bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Numbers 23
Numbers 23
Tswana Setswana 1970
← Chapter 22
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 24 →
1
Jaanong Bileame a raya Balake a re: “Nkagele dialetare di supa fa, o be o ntlhaolele dipoo di supa le diphelehu di supa, di tle kwano.”
2
Balake a dira jaaka Bileame a buile, mme Balake le Bileame ba tlhabela poo le phelehu mo aletareng nngwe le nngwe.
3
Bileame a ba a raya Balake a re: “Sala o eme fa setlhabelong sa phiso sa gago, ke rata go ya fale. Go gongwe Morena o tla kgatlhana le nna. Mme se o tla se mpontshang ke tla se go itsise.” A ba a ya kwa thoteng e e iphotlhereng go botsa Modimo.
4
Mme Modimo wa kgatlhana le Bileame, mme a o raya a re: “Ke baakantse dialetare di supa, ka tlhabela poo le phelehu mo aletareng nngwe le nngwe.”
5
Jaanong Morena a tsenya lefoko mo molomong wa ga Bileame a re: “Boela kwa go Balake o bue jaana.”
6
A ba a boela kwa go ene, a fitlhela a ntse a eme fa setlhabelong sa gagwe sa phiso, a na le dikgosana tsotlhe tsa Moabe.
7
Ke fa Bileame a tlhaba loboko lwa gagwe a re: “Balake o romile go ntsaya kwa Siria, kgosi ya Moabe ya mpitsa ke le kwa dithabeng tsa botlhabatsatsi ya re: ‘Tlaya o nkhutsetse Jakobe, tlaya o roge Iseraele!’
8
Nka hutsa jang yo Modimo o sa mo hutseng? Nka roga jang yo Morena a sa mo rogeng?
9
Gonne ke a o bona ke le mo makgotlhong a dithaba, ke o lebile ke le mo dithoteng, ke fitlhela e le morafe o o tla agang o le osi, o sa itlhakanye le merafe ya baheitane.
10
Ke mang yo o ka balang lerole la ga Jakobe le palo ya karolo ya bone ya Iseraele? A ke swe loso lwa batlhamaladi! A bokhutlo jwa me bo nne jaaka jwa bone!”
11
Ke fa Balake a raya Bileame a re: “O ntiretseng jaanong? Ke go biditse gore o tle go hutsa baba ba me, mme ruri o ba tshegofaditse tota.”
12
A fetola a re: “A ga ke a tshwanela go tlhokomela gore ke bue se Morena o se tsenyang mo molomong wa me?”
13
Mme Balake a mo raya a re: “A ko o tle le nna kwa felong go sele, kwa o tla bonang morafe re le teng; o tla bona mathoko a ona fela, o sa bone bontsi jotlhe jwa ona; o o nkhutsetse re le teng.”
14
Jaanong a mo isa kwa Felong ga Batlhodi kwa setlhoeng sa thaba ya Phiseka; a ba a aga dialetare di supa teng, a tlhabela poo le phelehu mo aletareng nngwe le nngwe.
15
Mme Bileame a raya Balake a re: “Sala o eme fano fa setlhabelong sa gago sa phiso, ke sa ntse ke ya go kgatlhana le Modimo fale.”
16
Ke fa Morena a kgatlhana le Bileame, a tsenya lefoko mo molomong wa gagwe a re: “Boela kwa go Balake o bue jaana.”
17
A fitlha kwa go ene, a fitlhela a ntse a eme fa setlhabelong sa gagwe sa phiso a na le dikgosana tsa Moabe. Jaanong Balake a mmotsa a re: “Morena o rileng?”
18
A ba a tlhaba loboko lwa gagwe a re: “Nanoga, Balake, o utlwe; ntheetse, morwa Siphore!
19
Modimo ga se motho mo o ka akang, le e seng morwa motho mo o ka ikwatlhayang. A o kile wa bua sengwe, mme wa se ka wa se dira? Kampo a o ka solofetsa sengwe. Mme wa se ka wa se dirafatsa?
20
Bona, ke laetswe go tshegofatsa; Modimo o tshegofaditse, ke palelwa ke go fetola:
21
Ga go bonwe tatlhego mo go Jakobe, ga go fitlhelwe tapisego mo go Iseraele. Morena Modimo wa gagwe o na nae; go dudueletsa kgosi go teng mo go ene.
22
Modimo o o ba ntshitseng kwa Egepeto o tshwana le dinaka tsa nare mo go bone.
23
Gonne ga go na botlhodi jo bo ka kgonang Jakobe, ga go na boitseanape jo bo ka senyetsang Iseraele. Ka nako ya teng go tla bolelelwa Jakobe, e bong Iseraele se Modimo o se dirileng.
24
Bona, morafe! O tla tsoga jaaka tau e namagadi, o itsosa jaaka tau; ga o kitla o robala o ise o je thopo, o ise o nwe madi a ba ba phololeditsweng.”
25
Ke fa Balake a raya Bileame a re: “Fa e le go hutsa, o se o hutse, le fa e le go tshegofatsa, o se o tshegofatse!”
26
Bileame a fetola, a raya Balake a re: “A ga ke a go raya ka re: ‘Tsotlhe tse Morena o di buang ke tsona tse ke tla di dirang.’ ”
27
Balake a ba a raya Bileame a re: “A ko o tle, ke tla go isa kwa felong go sele. Ka gongwe go tla bo go siame mo matlhong a Modimo gore o o nkhutsetse re le teng.”
28
Jaanong Balake a isa Bileame kwa setlhoeng sa thaba ya Pheore e e okameng sekaka.
29
Bileame a ba a raya Balake a re: “Nkagele dialetare di supa fa, o ntlhaolele dipoo di supa le diphelehu di supa, di tle kwano.”
30
Balake a dira jaaka Bileame a buile; a ba a tlhabela poo le phelehu mo aletareng nngwe le nngwe.
← Chapter 22
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 24 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36