bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
John 19
John 19
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 20 →
1
Foo Pilato a tsaya Jesu, a mo seola.
2
Mme batlhanka ba loga serwalo sa mitlwa, ba se mo rwesa mo tlhogong, ba mo apesa kobo e e bohibidu jo bo mokgona.
3
Ba tla fa go ene ba re: “Dumela Kgosi ya Bajuta!” Mme ba mo gatla ka dithobane.
4
Mme Pilato a ba a tswa gape, a ba raya a re: “Bonang, ke mo ntshetsa kwano go lona, gore lo itse fa ke sa bone molato ope mo go ene.”
5
Foo Jesu a tswa, a rwele serwalo sa mitlwa, a apere kobo e e bohibidu jo bo mokgona. Mme Pilato a ba raya a re: “Bonang, monna ke yo!”
6
E rile ditlhogo tsa baperesiti le maotlana ba mmona, ba goa ka thata ba re: “Mmapole, mmapole!” Pilato a ba raya a re: “Mo itseeleng, lo mmapole, gonne nna ga ke bone molato ope mo go ene.”
7
Bajuta ba mo fetola ba re: “Re na le molao, mme ka fa molaong oo, o tshwanetse go swa, ka gobo a itirile Morwa Modimo.”
8
Ya re Pilato a utlwa lefoko leo, a boifa bogolo;
9
a ba a tsena mo ntlong ya tshekelo gape, a raya Jesu a re: “O tswa kae?” mme Jesu ga a a ka a mo fetola.
10
Foo Pilato a mo raya a re: “A ga o bue le nna? A ga o itse fa ke na le thata ya go go golola, ke bile ke na le thata ya go go bapola?”
11
Jesu a mo fetola a re: “O ka bo o se na thata epe mo go nna, fa o ne o sa e newa e tswa kwa godimo; ke gone yo o ntsentseng mo seatleng sa gago o na le boleo bogolo.”
12
Foo Pilato a senka go mo golola, mme Bajuta ba goa ka thata, ba re: “Fa o golola monna yo, ga o tsala ya ga Kaesare; mongwe le mongwe yo o itirang kgosi o tlhabana le Kaesare.”
13
E rile Pilato a utlwa mafoko a, a ntshetsa Jesu kwa ntle, mme a dula mo setulong sa tshekelo, mo felong fa go tweng, Bophaphato jwa Matlapa, mme mo puong ja Sehebere, go twe Gabatha.
14
Ya bo e le Iketleetso ya Tlolaganyo; e le nako ya sethoboloko. Mme a raya Bajuta a re: “Bonang kgosi ya lona!”
15
Foo ba goa ka thata ba re: “A a ye koo, a a ye koo, mmapole!” Pilato a ba raya a re: “A ke tlaa bapola kgosi ya lona?” Ditlhogo tsa baperesiti tsa mo fetola tsa re: “Ga re na kgosi epe fa e se Kaesare.”
16
Foo a mo ba neela gore a bapolwe.
17
Foo ba tsaya Jesu, mme a tswela kwa ntle, a itshikaretse mokgoro, a ya felong fa go bidiwang, “Felo ga logata”, ka Sehebere, ga twe: Golegotha.
18
Ba mmapolela teng le ba bangwe ba le babedi nae, mongwe a le ka fa ntlheng nngwe, yo mongwe a le ka fa ntlheng e nngwe ya gagwe, Jesu a le fa gare.
19
Le gone Pilato a kwala lokwalo, a lo baya mo mokgorong. Mme ga bo go kwadilwe, go twe: “JESU WA NASARETHA KGOSI YA BAJUTA.”
20
Foo Bajuta ba le bantsi ba bala lokwalo lo, gonne felo fa Jesu o bapoletsweng teng go ne go le gaufi le motse, mme ga bo go kwadilwe ka Sehebere, le Seroma, le Segerika.
21
Foo ditlhogo tsa baperesiti ba Bajuta tsa raya Pilato tsa re: “Se kwale go re: ‘Kgosi ya Bajuta’, mme o re: ‘Ene o rile: Ke kgosi ya Bajuta’.”
22
Pilato a ba fetola a re: “Se ke se kwadileng ke se kwadile.”
23
Foo batlhabani e rile ba sena go bapola Jesu, ba tsaya diaparo tsa gagwe, ba di kgaoganya sene, motlhabani mongwe le mongwe a bona go le gongwe, le hempe ya gagwe jalo; hempe yone ya bo e se na moroko, e logilwe gotlhe fela.
24
Foo ba raana ba re: “A re se e gagole, a re e laoleng ka bola, gore re bone bo e tlaa nna ya ga mang.” E ne e le gore lokwalo lo dirafale, lo lo reng: “Diaparo tsa me ba di kgaogana, hempe ya me ba e laola ka bola.” Ke gone batlhabani ba dira dilo tse jalo.
25
Fa mokgorong wa ga Jesu ga bo go eme mmaagwe, le monnaa mmaagwe, e bong Maria mogatsa Keleopase, le Maria Magetalene.
26
Ya re Jesu a bona mmaagwe, le morutwa yo o mo ratang a eme teng, a raya mmaagwe a re: “Mosadi bona morwao!”
27
Foo a raya morutwa yoo a re: “Bona mmaago!” Mme e sa le ka lobaka loo morutwa yoo a mo tshola, a ya go nna kwa ga gagwe.
28
Morago ga moo, ka Jesu a itse fa jaanong dilo tsotlhe di setse di weditswe, mme gore lokwalo lo dirafale, a re: “Ke nyorilwe.”
29
Mme ga bo go beilwe teng nkgwana e tletse bojalwa jo bo botšarara; foo ba ina ngami mo botšarareng, ba e tlhomela ka thupa ya mosiama, ba e isa kwa molomong wa gagwe.
30
Ya re Jesu a sena go amogela botšarara, a re: “Go weditswe!” mme a oba tlhogo, a neela mowa.
31
Mme e re ka e le lobaka lwa Iketleetso, Bajuta ba lopa Pilato gore maoto a bone a rojwe, mme ba tlosiwe, gore ditoto tsa bone di se ka tsa nna mo mekgorong ka Sabata, gonne letsatsi leo la Sabata e ne e le letsatsi le legolo.
32
Foo batlhabani ba fitlha ba roba maoto a wa ntlha, le a yo mongwe, yo o bapotsweng nae;
33
mme ba re ba tla mo go Jesu, ba fitlhela a setse a sule, ba se ka ba mo roba maoto.
34
Le fa go ntse jalo mongwe wa batlhabani a tlhaba lotlhakore lwa gagwe ka lerumo, mme ka bonako ga tswa madi le metsi.
35
Mme yo o bonyeng o supile, mme tshupo ya gagwe e ammaaruri; o bile o itse fa a bolelela ruri, gore le lona lo dumele.
36
Gonne dilo tse di diretse, gore lokwalo lo dirale lo lo reng: “Ga go ketla go rojwa lesapo lepe la gagwe.”
37
Gape lokwalo lo longwe lwa re: “Ba tlaa leba ene yo ba mo tlhabileng.”
38
Morago ga dilo tse, Josefe wa Arimathea, e le morutwa wa ga Jesu, mme a itobile ka go boifa Bajuta, a lopa Pilato gore a mo lese a tlose setoto sa ga Jesu; mme Pilato a mo dumelela. Foo a tlosa setoto sa gagwe.
39
Ga ba ga tla Nikotemo le ene, yo e rileng pele a ya kwa go ene go le bosigo, a tla a tshotse tao ya mura e tlhakanye le mokgopha, e ka ne e le bokete jwa dikilokerame di le 30.
40
Jalo ba tsaya setoto sa ga Jesu, ba se phuthela mo letseleng la leloba, le ka malao jaaka e le tlwaelo ya phitlho ya Bajuta.
41
Jaana ga bo go le tshimo felong fa o bapoletsweng teng; mme mo tshimong eo ga bo go le phupu e ntšha, e go iseng go ke go bewe ope mo go yone.
42
Ya re ka phupu e le fa gaufi, ba baya Jesu mo go yone, ka ntlha ya gobo e le lobaka lwa Iketleetso ya Bajuta.
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 20 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21