bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Numbers 19
Numbers 19
Tswana Setswana 1970
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 20 →
1
Morena a ba a raya Moše le Arone a re:
2
“Taelo ya molao ke e, e Morena a e laetseng a re: Raya Baiseraele gore ba go tsisetse kgomo e khunwana e e itekanetseng e e se nang bogole e e iseng e rwale joko.
3
Lo e neele Eleasare moperesiti, mme e ntshediwe kwa ntle ga bothibelelo, e tlhajwe fa pele ga gagwe.
4
Jaanong Eleasare moperesiti a tabole madi a yona ka monwana, a be a a kgatshetse gasupa ntlheng ya mojako wa Tente ya Boipontsho.
5
Jaanong kgomo e fisiwe fa pele ga matlho a gagwe, e bong letlalo la yona le nama ya yona le madi a yona, di fisiwe mmogo le moswang wa yona.
6
Moperesiti a be a tsee logong lwa mosetere le mosiama le lesela la bohibidu jwa madi, a di latlhele mo gare ga molelo o o fisang kgomo.
7
Moperesiti a be a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape mmele ka metsi; morago ga moo o ka tsena mo bothibelelong, mme moperesiti o tla nna a itshekologile go fitlha maitsiboa.
8
Le yo o e fisitseng a tlhatswe diaparo tsa gagwe ka metsi, a tlhape mmele ka metsi; o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng.
9
Jaanong a monna yo o itshekileng a ole molora wa kgomo eo, a o tshele mo felong fa go itshekileng kwa ntle ga bothibelelo gore o bolokelwe phuthego ya Baiseraele, o tlhakanngwe le metsi a a tlhatswang boitshekologo. Ke wa setlhabelo sa boleo.
10
Le yo o odileng molora wa kgomo a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a be a itshekologe go ya maitsiboeng. A e nne molao o o nnelang ruri wa Baiseraele le wa baeng ba ba jakang mo gare ga bone go re:
11
“Yo o amang moswi, le fa e le setoto sa motho ofe, o tla bo a itshekologile malatsi a supa.
12
A a tlhape boleo ka ona molora ka letsatsi la boraro le ka letsatsi la bosupa, foo o tla itsheka. Mme fa a sa tlhape boleo ka letsatsi la boraro le ka letsatsi la bosupa ga a kitla a itsheka.
13
Mongwe le mongwe yo o amang moswi, e bong setoto sa motho yo o suleng, mme a sa tlhape boleo joo, o itshekolotse Tempelana ya Morena. A motho yoo a nyelediwe mo Baiseraeleng. E re ka metsi a a tlhatswang boitshekologo a se ka a kgatshiwa mo go ene, o tla nna a itshekologile. Boitshekologo jwa gagwe bo sa ntse bo le mo go ene.
14
“Molao ke o: Fa motho a swela mo tenteng, foo botlhe ba ba tsenang mo go yona le ba ba leng mo go yona ba tla bo ba itshekologile malatsi a supa.
15
Le dijana tsotlhe tse di sa khurumelwang ka dikhurumelo tse di bofeletsweng mo go tsona di itshekologile.
16
Le mongwe le mongwe yo o amang motho kwa nageng yo o bolailweng ka tšhaka gongwe setoto se sengwe gongwe sefifi sa moswi gongwe phupu o tla bo a itshekologile malatsi a supa.
17
“Mme yo o itshekologileng jalo, a ba bangwe ba mo tabolele molora wa setlhabelo seo sa boleo se se fisitsweng, ba tshele metsi a a elang mo go ona o le mo pitseng.
18
Jaanong monna yo o itshekileng a tsee mosiama, a o ine mo metsing, a be a kgatshe tente le dilo tsotlhe tsa yona le batho ba ba neng ba le teng le ene yo o amileng sefifi gongwe yo o bolailweng gongwe setoto gongwe phupu.
19
Yo o itshekileng a a kgatshe yo o itshekologileng ka letsatsi la boraro le ka letsatsi la bosupa, a mo tlhatswe boleo ka letsatsi la bosupa. Jaanong a yo o neng a itshekologile a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape ka metsi; foo o tla bo a itshekile maitsiboa.
20
“Mme fa motho yo o itshekologileng a sa tlhape boleo, gona a motho yoo a nyelediwe mo phuthegong. Gonne o itshekolotse Felo-ga-Boitshepo ga Morena, mme metsi a a tlhatswang boitshekologo ga a a ka a kgatshiwa mo go ene; o itshekologile.
21
A e nne molao mo go bone o o nnelang ruri. Mme yo o neng a kgatsha metsi a a tlhatswang boitshekologo a tlhatswe diaparo tsa gagwe. Yo o ka amang metsi a a tlhatswang boitshekologo o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng.
22
Le tsotlhe tse yo o itshekologileng a di amang di tla itshekologa. Le motho yo o mo amang o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng.”
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 20 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36