bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Numbers 24
Numbers 24
Tswana Setswana 1970
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 25 →
1
Jaanong e rile Bileame a bona, fa go kgatlha Morena go tshegofatsa Iseraele, a se ka a ya go dirisa tsa botlhodi jaaka pele, mme a lebisa sefatlhego sa gagwe kwa sekakeng.
2
Bileame a tsholetsa matlho, a bona Baiseraele ba thibeletse ka fa ditsong tsa bone. Ke fa Mowa wa Modimo o tla mo go ene,
3
mme a tlhaba loboko lwa gagwe a re: “Go bua Bileame morwa Beore, go bua monna yo o budulogileng matlho;
4
go bua yo o utlwang mafoko a Modimo, yo o a tleng a bone tshenolo ya Mong-wa-thata-yotlhe, a wetse fa fatshe a budulogile matlho, a re:
5
Di dintle jang ne, ditente tsa gago, Jakobe, le meago ya gago, Iseraele!
6
Di tshwana le melapo e e anameng le masimo a a fa nokeng le mekgwaphana e e jwetsweng ke Morena le mesetere e e fa metsing.
7
Metsi a tla ela a tswa mo dinkgong tsa bone; dijwalo tsa bone di fa metsing a mantsi; kgosi ya bone e tla gaisa Agage; bogosi jwa bone bo tla tlotlomala.
8
Modimo o ba ntshitse kwa Egepeto, o tshwana le dinaka tsa nare mo go bone. Ba tla nyeletsa baheitane, baba ba bone, le go ba roba marapo, ba ba tlhabaka ka metsu ya bone.
9
Ba robala, ba itaetse jaaka tau le jaaka tau e namagadi; ke mang yo o ka ba tsosang? Yo o go tshegofatsang, Iseraele, o tshegofaditswe; yo o go hutsang o hutsitswe.”
10
Ya ba gona Balake a tukelang Bileame bogale, a ithwala megono. Balake a raya Bileame a re: “Ke go biditse gore o hutse baba ba me, mme bona, o setse o ba tshegofaditse gararo.
11
Jaanong he, tshabela kwa ga eno. Ke ne ke re, ke tla go tlotla thata, mme bona, Morena o go thibetse gore o se bone tlotlo.”
12
Bileame a araba Balake a re: “Kana le barongwi ba o ba romileng kwa go nna ke ba reile ka re:
13
‘Le fa Balake a ka nnaya selefera le gouta tse di tletseng mo ntlong ya gagwe, ga nka ke ka kgona go tlola taelo ya Morena go dira tse di molemo gongwe tse di bosula ka bogaka. Se Morena o se buang ke sona se ke tshwanetseng go se bua.’
14
“Mme jaanong, bona, ke boela kwa morafeng wa ga etsho. Tlaa he, ke tla go senolela tse morafe oo o tla di direlang morafe wa gago mo metlheng ya bofelo.”
15
A ba a tlhaba loboko lwa gagwe a re: “Go bua Bileame morwa Beore, go bua monna yo o budulogileng matlho;
16
go bua yo o utlwang mafoko a Modimo, yo o itseng tsa kitso ya Mogodimodimo, yo o bonang tshenolo ya Mong-wa-thata-yotlhe, a wetse fa fatshe, a budulogile matlho, a re:
17
Ke a mmona, mme e seng jaanong, ke mo lebile, mme ga a gaufi. Naledi e bonala e tswa mo go Jakobe, thobane ya bogosi e tsoga e tswa mo go Iseraele. O tla tšhwetla ditlhogo tsa Moabe, a diga beng ba moferefere botlhe.
18
Le Etomo e tla nna boswa jwa gagwe le Seire, baba ba gagwe, e tla nna kabelo ya gagwe, mme Iseraele o tla thatafala.
19
Oora Jakobe o tla busa, a nyeletsa bafalodi ba metse.”
20
Ya re a bona Baamaleke a tlhaba loboko lwa gagwe a re: “Baamaleke ke ba pele ba baheitane, mme bokhutlo jwa bone ke go ya tatlhegong.”
21
Ya re a bona Bakeni, a tlhaba loboko lwa gagwe a re: “Kago ya gago e tiile, sentlhaga sa gago se agilwe mo lefikeng.
22
Le fa go ntse jalo Kaine o na le go nyelediwa. E tla nna leng, fa Baasiria ba go isa mo botshwarong?”
23
A ba a tlhaba loboko lwa gagwe a re: “A tatlhego wee! Go tla falola mang, fa Modimo o dirafatsa tseo?
24
Dikepe di tla tswa ntlheng ya Bakhithime, beng ba tsona ba tla gatelela Baasiria, ba gatelela boora Ebere, mme le bona ba tla ya tatlhegong.”
25
Jaanong Bileame a nanoga, a tsamaya, a boela kwa ga gabo. Le Balake a tsamaya ka tsela ya gagwe.
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 25 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36