bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
John 10
John 10
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 11 →
1
“Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, yo o sa tseneng ka kgoro mo sakeng la dinku, mme a pagama ka go sele, ke ene legodu le senokwane.
2
Mme yo o tsenang ka kgoro, ke modisa wa dinku.
3
Ene molebedi wa kgoro o a tle a mmulele; mme dinku di utlwe lentswe la gagwe; a bitse tse e leng dinku tsa gagwe ka maina, a di bolotse.
4
E re a sena go bolotsa tse e leng tsa gagwe tsotlhe, a di etelele pele, dinku di mo sale morago; gonne di itse lentswe la gagwe.
5
Mme moeng ene, ga di ketla di mo sala morago, mme di tlaa mo tshaba; gonne ga di itse lentswe la baeng.”
6
Setshwantsho se Jesu a se bua nabo; mme ba se ka ba tlhaloganya dilo tse o di buang nabo, gore ke dife.
7
Jesu a ba a ba raya gape a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, ke nna kgoro ya dinku.
8
Botlhe ba ba tsileng ba nkema pele ke magodu le dinokwane; mme dinku ga di a ka tsa ba utlwa.
9
Ke nna kgoro, fa motho le fa e le mang a tsena ka nna, o tlaa bolokwa, o tlaa tsena a ba a tswa, mme o tlaa bona bofulo.
10
Legodu ga le tle, fa e se gore le utswe, le go bolaya, le go senya; nna ke tsile gore di bone botshelo, mme di bo bone ka letlolo.
11
“Ke nna modisa yo o molemo; modisa yo o molemo o beela dinku botshelo jwa gagwe.
12
Yo o thapilweng ka tuelo, e se modisa, yo dinku e seng tsa gagwe, o bona phiri e tla, a tlogele dinku, a tshabe; mme phiri e di tshware, e di falatse.
13
O tshaba ka gobo e le mothapiwa ka tuelo fela, a sa re sepe ka dinku.
14
Ke nna modisa yo o molemo; tse e leng tsa me ke a di itse, le tse e leng tsa me di a nkitse,
15
fela jaaka Rara a nkitse, le nna ke itse Rara; mme ke beela dinku botshelo jwa me.
16
Ke bile ke na le dinku di sele, tse e seng tsa saka le; le tsone ke na le go di lere, mme di tlaa utlwa lentswe la me; mme di tlaa nna letsomane le le lengwe fela, le modisa a le mongwe fela.
17
“Ke gone Rara o nthatang, ka gobo ke baya botshelo jwa me, gore ke be ke bo tshole gape.
18
Ga go ope yo o bo ntseelang, ke bo ipeisa fela. Ke na le thata go bo baya, ke bile ke na le thata go ba ke bo tshola. Taolo e, ke e amogetse mo go Rre.”
19
Ga ba ga tsoga kgaogano gape mo Bajuteng ka ntlha ya mafoko a.
20
Bantsi ba bone ba re: “O na le mewa e e maswe, o a tsenwa, lo mo reeletsang?”
21
Ba bangwe ba re: “Tse ga se dipolelo tsa yo o tsenyweng ke mewa e e maswe. A mewa e e maswe e ka foufolola matlho a difofu?”
22
Ga bo go le modiro wa bošafatso mo Jerusalema; mme ga bo go le mariga.
23
Jesu a bo a tsamayatsamaya mo tempeleng, mo mathuding a ga Solomone.
24
Foo Bajuta ba mo phuthegela, ba mo raya ba re: “O tlaa re akgaakga mo pelaelong ka lobaka lo lokae? Fa o le ene Keresete, re bolelele ka thanolo.”
25
Jesu a ba fetola a re: “Ke lo boleletse, mme ga lo dumele; ditiro tse ke di dirang ka leina la ga Rre, tsone di supa ka ga me.
26
Ga lo dumele, ka gobo lo se ba dinku tsa me.
27
Dinku tsa me di utlwa lentswe la me, ke a di itse, mme di ntshale morago;
28
ke di naya botshelo jo bo sa khutleng; ga di ketla di nyelela gope, e bile ga go ope yo o tlaa di phamolang mo seatleng sa me.
29
Rre yo o di nneileng, o mogolo go botlhe; ga go ope yo o nonofileng go di phamola mo seatleng sa ga Rara.
30
Nna le Rara re mongwe fela.”
31
Bajuta ba ba ba tsaya maje go mo kgobotletsa ka one.
32
Jesu a ba raya a re: “Ke lo bontshitse ditiro di le dintsi tse di molemo tsa ga Rara; lo nkgobotleletsa tiro efe ya tsone?”
33
Bajuta ba mo fetola ba re: “Ga re go kgobotleletse tiro e e molemo, fa e se tlhapatso, le ka ntlha ya gobo o re o le motho, o itira Modimo.”
34
Jesu a ba fetola a re: “A ga go a kwalwa mo molaong wa lona ga twe: ‘Ke rile, lo medimo’?
35
Fa a biditse bone medimo ba lefoko la Modimo le tsileng kwa go bone – mme lokwalo ga lo ka ke lwa tlolwa –
36
a lo raya ene yo Rara o mo itshepisitseng, a mo roma mo lefatsheng, lwa re: ‘O a tlhapatsa,’ ka gobo ke rile, ke Morwa Modimo?
37
Fa ke sa dire ditiro tsa ga Rre, lo se ka lwa ntumela.
38
Fa ke dira tsone, le fa lo sa dumele nna, dumelang ditiro; gore lo itse, lo bo lo tlhaloganye, fa Rara a le mo go nna, le nna mo go Rara.”
39
Ba ba ba senka gape go mo tshwara; mme a tswa mo diatleng tsa bone a tsamaya.
40
A ba a tsamaya gape a ya kwa moseja ga Joretane, kwa Johane o ne a ntse a kolobetsa teng pele; mme a nna gone.
41
Batho ba le bantsi ba ya kwa go ene ba re: “Le gale Johane ga a ka a dira sesupo sepe; mme dilo tsotlhe fela tse Johane o di buileng ka ga monna yo, e ne e le boammaaruri.”
42
Mme batho ba le bantsi ba dumela mo go ene teng.
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 11 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21