bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Numbers 20
Numbers 20
Tswana Setswana 1970
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 21 →
1
Jaanong Baiseraele, e bong phuthego yotlhe, ba fitlha kwa sekakeng sa Tsine ka kgwedi ya ntlha ya ngwaga wa 40; morafe wa nna kwa Kateše, mme Miriame a swela gona, a ba a fitlhwa teng.
2
Ke fa phuthego e tlhoka metsi gape, mme ba phuthega go omana le Moše le Arone.
3
Batho ba lwa le Moše, ba bua ba re: “Ntlha re ka bo re sule, jale fa ba ga rona ba swa fa pele ga Morena.
4
Lo ne lo tsisetsang phuthego ya Morena mo sekakeng seno gore re swele fano le diruiwa tsa rona?
5
Ke go reng, fa lo re ntshitse kwa Egepeto go re fitlhisa felong fano fa go bosula? Ga se felo ga dijwalo le difeie le masimo a moweine le digaranata; le gona ga go na metsi a a ka nowang.”
6
Ke fa Moše le Arone ba tlogela phuthego, ba ya kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho, ba wa ka difatlhego, mme kgalalelo ya Morena ya ba phatsimela.
7
Morena a ba a raya Moše a re:
8
“Tsaya thobane, o kgobokanye phuthego o na le Arone mogoloo, o bue le lefika fa pele ga matlho a bone, gona le tla ntsha metsi a lone. O ba ntshetse metsi jalo mo lefikeng, o nose phuthego le diruiwa tsa bone.”
9
Moše a tsaya thobane fa pele ga Morena jaaka a mo laetse.
10
Moše le Arone ba kgobokanya phuthego fa pele ga lefika, mme Moše a ba raya a re: “A ko lo utlwe, lona barukhutlhi, a re tla lo ntshetsa metsi mo lefikeng le?”
11
Moše a ba a tsholetsa letsogo, a itaya lefika gabedi ka thobane ya gagwe; ga tswa metsi a mantsi, mme phuthego ya nwa le diruiwa tsa bone.
12
Mme Morena a raya Moše le Arone a re: “E re ka lo se ka lwa ntumela go nkgalaletsa mo matlhong a Baiseraele, ke ka moo lo se kitlang lo fitlhisa phuthego e kwa lefatsheng le ke le ba neileng.”
13
Ke ona Metsi a Meriba, fa Baiseraele ba neng ba lwa le Morena teng, mme ene a itshupa mo go bone a le boitshepo.
14
E rile ba ntse ba le kwa Kateše, Moše a roma barongwi kwa kgosing ya Baetomo a re: “Baiseraele, bomorwaa-rraago, ba bua jaana ba re: O itse pogisego yotlhe e e re dirafaletseng.
15
Kana borraetsho ba kile ba fologela kwa Egepeto, ra nna teng sebaka se seleele, mme Baegepeto ba re direla bosula le borraarona.
16
Ke fa re goela Moreneng, mme a utlwa selelo sa rona, a roma moengele, a re ntsha kwa Egepeto! Jaanong bona, re mono Kateše, motseng o o fa molelwaneng wa gago.
17
Ka thapelo, nte re ralale lefatshe la gago; ga re ne re gata masimo gongwe masimo a moweine le e seng go nwa metsi a didiba, mme re tla tsamaya mo tseleng ya kgosi, re sa fapogele ntlheng ya le le jang le fa e le ya la molema go fitlhelela re be re tswe mo nageng ya gago.”
18
Mme Baetomo ba mo fetola ba re: “O se ka wa ralala lefatshe la rona, re ka tla ra bolola, ra go kgatlhantsha ka tšhaka.”
19
Baiseraele ba be ba ba raya ba re: “Re tla ralala fela ka tsela e kgolo, mme fa re ka nwa metsi a lona, le diruiwa tsa rona, re tla a lefa. Kana ga re batle sepe fa e se go ralala ka dinao fela.”
20
Mme ba fetola ba re: “Lo se ka lwa ralala.” Ke fa Baetomo ba bolola go ba kgatlhantsha ka batlhabani ba bantsi le ka mabogo a a tlhometseng.
21
Baetomo ba ne ba gana jalo go dumelela Baiseraele go ralala naga ya bone. Mme Baiseraele ba ba fapoga.
22
Morago ga tseo phuthego yotlhe ya Baiseraele ya huduga kwa Kateše, ya ya go fitlha kwa thabeng ya Hore.
23
Gona kwa thabeng ya Hore fa molelwaneng wa lefatshe la Baetomo Morena a raya Moše le Arone a re:
24
“Jaanong Arone o na le go gorosiwa kwa morafeng wa ga gabo; gonne ga a ne a tsena kwa lefatsheng le ke le neileng Baiseraele, ka lo se ka lwa utlwa taelo ya me kwa Metsing a Komano.
25
Tsaya Arone le Eleasare morwawe, o ba tlhatlosetse mo thabeng ya Hore.
26
O be o apole Arone diaparo tsa gagwe, o di apese Eleasare morwawe. Arone o tla gorosiwa kwa go ba ga gabo, a swela teng.”
27
Moše a dira jaaka Morena a mo laetse; ba tlhatlogela mo thabeng ya Hore mo matlhong a phuthego yotlhe.
28
Moše a ba a apola Arone diaparo tsa gagwe, a di apesa Eleasare morwawe. Mme Arone a swela teng mo setlhoeng sa thaba. Moše le Eleasare ba be ba fologa mo thabeng.
29
Ya re phuthego yotlhe e bona Arone a sule, ba lapa la ga Iseraele botlhe ba lelela Arone malatsi a le 30.
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 21 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36