bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Numbers 5
Numbers 5
Tswana Setswana 1970
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 6 →
1
Morena a ba a raya Moše a re:
2
“Laela Baiseraele gore ba ntshe balepero botlhe mo bothibelelong le botlhe ba ba tshologang madi a bolwetse le botlhe ba ba itshekologileng ka moswi.
3
Le fa e le banna gongwe basadi, lo ba ntshe; lo ba ntshetse kwa ntle ga bothibelelo gore ba se ka ba itshekolola bothibelelo jwa bone kwa ke agileng teng mo gare ga lona.”
4
Baiseraele ba dira jalo, ba ba ntshetsa kwa ntle ga bothibelelo. Baiseraele ba dira jaaka Morena a boleletse Moše.
5
Morena a ba a raya Moše a re:
6
“Bua le Baiseraele o re: ‘Fa monna gongwe mosadi a dirile sebe sengwe se se tleng se dirwe ke batho ka go leofela Morena ka boikanyologo, motho yoo o na le molato;
7
a ba ipobole dibe tsa bone tse ba di dirileng, mme yo o sentseng a lefe molato wa gagwe ka botlalo, a be a oketse karolo ya botlhano ya ona, a nee ene yo a mo senyeditseng.
8
Mme fa a se na wa ga gabo yo o ka lefiwang molato oo, gona a tefa eo e lefelwe Morena, e neelwe moperesiti, kwa ntle ga phelehu ya thuanyo e moperesiti o tla mmatlelang boitshwarelo ka yona.
9
Le seabe sengwe le sengwe sa dineo tsotlhe tse di boitshepo tsa Baiseraele tse ba di isetsang moperesiti a e nne sa gagwe.
10
Le dineo tse di boitshepo tsa mongwe le mongwe e tla nna tsa gagwe; se motho a se abelang moperesiti a e nne sa gagwe.’ ”
11
Morena a ba a raya Moše a re:
12
“Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘Fa mosadi wa monna mongwe a fapoga, a mo leofela ka boikanyologo,
13
mme monna yo mongwe a kopana nae ka mmele, mme go fitlhegela matlho a monna wa gagwe, mme mosadi a sa lemogiwe, le fa mosadi a iitshekolotse tota, mme go se na mosupi yo o ka mo supang, a sa tshwarwa,
14
jaanong fa monna a tsenwa ke mowa wa lefufa, a fufegela mosadi wa gagwe, ka mosadi a iitshekolotse, gongwe a tsenwa ke mowa wa pelaelo, a belaelela mosadi wa gagwe, le fa mosadi a sa iitshekolola:
15
Gona a monna a ise mosadi wa gagwe kwa go moperesiti, a be a ise neo ya tshupelo ya mosadi e e batlegang ka ntlha ya gagwe, e bong karolo ya lesome ya efa ya bupe jwa garase; a se ka a tshela lookwane mo go jona, le e seng go baya tsa maswalo mo go jona; gonne ke tshupelo ya dijo ya lefufa, ke tshupelo ya go gakolola e e gopotsang Modimo molato.
16
“ ‘Mme moperesiti a atametse mosadi, a mo emise fa pele ga Morena.
17
Moperesiti a be a ge metsi a a boitshepo ka sejana sa letsopa, a be a tabole lerole le le fa fatshe mo Taberenakeleng, a le tsenye mo metsing.
18
Jaanong moperesiti a emise mosadi fa pele ga Morena, a bofolele moriri wa tlhogo wa mosadi, a bee tshupelo ya kgopotso e e leng tshupelo ya lefufa mo diatleng tsa gagwe, moperesiti a ntse a tshotse metsi a a tlholelang motho botlhoko.
19
Moperesiti a be a ikanele mosadi, a mo ree a re: Fa monna yo mongwe a sa lala nao, o sa fapoga ka itshekologo ka go thelelela monna wa gago, gona metsi a a tlholelang motho botlhoko ga a kitla a go direla petso.
20
Mme fa o fapogile ka boaka o ntse o le fa tlase ga monna wa gago; fa o iitshekolotse, mme monna yo mongwe a ikopanya nao kwa ntle ga monna wa gago –
21
gona a moperesiti a ikanele mosadi ka ikano ya khutso, a ree mosadi a re: Foo a Morena a go dire yo o hutsitsweng, yo o tlholetsweng botlhoko mo morafeng wa ga eno; Morena a dire gore letheka la gago le tlhorege le mpa ya gago e buduloge.
22
A metsi a a tlholang botlhoko a tsene mo matennye a gago go go budulosa mpa le go go tlhorisa letheka. Mme mosadi a a re: A go nne jalo! A go nne jalo!
23
“ ‘Moperesiti a be a kwale dikhutso tseo mo pampiring, a be a di phimolele mo metsing a a tlholang botlhoko.
24
A be a nose mosadi metsi a a tlholelang motho botlhoko gore metsi ao a tsene mo go ene go dira botlhoko jo bo galakang.
25
Jaanong moperesiti a tsee tshupelo ya lefufa mo seatleng sa mosadi, a e kgadikanye fa pele ga Morena, a be a e bee mo aletareng.
26
A moperesiti a tabole bupe jwa tshupelo bo tletse seatla e le jo bo fisiwang, a bo tshubele mo aletareng. Morago ga moo a nose mosadi metsi ale.
27
Jaanong e tla re fa a sena go mo nosa metsi, fa mosadi a iitshekolotse a diretse monna wa gagwe ka boikanyologo, gona metsi a a tlholang botlhoko a tla tsena mo go ene go dira botlhoko jo bo galakang, mme mpa ya gagwe e tla buduloga le letheka la gagwe le tla tlhorega, mme mosadi yoo o tla nna sekao sa thogako mo morafeng wa ga gabo.
28
Fela fa mosadi a sa iitshekolola a le phepa, ga a kitla a bona petso, mme o tla fiwa bana.
29
“ ‘Ke ona molao wa lefufa, fa mosadi a fapoga ka boaka a ntse a le fa tlase ga monna wa gagwe, a iitshekolola;
30
gongwe fa monna a tsenwa ke mowa wa lefufa, a fufegela mosadi wa gagwe. Foo a a emise mosadi jalo fa pele ga Morena, mme moperesiti a direle mosadi ka fa molaong otlhe o.
31
Monna ene o tla bo a se na molato, mme mosadi o tla rwala molato wa gagwe.’ ”
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 6 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36