bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
John 2
John 2
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 3 →
1
E rile ka tsatsi la boraro, ga bo go le nyalo kwa Kana wa Galilea; mme mma Jesu a bo a le teng;
2
Jesu le ene a lalelediwa nyalong, le barutwa ba gagwe.
3
Ya re bojalwa jwa mofine bo tlhaela, mma Jesu a mo raya a re: “Ga ba na bojalwa jwa mofine.”
4
Jesu a mo raya a re: “Mosadi, ke dirang ka wena? Lobaka lwa me ga lo ise lo tle.”
5
Mmaagwe a raya batlhanka a re: “Se o se lo rayang lo se dire fela.”
6
Ga bo go le ditsaga tsa lentswe di le thataro, di beilwe teng ka fa mokgweng wa Bajuta wa bontlafatso, nngwe le nngwe e lekanye diemere di supa, kgotsa di some.
7
Jesu a ba raya a re: “Thelang metsi mo ditsageng, di tlale.” Ba di thela tsa tlalela ruri.
8
A ba raya a re: “Gang jaana, lo ise kwa molebalebing wa modiro.” Mme ba a isa.
9
Ya re molebalebi wa modiro a leka metsi mo ganong, a jaanong a fetogileng bojalwa jwa mofine, a sa itse kwa a tswang teng, mme batlhanka ba ba gileng metsi ba bo ba itse, molebalebi wa modiro a bitsa monyadi.
10
A mo raya a re: “Batho botlhe ba tle ba beye bojalwa jwa mofine jo bo monate pele; e re batho ba sena go nwa thata, foo ba beye jo bo seng monate; mme wena, bojalwa jwa mofine jo bo monate o bo boloketse lobaka lono.”
11
Tshimologo e ya ditshupo tsa gagwe, Jesu o e dirile mo Kana wa Galilea, a bonatsa kgalalelo ya gagwe; mme barutwa ba gagwe ba dumela mo go ene.
12
Morago ga moo a fologela kwa Kaperenaume, ene le mmaagwe, le bomonnawe, le barutwa ba gagwe; mme ba tlhola teng malatsi a se mantsi.
13
Tlolaganyo ya Bajuta ya bo e le gaufi, mme Jesu a tlhatlogela kwa Jerusalema.
14
A ya mo tempeleng a fithlela ba ba rekisang dikgomo, le dinku le maphoi, le ba ba ananyang madi ba dutse teng.
15
A tshopha senteo sa megala, a di lelekela tsotlhe kwa ntle ga tempele, dinku le dikgomo; le madi a ba ba a ananyang a a goromeletsa fa fatshe, le dimati tsa bone a di pitikolola;
16
ba ba rekisang maphoi a ba raya a re: “Tlosang dilo tse fa; se ntsheng ntlo ya ga Rre ntlo ya thekelo.”
17
Barutwa ba gagwe ba gakologelwa fa go kwadilwe ga twe: “Tlhoafalelo ya ntlo ya gago e tlaa nja.”
18
Ke gone Bajuta ba mo fetola ba re: “O re supetsa sesupo sefe ka e le fa o dira dilo tse?”
19
Jesu a ba fetola a re: “Digang tempele e, mme ke tlaa e tsosa ka malatsi a le mararo.”
20
Foo Bajuta ba re: “Tempele e e jele dinyaga di le 46 mo go agiweng, a o tlaa e tsosa ka malatsi a le mararo?”
21
Mme ene a bo a bua ka ga tempele ya mmele wa gagwe.
22
Ke gone e rileng a sena go tsosiwa mo baswing, barutwa ba gagwe ba gakologelwa fa a kile a bua jalo; ba dumela dikwalo le lefoko le Jesu o le buileng.
23
Jaana e rile a ile Tlolaganyong kwa Jerusalema, e le ka lobaka lwa modiro, batho ba le bantsi ba dumela mo ineng la gagwe, ka ba bona ditshupo tsa gagwe tse o di dirang.
24
Jesu a se ka a ba ikanya go ba ineela, gonne a itse batho botlhe;
25
gape o ne a sa tlhoke gore ope a supe ka ga motho; gonne ene ka esi a itse se se mo mothong.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21