bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Numbers 35
Numbers 35
Tswana Setswana 1970
← Chapter 34
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 36 →
1
Morena a ba a bua le Moše kwa mabaleng a Moabe gaufi le Joretane go lebagana le Jerigo a re:
2
“Laela Baiseraele gore ba nee Balefi metse e ba ka nnang mo go yona, e ntshiwe mo bosweng jwa dinaga tsa bone, le gona lo nee Balefi mafulo a metse eo mo tikologong ya yona.
3
A metse eo e nne ya bone go nna mo go yona; a mafulo a yona e nne a dikgomo tsa bone le a difutshane tsa bone le a diphedi tsotlhe tsa bone.
4
A mafulo a metse e lo tla e nayang Balefi a simologe fa loboteng lwa motse le go lo katoga mabogo a le 1 000 mo ntlheng tsotlhe.
5
Mme ka kwa ntle ga motse lo lekanye lotlhakore lwa botlhabatsatsi lwa mabogo a le 2 000 le lotlhakore lwa bophirimatsatsi lwa mabogo a le 2 000 le lotlhakore lwa bokone lwa mabogo a le 2 000, motse o le fa gare. Mafulo a bone a metse e nne a a kana.
6
Metse e lo tshwanetseng go e naya Balefi ke e: Ke metse e merataro ya botshabelo e lo e ntshang gore mmolai a tshabele teng; eo lo e okeletse metse e le 42 e mengwe.
7
Metse yotlhe e lo tla e nayang Balefi a e nne metse e le 48 e na le mafulo a yona.
8
Fa e le metse e lo tla e ntshang mo nageng ya Baiseraele go e naya Balefi: Mo ditsong tse dikgolo lo ntshe e mentsi, mme mo ditsong tse dipotlana lo ntshe e mebotlana. A lotso longwe le longwe lo ntshetse Balefi metse mengwe ya lone ka fa bosweng jwa lone jo lo tla bo ruang.”
9
Morena a ba a raya Moše a re:
10
“Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘E re lo sena go tshela Joretane le go tsena mo lefatsheng la Kanana,
11
lo itlhaolele metse e batshabi ba ka fitlhang go yona. A e nne metse ya botshabelo mo go lona gore mmolai a tshabele teng, yo o bolaileng motho e se ka bomo.
12
Metse eo e tla nna ya botshabelo mo go lona go tshaba mmusolosi wa madi gore mmolai a se ka a bolawa a ise a eme fa pele ga phuthego go sekisiwa.
13
“ ‘Fa e le metse eo e lo tla e ntshang, e nne metse e le merataro ya botshabelo.
14
Metse e meraro lo e ntshe ka kwano ga Joretane; e meraro lo e ntshe kwa lefatsheng la Kanana; e nne metse ya botshabelo.
15
Metse e merataro eo e tla nna ya botshabelo jwa Baiseraele le jwa baeng le jwa ba ba jakang mo gare ga lona gore mongwe le mongwe yo o bolaileng motho e se ka bomo a tshabele teng.
16
“ ‘Mme fa a mo iteile ka selo sa tshipi, mo a bileng a swa, ene ke mmolai wa ka bomo; mmolai yoo o tshwanetse go bolawa.
17
Gongwe fa a tsere lentswe le le ka bolayang motho, a mo konopa ka lone, mo a bileng a swa, ene ke mmolai; mmolai yoo o tshwanetse go bolawa.
18
Gongwe fa a tsere selo sa logong se se ka bolayang motho, a mo itaya ka sona, mo a bileng a swa, ene ke mmolai; mmolai yoo o tshwanetse go bolawa.
19
Mmusolosi wa madi ke ene yo o tshwanetseng go bolaya mmolai; a e re a kgatlhana nae, a mmolae.
20
“ ‘Gongwe fa a mo kgarametsa ka letlhoo gongwe a mo konopa ka bolotsana, mo a bileng a swa;
21
gongwe a mo itaya ka kilo ka letsogo la gagwe, mo a bileng a swa, gona yo o mo iteileng o tshwanetse go bolawa; ke mmolai. A mmusolosi wa madi a bolae mmolai yoo, fa a kgatlhana nae.
22
“ ‘Mme fa a mo kgarameditse ka tshoganyetso, e se ka kilo, gongwe a konopile sengwe mo go ene e se ka maano,
23
gongwe a digela lentswe mo go ene le motho a ka swang ka lone, a sa mmone, mo a bileng a swa, fela ene e ne e se mmaba wa gagwe, mme a se ka a rata go mo direla bosula,
24
foo a phuthego e atlhole gare ga moitei le mmusolosi wa madi ka fa melaong eo.
25
A phuthego e pholose mmolai yo o ntseng jalo mo diatleng tsa mmusolosi wa madi; phuthego e be e mmusetse kwa motseng wa ga gabo wa botshabelo kwa o neng a tshabetse teng, a nne mo go ona go ya losong lwa moperesiti yo mogolo yo o tloditsweng ka lookwane lo lo boitshepo.
26
Fela fa mmolai a ka tlola molelwane wa naga ya motse wa ga gabo wa botshabelo kwa o neng a tshabetse teng,
27
mme mmusolosi wa madi a kgatlhana nae ka kwa ntle ga molelwane wa naga ya motse wa ga gabo wa botshabelo, mme mmusolosi wa madi a bolaya mmolai yoo, gona ga a na molato wa polao.
28
Gonne o ne a tshwanetse a bo a ntse mo motseng wa ga gabo wa botshabelo go ya losong lwa moperesiti yo mogolo; mme morago ga loso lwa moperesiti yo mogolo mmolai o ka boela kwa nageng ya boswa jwa gagwe.
29
A tseo e nne molao wa lona wa go atlhola ka metlha yotlhe gongwe le gongwe kwa lo nnang teng.
30
“ ‘Fa mongwe a bolaya motho, a mmolai wa ka bomo a bolawe ka fa tshupong ya basupi, mme mosupi a le mongwe fela ga a lekane gore motho a atlholelwe loso.
31
Lo se ka lwa amogela madi a kgololo a botshelo jwa mmolai yo o tshwanetsweng ke loso. Gonne o tshwanetse go bolawa.
32
Le gona lo se ka lwa amogela madi a kgololo a yo o tshabetseng kwa motseng wa gagwe wa botshabelo gore a tle a boele gae, go nna mo nageng ya gagwe, fa moperesiti yo mogolo a sa ntse a tshela.
33
Lo se ka lwa itshepolola lefatshe le lo leng mo go lone; gonne madi a a tshololwang a itshepolola lefatshe; mme lefatshe ga le na go direlwa thuanyo ya madi a a tsholotsweng mo go lone fa e se ka madi a yo o a tsholotseng.
34
Lo se ka lwa itshekolola lefatshe le lo agileng mo go lone, ka ke nna mo go lone; gonne nna Morena ke nna mo gare ga Baiseraele.’ ”
← Chapter 34
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 36 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36