bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Numbers 30
Numbers 30
Tswana Setswana 1970
← Chapter 29
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 31 →
1
Moše a ba a bua le ditlhogo tsa ditso tsa Baiseraele a re: “Se Morena o se laetseng ke se:
2
E re fa monna a solofetsa Morena sengwe gongwe a ikana maikano a go itima sekete, a se ka a tlhanogela lefoko la gagwe, mme a a dire fela jaaka go dule mo molomong wa gagwe.
3
“Fela fa e le mosadi yo o ikanelang Morena maikano gongwe a ipofa go itima sengwe, a le mo lapeng la ga rraagwe, a le mo bokgarebeng jwa gagwe,
4
mme rraagwe a utlwa maikano a gagwe le maipofo a go itima a o ipofileng ka ona, mme rraagwe a mo didimalela, gona maikano otlhe a gagwe a tla bo a tlhomame, le maipofo otlhe a o ipofileng ka ona a tla bo a tlhomame.
5
Mme fa rraagwe a mo thibela ka letsatsi le a utlwang ka lone, gona maikano otlhe a gagwe le maipofo a gagwe a go itima a o ipofileng ka ona, a tla bo a sa tlhomama, mme Morena o tla mo itshwarela, ka rraagwe a mo thibetse.
6
“Jaanong fa a nyalwa ke monna a ntse a bofegile ka maikano a gagwe gongwe ka mafoko a o a buileng ka potlako a o ipofileng ka ona,
7
mme monna mogang a utlwang, fa a ka mo didimalela ka letsatsi le o utlwileng ka lone, gona maikano a gagwe a na le go dirafadiwa, le maipofo a gagwe a go itima sengwe a o ipofileng ka ona, a na le go dirafadiwa.
8
Mme fa monna wa gagwe a mo thibela ka letsatsi le a utlwang ka lone, gona o tla bo a dirolola maikano a mosadi a o bofegileng ka ona le mafoko a o a buileng ka potlako, a ipofa ka ona, mme Morena o tla itshwarela mosadi.
9
“Maikano a motlholagadi le a yo o tlhadilweng, maipofo otlhe a ene o ipofileng ka ona o na le go a dirafatsa.
10
“Mme fa mosadi a ikana a le mo lapeng la monna wa gagwe gongwe a ipofa ka maikano go itima sengwe,
11
mme e re monna wa gagwe a utlwa a mo didimalela, a sa mo thibele, gona maikano otlhe a gagwe o na le go a dirafatsa, le maipofo otlhe a o ipofileng ka ona go itima sengwe o na le go a dirafatsa.
12
Fela fa monna wa gagwe a a dirolola ka thanolo ka letsatsi le a utlwang ka lone, gona ga go na sepe se se ka dirafalang sa tse di duleng mo molomong wa gagwe le sa maikano a gagwe le sa maipofo a go itima sengwe. Monna wa gagwe o se dirolotse, mme Morena o tla itshwarela mosadi.
13
Tsholofetso nngwe le nngwe ya mosadi le maikano otlhe a go itima sengwe go ikwatlhaisa pelo, monna wa gagwe o ka di tlhomamisa, gongwe a ka di dirolola.
14
Fa monna wa gagwe a mo didimalela go fitlhelela kamoso, gona o tlhomamisitse maikano otlhe a gagwe gongwe maipofo otlhe a gagwe a go itima sengwe; monna o a tlhomamisitse, ka a ne a mo didimalela ka letsatsi le a utlwileng ka lone.
15
Mme fa a di dirolola morago ga malatsi a sena go utlwa, foo o tla rwala molato wa mosadi.”
16
Ke yona melao e Morena o e laetseng Moše ka ga monna le mosadi wa gagwe le ka ga rra-motho le morwadie a ntse a le mo bokgarebeng jwa gagwe mo lapeng la ga rraagwe.
← Chapter 29
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 31 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36