bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
John 7
John 7
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 8 →
1
Morago ga dilo tse Jesu a sala a ntse a tsamaya mo Galilea, gonne a gana go tsamaya mo Jutea, ka Bajuta ba senka go mmolaya.
2
Jaana modiro wa Bajuta, e bong modiro wa Metlaagana, wa bo o le gaufi.
3
Foo bomonnawe ba mo raya ba re: “Tloga mono, o ye kwa Jutea, gore barutwa ba gago le bone ba bone ditiro tsa gago tse o di dirang.
4
Gonne ga go motho ope yo o dirang sengwe mo sephiring, mme ene ka esi a senka go itsiwe mo ponalong. Fa o dira dilo tse, iponaletse lefatshe.”
5
Gonne le e leng bone bomonnawe ba ne ba sa dumele mo go ene.
6
Jesu a ba raya a re: “Lobaka lwa me ga lo ise lo tle; mme lobaka lwa lona lo a bo lo ntse lo etleetsegile gale.
7
Lefatshe ga le ka ke la ila lona; mme nna le a nkila, ka gobo ke supa ka ga lone, fa ditiro tsa lone di le bosula.
8
A go ye lona kwa modirong; nna ke tlaa nama ke ise ke ye kwa modirong o, ka lobaka lwa me ga lo ise lo dirale.”
9
Ya re a sena go bua dilo tse nabo, a nama a sa tlhotse mo Galilea.
10
E rile bomonnawe ba sena go ya kwa modirong le ene a sala a ya, e seng mo ponalong, ya ne e kete ka go iphitlha.
11
Ke gone Bajuta ba mmatla mo modirong ba re: “O kae?”
12
Ga nna ngongorego e kgolo mo matshutitshuting a batho ka ga gagwe; bangwe ba re: “Ke motho yo o molemo,” ba bangwe ba re: “Nnyaa, o timetsa batho.”
13
Le fa go ntse jalo ga bo go se na motho ope yo o buang ka ga gagwe mo ponong, ka go boifa Bajuta.
14
E rile jaana go setse go le fa gare ga modiro, Jesu a tlhatlogela kwa tempeleng, mme a ruta.
15
Foo Bajuta ba gakgamala ba re: “Ana motho yo o itse jang dikwalo, ka a se ka a ithuta gope?”
16
Jesu a ba fetola a re: “Thuto ya me, ga se ya me; ke ya yo o nthomileng.
17
Fa motho le fa e le mang a rata go dira go rata ga gagwe, o tlaa itse ka ga thuto, gore a e tswa mo Modimong, kgotsa ke ipuisa fela.
18
Yo o ipuisang fela, o senka go ikgalaletsa, mme yo o senkang go galaletsa yo o mo romileng, mme ke ene wa boammaaruri, ga go na tshiamololo epe mo go ene.
19
A Moše ga a a lo naya molao, le fa go ntse jalo go bo go se ope wa lona yo o dirang molao? Lo senkelang go mpolaya?”
20
Batho ba bantsi ba mo fetola ba re: “O na le diabolo; e mang yo o senkang go go bolaya?”
21
Jesu a ba fetola a re: “Ke dirile tiro nngwe, mme lwa gakgamala lotlhe.
22
Moše o lo neile bogwera ka ntlha ya gone mo – e se gore bo tswa mo go Moše, mme bo tswa mo go borara – mme lo tle lo rupise motho go le Sabata.
23
Mme fa motho a rupisiwa go le Sabata, gore molao wa ga Moše o se ka wa tlolwa; a lo bogale le nna, ka gobo motho ke mo fodiseditse ruri go le Sabata?
24
Se atlholeng ka fa ponong ya matlho, mme atlholang ka katlholo e e siameng.”
25
Ke gone bangwe ba Jerusalema ba re: “A ga se ene yo ba mo senkang go mmolaya?
26
Bonang, o bua mo ponong, mme ga ba mo reye sepe. A ruri balaodi ba a itse fa yo e le Keresete?
27
Le fa go ntse jalo monna yo re a mo itse kwa o tswang teng; mogang Keresete o tlang, go tlaa bo go sa itse ope kwa o tswang teng.”
28
Foo Jesu a buela godimo mo tempeleng, a ruta a re: “Go le nna lo a nkitse, le kwa ke tswang teng, lo a go itse; mme ga ke a itere, mme yo o nthomileng o ammaaruri, yo lo sa mo itseng.
29
Nna ke a mo itse; gonne ke tswa kwa go ene, mme o nthomile.”
30
Foo ba senka go mo tshwara; mme go se ka ga dira le ope yo o mo tsenyang diatla, ka lobaka lwa gagwe lo ne lo ise lo tle.
31
Mme mo bontsing jwa batho ba le bantsi, ba mo dumela; ba re: “Mogang Keresete o tlang, a o tlaa dira ditshupo tse di fetang tse monna yo o di dirileng?”
32
Bafarisai ba utlwa jaaka batho ba bantsi ba sebetsanya dilo tse ka ga gagwe; mme ditlhogo tsa baperesiti le Bafarisai ba roma maotlana, gore ba ye go mo tshwara.
33
Foo Jesu a re: “Ke sa na le lona ka lobakanyana, mme ke tloga ke ya kwa go yo o ntlhomileng.
34
Lo tlaa mpatla, mme ga lo ketla lo mphitlhela; le kwa ke teng, ga lo ka ke lwa ya go fitlha teng.”
35
Foo Bajuta ba raana ba re: “Ana monna yo o tlaa ya kae kwa re se ketlang re mo fitlhela teng? A o tlaa ya kwa Phalading e e kwa Bagerikeng, a ya go ruta Bagerika?
36
Ana lefoko le ke eng, le o le buileng, a re: ‘Lo tlaa mpatla, mme ga lo ketla lo mphitlhela; le kwa ke teng, ga lo ka ke lwa ya go fitlha teng’?”
37
Jaana ya re ka letsatsi la bofelo, e bong letsatsi le legolo la modiro, Jesu a ema, a buela godimo a re: “Fa mongwe a nyorilwe, a a tle mo go nna, a nwe.
38
Yo o dumelang mo go nna, dinoka tsa metsi a a tshedileng di tlaa ela di tswa mo mpeng ya gagwe, jaaka dikwalo di buile.”
39
Golo mo, a go bua ka ga Mowa, o ba ba dumetseng mo go ene ba ne ba tlaa o amogela, gonne Mowa o ne o ise a abiwe, ka Jesu a ise a galalediwe.
40
Bangwe mo bontsing jwa batho ya re ba utlwa mafoko, a, ba re: “Ammaaruri, yo ke ene moperofeti.”
41
Ba bangwe, ba re: “Yo ke Keresete.” Bangwe ba re: “Ao! A Keresete o tswa kwa Galilea?
42
A dikwalo ga di a re: Keresete o tswa mo losikeng lwa ga Dafite, le kwa Bethelehema, motsana o Dafite o neng a nna mo go one?”
43
Jalo ga tsoga kgaogano mo bontsing jwa batho ka ga gagwe.
44
Bangwe ba rata go mo tshwara; mme go se ka ga nna ope yo o mo tsenyang diatla.
45
Foo maotlana a boela kwa ditlhogong tsa baperesiti le kwa Bafarisaing; mme ba ba raya ba re: “Lo ne lo sa tleleng nae?”
46
Maotlana a ba fetola a re: “Ga go ise go ko go bue motho ope jaaka ene.”
47
Foo Bafarisai ba a fetola ba re: “A le lona lo timeditswe?
48
A bangwe ba balaodi, kgotsa ba Bafarisai, ba dumetse mo go ene?
49
Batho ba ba bantsi ba ba sa itseng molao, ba hutsegile.”
50
Nikotemo – e bong ene yo o ne a ile kwa go Jesu gale, e le mongwe wa bone – a ba raya a re:
51
“A molao wa rona o tle o sekise motho o ise o utlwe mo go ene pele, mme o itse se o se dirang.”
52
Ba mo fetola ba re: “A le wena o wa Galilea? Botsisa, mme o bone fa go sa tswe moperofeti ope mo Galilea.”
53
Mme mongwe le mongwe a ya kwa ga gagwe.
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 8 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21