bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
John 16
John 16
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 17 →
1
“Dilo tse ke di buile le lona gore lo se ka lwa kgopisiwa ke batho.
2
Ba tlaa lo kgaola mo matlong a thuto. Ee, motlha o etla, o mongwe le mongwe yo o lo bolayang ka one, o tlaa gopola gore o direla Modimo.
3
Dilo tse ba tlaa di dira, ka gobo ba ntse ba sa itse Rara, le fa e le nna.
4
Dilo tse ke di buile le lona, gore e tle e re motlha wa tsone o tla, lo bo lo di gakologelwe ka fa ke lo boleletseng ka gone. “Dilo tse ga ke a ka ka di bua le lona mo tshimologong, ka gobo ke ne ke na le lona.
5
Jaanong ke ya kwa go ene yo o nthomileng; mme ga go ope wa lona yo o mpotsang, go re: ‘O ya kae?’
6
Bohutsana bo tletsa ka dipelo tsa lona, ka gobo ke lo boleletse dilo tse.
7
Le fa go ntse jalo ke lo bolelela boammaaruri; go ka nna molemo ka ga lona fa ke tsamaya, gonne fa ke sa tsamaye, Mogomotsi ga a ketla a tla mo go lona; mme fa ke tsamaya, ke tlaa mo roma mo go lona.
8
Mme ene o tlaa re a tsile, o tlaa senolela lefatshe molato ka ga boleo, le ka ga tshiamo, le ka ga katlholo;
9
ka ga boleo, ka gobo ba sa dumele mo go nna;
10
ka ga tshiamo, ka gobo ke ya kwa go Rara, mme lo sa tlhole lo mpona;
11
ka ga katlholo ka gobo kgosana ya lefatshe leno e atlhotswe.
12
“Ke sa na le dilo di le dintsi go di bua le lona, mme ga lo ka ke lwa di itshokela gompieno.
13
Le fa go ntse jalo, mogang one Mowa wa boammaaruri o tsileng, o tlaa lo gogela mo boammaaruri o tsileng, o tlaa lo gogela mo boammaaruring jotlhe; gonne ga o ketla o ipuisa ka osi; mme dilo tse o di utlwang le fa e ka nna dife, ke tsone tse o di buang; mme o tlaa lo bolelela dilo tse di tlaa tlang.
14
O tlaa nkgalaletsa; gonne o tlaa tsaya ga mo e leng ga me, o go lo bolelele.
15
Dilo tsotlhe fela tse Rara o nang natso ke tsa me; ke gone ke rileng, o tsaya ga mo e leng ga me, mme o tlaa go lo bolelela.
16
“E tlaa re ka lobakanyana, lo bo lo sa tlhole lo mpona; mme gape ka lobakanyana, lo tlaa mpona.”
17
Foo bangwe ba barutwa ba gagwe ba raana ba re: “Mo o go buang le rona ke go reng, a re: ‘E tlaa re ka lobakanyana, lo bo lo sa mpone; mme gape, ka lobakanyana, lo tlaa mpona,’ gape, a re: ‘Ka gobo ke ya kwa go Rara’?”
18
Ke gone ba reng: “Se o se buang ke eng, a re: ‘Ka lobakanyana’? Ga re itse se o se buang.”
19
Jesu a lemoga fa ba rata go mmotsa, mme a ba raya a re: “A lo botsanya ka ga le, fa ke re: ‘E tlaa re ka lobakanyana lo bo lo sa mpone, mme gape ka lobakanyana, lo tlaa mpona’?
20
Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, lona lo tlaa lela, lo hutsafala mme lefatshe le tlaa itumela; lo tlaa nna le bohutsana, mme bohutsana jwa lona bo tlaa fetoga boitumelo.
21
Mosadi o na le bohutsana a le mo go belegeng, ka gobo lobaka lwa gagwe lo tsile; mme e a re a sena go belega ngwana, o a ba a sa tlhole a gakologelwa botlhoko, ka boitumelo jwa gore motho o tsaletswe mo lefatsheng.
22
Ke gone le lona lo na le bohutsana gompieno; mme ke tlaa ba ke lo bona, dipelo tsa lona di tlaa itumela, mme ga go ope yo o tlaa lo tlosetsang boitumelo jwa lona.
23
“Mo letsatsing leo ga lo ketla lo mpotsa sepe. Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, fa lo lopa Rara sengwe, o tlaa se lo naya ka leina la me.
24
Ga lo ise lo ko lo lope sepe ka leina la me le gompieno; lopang, mme lo tlaa amogela, gore boitumelo jwa lona bo dirafale.
25
“Dilo tse ke di buile le lona ka diane; motlha o etla o ke se ketlang ke tlhola ke bua le lona ka diane ka one, mme ke tlaa lo bolelela ka thanolo ka ga Rara.
26
Mo tsatsing leo lo tlaa lopa ka leina la me; mme ga ke lo reye go re, ke tlaa lo rapelela Rara;
27
gonne Rara ka esi o a lo rata, gonne lo nthatile, lo bile lo dumetse fa ke tswa kwa go Rara.
28
Ka tswa kwa go Rara, mme ke tsile mo lefatsheng; gape, ke tlogela lefatshe, ke ya kwa go Rara.”
29
Barutwa ba gagwe ba re: “Bona, jaanong o bua ka thanolo, ga o bue seane.
30
Jaanong re a itse fa o itse dilo tsotlhe, mme o sa tlhoke gore motho ope a go botse; re a dumela ka mo fa o no o tswa Modimong.”
31
Jesu a ba fetola a re: “A gompieno lo a dumela?
32
Bonang lobaka lo etla, ee, lo setse lo fitlhile, lo lo tlaa faladiwang ka lone, mongwe le mongwe a ya ga gabo, lo ntlogela ke le nosi, le fa go ntse jalo ga ke nosi, ka ke na le Rara.
33
Dilo tse ke di buile le lona, gore lo nne le kagiso mo go nna. Mo lefatsheng lo na le pitlagano; mme nametsegang; ke fentse lefatshe.”
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 17 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21