba belega gape.
18
Gonne Morena o ne a tswetse dipopelo tsa lelapa la ga Abimelege ka ntlha ya ga Sara, mosadi wa ga Aborahame.
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 21 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50