bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
John 15
John 15
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 16 →
1
“Ke nna mofine wa ammaaruri, Rre ke ene Mmaakanyi wa tshimo.
2
Kala nngwe le nngwe e e mo go nna, e e sa ungweng, o a e tlosa; mme kala nngwe le nngwe e e ungwang, o a e ntlafatsa, gore e ungwe bogolo.
3
Lona lo setse lo le bantle le jaana, ka ntlha ya lefoko le ke le buileng le lona.
4
Nnang mo go nna, le nna mo go lona. Jaaka kala e sa ka ke ya ungwa ka yosi, fa e sa nne mo mofineng; go ntse jalo le lona, fa lo sa nne mo go nna.
5
“Ke nna mofine, lona lo dikala; yo o nnang mo go nna, le nna mo go ene, ke ene yo o ungwang segolo, gonne kwa ntle ga me ga lo ka ke lwa dira sepe.
6
Fa motho a sa nne mo go nna, o latlhelwa kwa ntle jaaka kala, mme e omelele; batho ba di kgobokanye, ba di latlhele mo molelong, mme di jewe ke molelo.
7
Fa lo nna mo go nna, le mafoko a me a nna mo go lona, lopang se lo se ratang, mme lo tlaa se direlwa.
8
Rre o galalediwa ke mo, ke go re, fa lo ungwa segolo; jalo lo tlaa nna barutwa ba me.
9
Fela jaaka Rara a nthatile, le nna ke lo ratile; nnang mo loratong lwa me.
10
Fa lo tshegetsa ditaolo tsa me, lo tlaa nna mo loratong lwa me; fela jaaka ke tshegeditse ditaolo tsa ga Rre, mme ke ntse mo loratong lwa gagwe.
11
“Dilo tse ke di buile le lona, gore boitumelo jwa me bo nne mo go lona, le gore boitumelo jwa lona bo dirafale.
12
Taolo ya me ke e, gore lo ratane, fela jaaka le nna ke lo ratile.
13
Ga go ope yo o nang le lorato lo lo fetang lo, fa motho a ka beela ditsala tsa gagwe botshelo jwa gagwe.
14
Lona lo ditsala tsa me, fa lo dira dilo tse ke di lo laolelang.
15
Ga ke tlhole ke lo bitsa batlhanka; gonne motlhanka ga a itse se morena wa gagwe o se dirang; mme ke lo biditse ditsala; gonne dilo tsotlhe tse ke di utlwile mo go Rre, ke di lo itsisitse.
16
Ga lo a ka lwa intshenkela; ke nna ke itshenketseng lona, mme ka lo laolela go ya go ungwa, le gore loungo lwa lona lo tlhomame; gore e tle e re se lo se lopang Rara, le fa e ka nna eng, ka leina la me, a se lo neye.
17
Dilo tse ke a di lo laolela, gore lo ratane.
18
“Fa lefatshe le lo ila, lo a itse fa le nkidile pele, le ise le lo ile.
19
Fa lo ne lo le ba lefatshe, le ne le tlaa rata ba e leng ba lone; mme e re ka lo se ba lefatshe, mme ke lo itshenketse mo lefatsheng, ke gone lefatshe le lo ilang.
20
Gakologelwang lefoko le ke le buileng le lona, ka re: ‘Motlhanka ga a mogolo go feta morena wa gagwe.’ Fa ba mpogisitse, le lona ba tlaa lo bogisa; fa ba tshegeditse lefoko la me, le la lona ba tlaa le tshegetsa.
21
Dilo tsotlhe tse, ba tlaa di lo direla ka ntlha ya leina la me, ka gobo ba sa itse yo o nthomileng.
22
Fa ke ka bo ke se ka ka tla ka bua le bone, ba ka bo ba se na boleo; jaanong ga ba na seipato mo boleong jwa bone.
23
Yo o nkilang, o ila le ene Rre.
24
Fa ke ka bo ke se ka ka dira mo go bone ditiro tse ope o sele o se kang a di dira, ba ka bo ba se na boleo; mme jaanong ba mponye, ba bile ba idile nna le Rre.
25
Mo go a dirafala, gore lefoko le tlhomamisiwe, le le kwadilweng mo molaong wa bone, ga twe: ‘Ba nkidile ka bomo fela.’
26
“E tlaa re fa Mogomotsi a tsile, yo ke tlaa mo romang mo go lona, a tswa kwa go Rara, e bong Mowa wa boammaaruri, o o tswang mo go Rara, ene o tlaa supa ka ga me;
27
mme le lona lo a supa, gonne lo ntse lo na le nna go tswa kwa tshimologong.
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 16 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21