bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Numbers 32
Numbers 32
Tswana Setswana 1970
← Chapter 31
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 33 →
1
Barubene le Bagate ba ne ba na le diruiwa tse dintsi thata thata. Jaanong ya re ba bona lefatshe la Jasere le lefatshe la Gileate, ba fitlhela golo foo e le felo ga diruiwa.
2
Ke fa Bagate le Barubene ba tla, ba raya Moše le moperesiti Eleasare le bagolo ba phuthego ba re:
3
“Kwa Atarothe le Dibone le Jasere le Nimera le Hešebone le Eleale le Sebame le Nebo le Beone –
4
lone lefatshe le Morena a le thopileng fa pele ga phuthego ya Baiseraele – ke lefatshe la diruiwa, mme batlhanka ba gago ba na le diruiwa.”
5
Ba be ba re: “Fa re bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, a lefatshe leo le newe batlhanka ba gago go nna boswa, mme o se ka wa re tshedisa noka ya Joretane.”
6
Mme Moše a fetola Bagate le Barubene a re: “A e ka re ba ga lona ba ya kwa ntweng, lona lwa itulela fa?
7
Ke ka ntlha ya eng fa lo tentsha dipelo tsa Baiseraele gore ba se ka ba tshelela kwa lefatsheng le Morena o le ba neileng?
8
Kana le borraeno ba dirile jalo, jale fa ke ba roma go tswa kwa Kateše-Barenea go ya go tlhola lefatshe.
9
Ya re ba sena go ya go fitlha kwa nokaneng ya Ešekole le go tlhola lefatshe, ba boa ba tentsha dipelo tsa Baiseraele, mo ba bileng ba gana go ya go tsena kwa lefatsheng le Morena o le ba neileng.
10
Ka sebaka sele Morena a tuka bogale, a ikana a re:
11
‘Ruri, banna ba ba bolotseng kwa Egepeto go simolola ka ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone ga ba kitla ba bona naga e ke e ikanetseng Aborahame le Isaka le Jakobe, ka ba se ka ba ntshala morago ka botlalo,
12
fa e se Kalebe morwa Jefune, Mokenisi le Jošua morwa Nune; gonne ba setse Morena morago ka botlalo.’
13
Morena a ba a tukela Baiseraele bogale, a ba kgarakgatsha kwa sekakeng dinyaga di le 40 ga tsamaya losika lotlhe lo lo dirileng bosula mo matlhong a Morena lwa ba lwa felelela.
14
“Jaanong lona lo tsogile lo le mo boemong jwa borraalona, lo le bana ba baleofi; jaanong lo rata go okeletsa Baiseraele bogale jo bo tukang jwa Morena gape.
15
Fa lo ikepa mo go ene, o ka ba sadisa sebaka gape mo sekakeng, mme lwa senyetsa morafe otlhe o.”
16
Ba mo atamela ba re: “Fano re rata go aga maraka a difutshane a diruiwa tsa rona le metse ya bana ba rona fela.
17
Mme rona ka rosi re tla tlhomela ka pele, re etelela Baiseraele pele go ya re be re ba fitlhise kwa mannong a bone. Fela bana ba rona ba tla sala mo metseng e e femetsweng ka ntlha ya baagi ba lefatshe.
18
Ga re kitla re boela kwa malapeng a rona, mongwe le mongwe wa Baiseraele a ise a amogele boswa jwa gagwe.
19
Gonne ga re rate go rua nabo kwa moseja ga Joretane le kwa pele; gonne boswa jwa rona bo re wetse ka kwano ga Joretane ntlheng ya botlhabatsatsi.”
20
Moše a ba raya a re: “Fa lo ka dira ka fa lefokong leo, lwa tlhomela fa pele ga Morena go ya ntweng,
21
mme mongwe le mongwe wa lona yo o tlhometseng a tshela Joretane fa pele ga Morena go ya a be a leleke baba ba gagwe fa pele ga gagwe,
22
le lefatshe le be le thopiwa fa pele ga Morena, lo bo lo boa morago ga moo, gona lo tla bo lo se na molato fa pele ga Morena le Baiseraele, mme lefatshe leno e tla nna boswa jwa lona fa pele ga Morena.
23
Mme fa lo sa dire jalo, gona lo leofela Morena, mme lo tla lemoga petso ya boleo jwa lona e e tla lo welang.
24
Ikageleng he metse ya bana ba lona le maraka a difutshane tsa lona, lo dire ka fa lo buileng ka teng.”
25
Bagate le Barubene ba araba Moše ba re: “Batlhanka ba gago ba tla dira jaaka go laetse mong wa rona.
26
Bana ba rona le basadi ba rona ba tla nna teng mo metseng ya Gileate le diruiwa tsotlhe tsa rona.
27
Mme batlhanka ba gago, botlhe ba ba tlhometseng go bolola fa pele ga Morena ba tla fetela kwa ntweng jaaka mong wa rona a buile.”
28
Ke fa Moše a laela moperesiti Eleasare le Jošua morwa Nune le ditlhogo tsa dikgotla tsa ditso tsa Baiseraele ka ga bone.
29
Moše a ba raya a re: “Fa Bagate le Barubene ba ka tshela Joretane le lona, ba tlhomeletse ntwa botlhe fa pele ga Morena, lefatshe la ba la thopiwa ke lona, gona lo ba nee lefatshe la Gileate go nna boswa.
30
Mme fa ba sa tshele le lona ba tlhometse, gona a ba nne mo gare ga lona kwa lefatsheng la Kanana.”
31
Bagate le Barubene ba araba ba re: “Tse Morena o di laetseng batlhanka ba gago re tla di dira.
32
Re tla tshelela kwa lefatsheng la Kanana fa pele ga Morena re tlhometse, mme boswa jwa rona jwa naga bo ntse bo le ka kwano ga Joretane.”
33
Bagate le Barubene le bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase morwa Josefa Moše a ba naya jalo naga ya bogosi jwa ga Sihone kgosi ya Baamori le ya bogosi jwa ga Oge kgosi ya Basane, e bong lefatshe le metse ya lone le dinaga tsa yona le metse ya lefatshe tikologong.
34
Ke fa Bagate ba aga Dibone le Atarothe le Aroere
35
le Aterothe-Sofane le Jasere le Jogebeha
36
le Bethe-Nimera le Betharane, ya nna metse e e femetsweng le maraka a difutshane.
37
Barubene ba aga Hešebone le Eleale le Khiriathaime
38
le Nebo le Baale-Meone – maina a fetotswe – le Sibema; ba be ba taya metse e ba e agileng maina a bone.
39
Bomorwa Magire oora Manase ba ya kwa Gileate, ba thopa naga ya teng, ba leleka Baamori ba ba neng ba le gona.
40
Ke fa Moše a naya Bamagire oora Manase naga ya Gileate, mme ba nna mo go yona.
41
Jaire oora Manase a ya a thopa metsana ya bone ya ditente, a e bitsa metsana ya ditente ya ga Jaire.
42
Noba a ya a thopa motse wa Kenathe le metsana ya teng, a o taya leina la gagwe Noba.
← Chapter 31
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 33 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36