bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
John 13
John 13
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 14 →
1
Jaana e rile pele ga modiro wa Tlolaganyo, Jesu ka a itse fa lobaka lwa gagwe lo fitlhile, lwa go tswa mo lefatsheng leno a ya go Rara, e re ka a ratile ba gagwe ba ba mo lefatsheng, a ba ratela ruri go ya bokhutlong.
2
Ya re ka lobaka lwa go jewa selalelo, diabolo a setse a tlhotlheleditse pelo ya ga Jutase Isekariote, morwa Simone, gore a mo oke,
3
Jesu, ka a itse fa Rara a mo neetse dilo tsotlhe mo diatleng, le jaaka a ne a tswa Modimong, a bile a ya Modimong,
4
a ema ka dinao mo selalelong, a baya diaparo tsa gagwe tsa ka fa godimo, mme a tsaya sephimolo, a ikgatlha ka sone.
5
Foo a thela metsi mo mogotswaneng, a simolola go tlhapisa dinao tsa barutwa, a di phimola ka sephimolo se o ikgatlhileng ka sone.
6
Jalo a tla mo go Simone Petere. Mme ene a mo raya a re: “Morena, a ke wena o ka ntlhapisang dinao?”
7
Jesu a mo fetola a re: “Se ke se dirang ga o se itse gompieno; mme o tlaa nama o se tlhaloganya.”
8
Petere a mo raya a re: “Ga o ketla o ntlhapisa dinao gope.” Jesu a mo fetola a re: “Fa ke sa go tlhapise, ga o na kabalano le nna.”
9
Simone Petere a mo raya a re: “Morena, e seng dinao tsa me tsosi, mme le diatla tsa me le tlhogo ya me.”
10
Jesu a mo raya a re: “Yo o sapileng ga a tlhoke go tlhapa fa e se mo dinaong fela, mme o ba a le montle gotlhe fela; le lona lo bantle, mme e seng lotlhe.”
11
Gonne o ne a itse yo o tlaa mo okang; ke gone o rileng: “Ga lo bantle lotlhe.”
12
Jalo e rile a sena go ba tlhapisa dinao, le go tsaya diaparo tsa gagwe, a ba a dula, a ba raya a re: “A lo a itse se ke se lo diretseng?
13
Lo tle lo mpitse Moruti le Morena, mme lo bo lo bua sentle, gonne ke ntse jalo.
14
Ke gone, fa nna yo ke leng Morena le Moruti, ke tlhapisitse dinao tsa lona, le lona lo tshwanetse go tlhapisanya dinao.
15
Gonne ke lo beetse sekao, gore le lona lo dire jaaka ke lo diretse.
16
Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, motlhanka ga a mogolo go feta morena wa gagwe; le yo o romilweng ga a mogolo go feta yo o mo romileng.
17
Fa lo itse dilo tse, lo sego fa lo di dira.
18
“Ga ke bue ka ga lona lotlhe, ke a ba itse ba ke ba itshenketseng, mme ke gore lokwalo lo dirale lo lo reng: ‘Yo o jang senkgwe sa me, o ntsholeleditse serethe sa gagwe.’
19
Jaanong ke lo bolelela go sa le gale, go ise go dirafale, gore e tle e re go dirafala, lo bo lo dumele fa ke le ene.
20
Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, yo o tsholang yo ke mo romang o tshola nna; mme yo o tsholang nna o tshola ene yo nthomileng.”
21
E rile Jesu a sena go bua jalo, a fuduega mo moweng, mme a supa a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, mongwe wa lona o tlaa nkoka.”
22
Barutwa ba kobana, ba akabala gore o raya mang.
23
Mme fa lomating lwa bojelo, ga bo go le mongwe wa barutwa ba gagwe yo Jesu o mo ratang, a ikaegile fa sehubeng sa ga Jesu.
24
Foo Simone Petere a mo gwetlha, a mo raya a re: “Re bolelele yo Morena o buang ka ga gagwe.”
25
Mme yoo, ya re jaaka a ikaegile fa sehubeng sa ga Jesu, a mo raya a re: “Morena, ke mang?”
26
Jesu a mo fetola a re: “Ke yo ke tlaa mo inelang thathana, ke e mo naya.” Jalo ya re a sena go ina thathana, a e naya Jutase morwa Simone Isekariote.
27
Ya re morago ga thathana, Satane a tsena mo go ene. Foo Jesu a mo raya a re: “Se o se dirang o se dire ka bonako.”
28
Mme ga bo go se ope fa lomating lwa bojelo yo o itseng ka fa o buang lefoko le nae ka gone.
29
Gonne ya re ka Jutase a tshotse kgetsana ya madi, bangwe ba gopola gore Jesu o mo raya gore, a ye go rekela modiro dilo tse ba di tlhokang; kgotsa a abele bahumanegi sengwe.
30
Ke gone e rileng a sena go amogela thathana a akofa a tswela kwa ntle; mme ga bo go le bosigo.
31
Ke gone e rileng a sena go tswa, Jesu a re: “Jaanong Morwa Motho o galaleditswe, le Modimo o galaleditswe mo go ene;
32
Modimo o tlaa mo galaleletsa mo go one ka osi, o tlaa akofa o mo galaletsa.
33
Banyana, ke sa ntse ke na le lona ka lobakanyana. Lo tlaa mpatla; mme jaaka ke reile Bajuta ka re: Kwa ke yang teng, ga lo ka ke lwa ya go fitlha teng; le gompieno ke bua jalo le lona.
34
Ke lo naya taolo e ntšha, ya go re, lo ratane; fela jaaka ke lo ratile go re, le lona lo ratane.
35
Batho botlhe ba tlaa itse fa lo le barutwa ba me ka mo, fa lo ratana.”
36
Simone Petere a mo raya a re: “Morena, o ya kae?” Jesu a mo fetola a re: “Kwa ke yang teng ga o ka ke wa ntshala morago gompieno; mme o tlaa nama o ntatela.”
37
Petere a mo raya a re: “Morena, ke bo ke sa ka ke ka go sala morago le fa e le gompieno, go bo go dirile jang? Aitse ke tlaa go beela botshelo jwa me.”
38
Jesu a mo fetola a re: “A o a bo o tlaa mpeela botshelo jwa gago? Ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, koko e tona ga e ketla e lela, o ise o bo o intatole gararo.
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 14 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21