bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
John 5
John 5
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 6 →
1
Morago ga dilo tse ga bo go le modiro mongwe wa Bajuta; mme Jesu a tlhatlogela kwa Jerusalema.
2
Jaana go na le lekadiba mo Jerusalema, fa kgorong ya dinku, le le bidiwang Betheseta mo puong ya Sehebere, le na le diobo di le tlhano.
3
Mo diobong tse ga bo go le bontsi jwa balwetse, difofu, le batlhotsi le ba ba omeletseng, ba lebeletse kgobero ya metsi.
4
(Gonne moengele o ne a tle a fologele mo lekadibeng motlha mongwe, mme a kgobere metsi; ke gone yo e leng wa ntlha go tsena, metsi a sena go kgoberwa, a fole, le fa e ka ne e le pobolo efe e e mo tshwereng.)
5
Mme ga bo go le monna mongwe teng yo o tshwerweng ke seemera ka dinyaga di le 38.
6
E rile Jesu a mmona a namaletse fa fatshe, a itse fa a sa bolo go nna mo popegong e e ntseng jalo, a mo raya a re: “A o rata go fola?”
7
Molwetse a mo fetola a re: “Morena, ga ke na motho ope yo e a reng metsi a kgoberwa a ntsenye mo lekadibeng; e a tle e re ke sa ntse ke tla mongwe a fologele pele ga me.”
8
Jesu a mo raya a re: “Namologa, o tseye bolao jwa gago, o tsamaye.”
9
Monna yo a fola fela ka bonako, a tsaya bolao jwa gagwe, a tsamaya. Jaana letsatsi leo ya bo e le la Sabata.
10
Jalo Bajuta ba raya yo o fodisitsweng ba re: “Go Sabata, ga go a letlelelwa gore o ka tsaya bolao jwa gago.”
11
A ba fetola a re: “Yo o mphodisitseng ke ene yo o ntheileng a re: ‘Tsaya bolao jwa gago o tsamaye.’ ”
12
Ba mmotsa ba re: “E mang monna yo o go reileng a re: ‘Tsaya bolao jwa gago o tsamaye’?”
13
Mme ene yo o fodisitsweng a bo a sa itse gore e ne e le mang; gonne Jesu o na a itsamaetse fela, ka go ne go le bontsi jwa batho mo felong foo.
14
Ya re morago ga moo, Jesu a mo fitlhela mo tempeleng, a mo raya a re: “Bona, o fodisitswe; o se ka wa tlhola o leofa, e se re kgotsa se se bosula bogolo sa go wela.”
15
Monna yo a tsamaya, a ya a bolelela Bajuta fa e le Jesu yo o mo fodisitseng.
16
Bajuta ba tloga ba bogisa Jesu ka ntlha ya gone moo, ba batla go mmolaya, ka a dira dilo tse ka Sabata.
17
Mme Jesu a ba fetola a re: “Rre o ntse a dira le gompieno, le nna ke a dira.”
18
Bajuta ba gakalela bogolo go mmolaya ka moo, ka gobo ga se gore o tlola Sabata go le gosi, mme le gone a re Modimo ke Rraagwe tota, a itekanya le Modimo.
19
Foo Jesu a ba fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, Morwa ga a na go dira sepe ka esi, fa e se se o bonang Rara a se dira; gonne dilo tse o di dirang, Morwa le ene o di dira fela jalo.
20
Gonne Rara o rata Morwa, mme o mo supetsa tsotlhe tse o di dirang, mme o tlaa mo supetsa ditiro tse dikgolo bogolo go tse, gore lo gakgamale.
21
Gonne jaaka Rara a tsosa baswi, a ba rudise, go ntse fela jalo, Morwa le ene o rudisa ba o ratang go ba rudisa.
22
Rara ga a atlhole motho ope, mme katlholo yotlhe o e neetse Morwa;
23
gore botlhe ba tlotle Morwa fela jaaka ba tlotla Rara. Yo o sa tlotleng Morwa ga a tlotle Rara yo o mo romileng.
24
“Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, yo o utlwang lefoko la me, mme a dumela yo o nthomileng, o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ga a tle mo tshekisong; o dule mo losong o fetetse mo botshelong.
25
Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, lobaka lo etla, le gompieno lo fitlhile, lo baswi ba tlaa utlwang lentswe la Morwa Modimo ka lone; mme ba ba utlwang ba tlaa tshela.
26
Gonne jaaka Rara a na le botshelo mo go ene ka esi, o neetse Morwa le ene jalo, gore a nne le botshelo mo go ene ka esi.
27
O mo neetse thata ya go dira katlholo, ka e le Morwa Motho.
28
Se gakgamaleleng mo, gonne lobaka lo etla, lo botlhe ba ba mo diphupung ba tlaa utlwang lentswe la gagwe ka lone.
29
Mme ba tlaa tswa; ba ba dirileng molemo ba tswele tsogelong ya botshelo; mme ba ba dirileng bosula ba tswele tsogelong ya tshekiso.
30
“Ga ke na go dira sepe ke le nosi; ke atlhola jaaka ke utlwa; mme katlholo ya me e siame; ka gobo ke sa batle go rata ga me, fa e se go rata ga yo o nthomileng.
31
“Fa ke supa ka ga me, tshupo ya me e be e se ya ammaaruri.
32
Ke o sele yo o supang ka ga me; mme ke a itse fa tshupo e o e supang ka ga me e le ya ammaaruri.
33
Lo romile kwa go Johane, mme o supile ka ga boammaaruri.
34
Tshupo e ke e amogelang ga e tswe mo mothong; le fa go ntse jalo dilo tse ke di bua gore lo bolokwe.
35
Ene e ne e le lobone lo lo tukang, lo lo phatsimang; mme lwa rata go itumela ka lobaka mo leseding la gagwe.
36
Tshupo e ke nang nayo e kgolo go feta ya ga Johane; gonne ditiro tse Rara o di nneetseng go di wetsa, e bong tsone ditiro tse ke di dirang, di supa ka ga me, fa Rara a nthomile.
37
Le Rara yo o nthomileng o supile ka ga me, lona ga lo ise lo ko lo utlwe lentswe la gagwe gope, le fa e le go bona popego ya gagwe.
38
Le lefoko la gagwe ga le a nna mo go lona; gonne ene yo o mo romileng ga lo mo dumele.
39
Lo a tle lo fukutse dikwalo, ka lo itlhoma lo na le botshelo jo bo sa khutleng mo go tsone; tseo ke tsone tse di supang ka ga me;
40
lo gana go tla mo go nna gore lo bone botshelo.
41
“Ga ke amogele tlotlo mo bathong.
42
Lona ke a lo itse fa lo se na lorato lwa Modimo mo go lona ka losi.
43
Ke tsile ka leina la ga Rre, mme ga lo ntshole; fa o sele a tla ka leina la gagwe ka esi, ene lo tlaa mo tshola.
44
Ana lo ka dumela jang, lona ba lo amogalanang tlotlo, mme tlotlo e e tswang mo go o e leng Modimo o o osi, lo sa e batle?
45
Lo se ka lwa gopola gore ke tlaa lo baya molato kwa go Rara; go na le mongwe yo o lo bayang molato, e bong Moše yo lo tlhomileng tsholofelo ya lona mo go ene.
46
Gonne fa lo ka bo lo dumetse Moše le nna lo ka bo lo ntumetse; gonne o kwadile ka ga me.
47
Fa lo sa dumele dikwalo tsa gagwe, ana mafoko a me a molomo lo tlaa a dumela jang?”
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 6 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21