bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Numbers 12
Numbers 12
Tswana Setswana 1970
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 13 →
1
Letsatsi le lengwe Miriame le Arone ba ne ba nyefola Moše ka ntlha ya mosadi wa Mokhuše yo a neng a mo tsere; gonne o ne a nyetse mosadi wa Mokhuše.
2
Ba ne ba re: “A Morena o buile ka Moše a le esi fela? A ga a a bua le ka rona?” athe Morena o a ba utlwa.
3
Monna yoo, Moše, o ne a le pelonolo thata bogolo go batho botlhe ba ba mo lefatsheng.
4
Mme Morena a akofa a bua le Moše le Arone le Miriame a re: “Tswelang kwa Tenteng ya Boipontsho ka boraro jwa lona. Ba tswa ka boraro jwa bone.”
5
Ke fa Morena a fologa a le mo pinagareng ya leru, a ema fa mojakong wa Tente, a bitsa Arone le Miriame, mme ba tswa boo bedi.
6
Morena a re: “Utlwang tlhe mafoko a me! Fa mongwe mo go lona e le moporofeti wa Morena, ke tla mo ikitsise ka pono, ke bua nae ka toro.
7
Mme ka ga Moše motlhanka wa me, ga go a nna jalo, ke yo o ikanyegang mo ntlong yotlhe ya me.
8
Ke bua nae re lebagantse difatlhego le ka pono, e seng ka dinyepo; o bona ponalo ya Morena. Ke go reng, fa lo sa boifa go nyefola Moše motlhanka wa me?”
9
Jaanong Morena a ba tukela bogale, a tsamaya.
10
Mme ya re leru le sena go tloga mo godimo ga Tente, Miriame a bo a sweufetse ka lepero jaaka semathana. Ya re Arone a retologela kwa go Miriame, a mmona a le lepero.
11
Ke fa Arone a raya Moše a re: “Tswetswe, mongwame, a ko o se ka wa re rwesa boleo, ka re dirile ka bosilo, ra leofa.
12
A Miriame a se nne jaaka moswi yo bontlhanngwe jwa nama ya gagwe bo jegileng, fa a tswa mo sebopelong sa ga mmaagwe.”
13
Moše a goela Moreneng a re: “Joo! Modimo, a ko o mo fodise!”
14
Ke fa Morena a raya Moše a re: “Fa rraagwe a ka bo a mo kgwetse mathe mo sefatlhegong, a o ka bo a se ka a tlhajwa ke ditlhong malatsi a supa? A a tswalelwe malatsi a supa kwa ntle ga bothibelelo, a be a tsholwe gape morago ga moo.”
15
Miriame a tswalelwa jalo malatsi a supa kwa ntle ga bothibelelo. Mme morafe wa se ka wa bolola ga tsamaya Miriame a ba a tsholwa.
16
Morago ga moo morafe wa tloga kwa Haserothe, wa thibelela mo sekakeng sa Pharane.
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 13 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36