bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Numbers 17
Numbers 17
Tswana Setswana 1970
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 18 →
1
Morena a ba a raya Moše a re:
2
“Bua le Baiseraele, o tsee mo go bone thobane e le nngwe ya lotso longwe le longwe, e bong mo dikgosaneng tsotlhe tsa ditso tsa bone, e bong dithobane di le 12. O be o kwale leina la mongwe le mongwe mo thobaneng ya gagwe.
3
Mme leina la ga Arone o le kwale mo thobaneng ya ga Lefi. Gonne thobane e le nngwe e tla nna ya tlhogo ya lotso longwe le longwe lwa bone.
4
O be o di bee mo Tenteng ya Boipontsho fa pele ga Letlole la Tshupo ya Molao kwa ke kopanang le lona gona.
5
Jaanong thobane ya monna yo ke mo tlhophang e tla tlhoga; ka mokgwa o ke tla khutlisa dingongorego tsa Baiseraele tse ba lo ngongoregelang ka tsona gore ke se tlhole ke di utlwa.”
6
Ya re Moše a bua jalo le Baiseraele, dikgosana tsotlhe tsa bone tsa mo neela dithobane, kgosana nngwe le nngwe ya mo neela thobane e le nngwe ka fa ditsong tsa bone, e bong dithobane di le 12. Mme thobane ya ga Arone ya bo e le mo gare ga dithobane tsa tsone.
7
Moše a ba a baya dithobane fa pele ga Morena mo Tenteng ya Tshupo.
8
Jaanong ya re kamoso Moše a tsena mo Tenteng ya Tshupo, a fitlhela thobane ya ga Arone ya lotso lwa ga Lefi e tlhogile, e ntshitse matlhare, e thuntse dithunya, e bile e budule maungo a moamantele.
9
Moše a ba a tsaya dithobane tsotlhe fa pele ga Morena, a di ntshetsa kwa Baiseraeleng botlhe, ba di bona, mme kgosana nngwe le nngwe ya tsaya thobane ya yona.
10
Mme Morena a raya Moše a re: “Busetsa thobane ya ga Arone fa pele ga Letlole la Tshupo ya Molao gore e bolokwe go nna sesupo mo dirukhutlhing, o khutlise dingongorego tsa bone, o di tlose mo go nna gore ba se ka ba swa.”
11
Moše a dira jaaka Morena a mo laetse; a dira jalo.
12
Mme Baiseraele ba raya Moše ba re: “Bona, re a swa, re a nyelela, re tla fela rotlhe.
13
Mongwe le mongwe yo o ka atamelang Tempelana ya Morena o tshwanetse go swa. A re na le go fela ka go swa?”
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 18 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36