bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
John 11
John 11
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 12 →
1
Jaana ga bo go lwala monna mongwe go twe Lasaro wa Bethania, motsana wa ga gabo Maria le Maretha mogoloe.
2
Maria yo ya bo e le ene yo o kileng a tlotsa Morena setlolo, a mo phimola dinao ka moriri wa gagwe, yo Lasaro kgaitsadie o lwalang.
3
Ke gone bokgaitsadie ba roma kwa go Jesu ba re: “Morena, bona, yo o mo ratang o a lwala.”
4
Ya re Jesu a utlwa, a re: “Bolwetse jo ga se jwa loso, mme ke jwa kgalaletso ya Modimo, gore Morwa Modimo a galalediwe ka jone.”
5
Jaana Jesu a bo a rata Maretha le monnawe, le Lasaro.
6
Ke gone ya re a utlwa fa a lwala, a nama a sa tlhotse malatsi a le mabedi mo felong fa o neng a le teng ka lobaka loo.
7
Morago ga moo a raya barutwa ba gagwe a re: “A re be re yeng gape kwa Jutea.”
8
Barutwa ba mo raya ba re: “Rabi, aitse Bajuta ba ne ba senka go go kgobotletsa ka maje jaanong fela jaana, mme a o bile o ya teng gape?”
9
Jesu a ba fetola a re: “A dinako tsa motshegare ga di 12? Fa motho a tsamaya go le motshegare, ga a ke a kgotšwa, ka a bona lesedi la lefatshe leno.
10
Mme fa motho a tsamaya bosigo, o a tle a kgotšwe, ka lesedi le seyo mo go ene.”
11
Dilo tse a di bua; mme morago ga mo a ba raya a re: “Lasaro, tsala ya rona, e robetse; mme ke a ya gore ke mo tsose mo borokong.”
12
Barutwa ba mo raya ba re: “Morena, fa a robetse, o tlaa fola.”
13
Jaana Jesu o ne a bua ka ga loso lwa gagwe; bone ba gopola fa a raya go ikhutsa ga boroko.
14
Jesu a ba bolelela ka thanolo a re: “Lasaro o sule.
15
Mme ka ga lona ke a itumela ka ke ne ke se teng, gore lo tle lo dumele; le fa go ntse jalo a re yeng kwa go ene.”
16
Thomase yo o bidiwang Didimo, a raya barutwa ka ene a re: “Le rona a re tsamayeng, re tle re swe nae.”
17
Jalo ya re Jesu a tla, a fitlhela a bile a setse a ntse malatsi a le mane mo phupung.
18
Jaana Bethania wa bo o le gaufi le Jerusalema, e ka ne e le sebaka sa dikilometara di ka nna tharo go tswa teng.
19
Bajuta ba le bantsi ba ne ba tsile matshedisong, mo go Maretha le Maria go ba gomotsa ka ga kgaitsadia bone.
20
Foo Maretha, ya re a utlwa fa Jesu a tla, a ya go mo kgatlhantsha; mme Maria a sala a dutse mo ntlong.
21
Maretha a raya Jesu a re: “Morena, fa o ka bo o ne o le fa, kgaitsadiake o ko a se ka a swa.
22
Le jaana ke a itse, gore le fa e le eng se o se lopang Modimo, Modimo o tlaa se go naya.”
23
Jesu a mo raya a re: “Kgaitsadio o tlaa ba a tsoga.”
24
Maretha a mo raya a re: “Ke a itse fa a tlaa ba a tsoga mo go tsogeng ka letsatsi la bofelo.”
25
Jesu a mo raya a re: “Ke nna tsogo le botshelo; yo o dumelang mo go nna, le fa a a swa, le fa go ntse jalo o tlaa tshela;
26
le fa e le mang yo o tshelang, a ba a dumela mo go nna, ga a ketla a swa gope. A mo o a go dumela?”
27
A mo raya a re: “Ee, Morena; ke dumetse fa o le Keresete, Morwa Modimo, e bong ene yo o tlang mo lefatsheng.”
28
Ya re a sena go bua jalo a tsamaya, a ya go bitsa Maria monnawe ka go iphitlha, a re: “Moruti o fa, mme o a go bitsa.”
29
Ene ya re a utlwa a nanoga ka bonako, a ya kwa go ene.
30
Jaana Jesu o ne a ise a fitlhe mo motsaneng, a sa ntse a le mo felong fa Maretha o kgatlhanyeng nae teng.
31
Foo Bajuta ba ba nang nae mo ntlong ba mo gomotsa, ya re ba bona fa Maria a nanoga ka bonako a tswela kwa ntle ba mo sala morago, ba gopola gore o ya kwa phupung, a ya go lelela teng.
32
Foo Maria a re a fitlha fa Jesu o leng teng, a mmona, a wela fa dinaong tsa gagwe, a mo raya a re: “Morena, fa o ka bo o ne o le fa, kgaitsadiake o ko a se ka a swa.”
33
Ya re Jesu a mmona a lela, le Bajuta ba ba tsileng nae ba lela, a gogomoga mo moweng, a fuduega,
34
a re: “Lo mmeile kae?” Ba mo raya ba re: “Morena, tla o bone.”
35
Jesu a lela.
36
Foo Bajuta ba re: “Bonang jaaka a ne a mo rata!”
37
Bangwe ba bone ba re: “A monna yo, yo o foufolotseng matlho a yo o neng a foufetse, a o ne a sa ka ke a dira le gone gore monna yo a se ka a swa?”
38
Foo Jesu a ba a gogoma pelo gape, a fitlha fa phupung. Ya bo e le logaga, mme letlapa la bo le aegetswe mo go lone.
39
Jesu a re: “Tlosang letlapa.” Maretha, kgaitsadia yo o suleng, a mo raya a re: “Morena, gompieno o setse a nkga, gonne o tlhotse malatsi a le mane a sule.”
40
Jesu a mo raya a re: “A ga ke a go raya ka re, fa o ne o dumela, o tlaa bona kgalalelo ya Modimo?”
41
Jalo ba tlosa letlapa. Mme Jesu a lelala a re: “Rara, ke a go leboga ka o nkutlwile.
42
Ke ne ke itse fa o nkutlwa gale; mme ka bo ke buisiwa ke bontsi jwa batho jo bo emeng fa ba ntikanyeditse, ka re ba tle ba dumele fa o nthomile.”
43
Ya re a sena go bua jalo, a goa ka lentswe le le godileng a re: “Lasaro, tswa!”
44
Yo o neng a sule a tswa, a sa fapilwe mabogo le maoto ka matsela a phitlho; sefatlhogo sa gagwe le sone se fapilwe ka letsela, Jesu a ba raya a re: “Mo fapololeng lo mo lese a tsamaye.”
45
Foo bontsi jwa Bajuta ba ba tsileng mo go Maria, ba bona dilo tse Jesu o di dirileng, mme ba dumela mo go ene.
46
Bangwe ba bone ba tloga ba ya kwa Bafarisaing, ba ba bolelela dilo tse Jesu o di dirileng.
47
Foo ditlhogo tsa baperesiti le Bafarisai ba epa pitso, ba re: “Re dirang, gonne monna yo o dira ditshupo di le dintsi?
48
Fa re mo lesa fela jaana, batho botlhe ba tlaa dumela mo go ene; Baroma ba tlaa tla ba tlosa bonno jwa rona le morafe wa rona.”
49
Mongwe wa bone, go twe Kaiafase, e le moperesiti yo mogolo ka ngwaga oo, a ba raya a re: “Ga lo itse sepe.
50
Le gone ga lo tlhokomele fa go ka nna molemo mo go lona gore motho a le mongwe fela a swele sešaba, e seng morafe otlhe go nyelela.”
51
Jaana golo mo a bo a sa go bue fela ka esi; mme ya re ka a le moperesiti yo mogolo ka ngwaga oo, a bo a bolelelapele fa Jesu a tlaa swela morafe.
52
E seng morafe oo o le osi, mme le gone e le gore a tle a phuthele gongwe bana ba Modimo ba ba faletseng.
53
Jalo go simolola fela ka letsatsi leo ba gakololana gore ba mmolaye.
54
Ke gone Jesu ga a ka a tlhola a tsamaya mo ponong mo Bajuteng, mme a tswa teng a ya kwa lefatsheng le le tshwaraganyeng le naga fela, kwa motseng o o bidiwang Eferaime; a ya a tlholatlhola teng le barutwa ba gagwe.
55
Jaana Tlolaganyo ya Bajuta e ne e le gaufi; batho ba le bantsi ba ba tswang mo lefatsheng ba tlhatlogela kwa Jerusalema pele ga Tlolaganyo, ba ya go iitshekisa.
56
Ke gone ba batla Jesu, mme ba bua mmogo ba eme mo tempeleng, ba re: “Lo gopolang? A ke gore ga a ketla a tla mo modirong?”
57
Jaana ditlhogo tsa baperesiti le Bafarisai ba bo ba laotse gore fa mongwe a itse kwa o leng teng, a go supe, gore ba mo tshware.
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 12 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21