bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
John 20
John 20
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 21 →
1
Jaana e rile ka letsatsi la ntlha la beke, Maria Magetalene a ya kwa phupung go le ka maphakela, go sa ntse go le lefifi, mme a fitlhela lentswe le tlositswe fa phupung.
2
Foo a taboga a ya kwa go Simone Petere, le morutwa yo mongwe yo Jesu o mo ratang, mme a ba raya a re: “Ba tlositse Morena mo phupung, mme ga re itse kwa ba mmeileng teng.”
3
Foo Petere a tswa, a na le morutwa yo mongwe, ba tsamaela kwa phupung.
4
Ba taboga mmogo; mme morutwa yo mongwe a sia Petere, a fitlha pele fa phupung.
5
Mme ya re a inama a okomela mo teng, a bona matsela a leloba a ntse fela; le fa go ntse jalo a se ka a tsena mo teng.
6
Foo Simone Petere le ene a tla a mo setse morago, a tsena mo phupung; a bona matsela a leloba jaaka a ntse fela.
7
Letsela le le neng le mo fapile tlhogo, jaaka le sa nna le matsela a leloba, le phuthetswe le le losi fa thoko.
8
Foo ga tsena le ene morutwa yo mongwe, yo o fitlheleng pele fa phupung, mme a bona, a ba a dumela.
9
Gonne ka lobaka loo ba ne ba ise ba itse lokwalo, fa a tshwanetse go ba a tsoga mo baswing.
10
Jalo barutwa ba tloga ba boela kwa ga bone.
11
Maria a bo a eme ka fa ntle ga phupu a lela; mme ya re a ntse a lela, a inama, a okomela mo phupung;
12
a bona baengele ba le babedi ba ba apereng bosweu, ba dutse fa setoto sa ga Jesu se neng se le teng, mongwe a le fa tlhogong, yo mongwe fa dinaong.
13
Ba mo raya ba re: “Mosadi, o lelelang?” A ba raya a re: “Ke ka gobo ba tlositse Morena wa me, mme ga ke itse kwa ba mmeileng teng.”
14
Ya re a sena go bua jalo, a retologa, mme a bona Jesu a eme, mme a sa itse fa e le Jesu.
15
Jesu a mo raya a re: “Mosadi o lelelang? O batla mang?” Mme ene ka a gopotse gore ke mmaakanyi wa tshimo, a mo raya a re: “Morena, fa o mo tlositse, mpolelela kwa o mmeileng teng, mme ke tlaa mo tlosa.”
16
Jesu a mo raya a re: “Maria!” A ithetolola, a mo raya ka Sehebere, a re: “Raboni,” ke go re: “Moruti.”
17
Jesu a mo raya a re: “Se nkame; gonne ga ke ise ke tlhatlogele kwa go Rara; mme o ye kwa go bana ba ga Rre, o ba reye o re, ke tlhatlogela kwa go Rre, le Rraeno, le kwa go Modimo wa me, le Modimo wa lona.”
18
Maria Magetalene, a fitlha a bolelela barutwa a re: “Ke bonye Morena;” le jaaka a buile dilo tse nae.
19
Jaana ya re go sa le letsatsi leo, e le letsatsi la ntlha la beke, go le maabanyane, go bile go tswetswe fa barutwa ba leng teng, ka ntlha ya go boifa Bajuta, Jesu a fitlha a ema fa gare ga bone, a ba raya a re: “Kagiso e nne le lona.”
20
Ya re a sena go bua jalo, a ba supetsa diatla tsa gagwe le lotlhakore lwa gagwe. Foo barutwa ba itumela, ka ba bona Morena.
21
Foo Jesu a ba a ba raya gape, a re: “Kagiso e nne le lona. Jaaka Rara a nthomile, le nna ke roma lona jalo.”
22
Ya re a sena go bua jalo, a ba budulela mowa, a ba raya a re: “Amogelang Mowa o o Boitshepo;
23
le fa e le bomang ba dibe tsa bone lo di itshwarelang, ba di itshwaretswe; mme ba dibe tsa bone lo di emisang, di eme.”
24
Mme Thomase, mongwe wa ba ba 12, yo o bidiwang Didimo, e rile Jesu a tla, ene a bo a seyo mo go bone.
25
Barutwa ba bangwe ba mo raya ba re: “Rona re bonye Morena.” Mme a ba raya a re: “Fa ke sa bone dintho tsa dimapo mo diatleng tsa gagwe, ka tsenya monwana wa me mo dinthong tsa dimapo, ka ba ka tsenya seatla sa me mo lotlhakoreng lwa gagwe, ga nketla ke dumela.”
26
E rile malatsi a a 8 a sena go feta, barutwa ba gagwe ba bo ba bile ba le mo teng, le ene Thomase a na nabo. Jesu a tla go tswetswe, a ema fa gare ga bone, a re: “Kagiso e nne le lona.”
27
Foo a raya Thomase a re: “Ntshetsa kwano monwana, o bone diatla tsa me; ntshetsa kwano seatla, o se tsenye mo lotlhakoreng lwa me; se nne pelaelo mme o dumele.”
28
Thomase a mo fetola a re: “Morena wa me, le Modimo wa me.”
29
Jesu a mo raya a re: “O dumetse ka gobo o mponye; go sego ba ba sa bonang, le fa go ntse jalo ba dumetse.”
30
Jesu a dira ditshupo di le dintsi di sele fa pele ga barutwa ba gagwe, tse di sa kwalwang mo lokwalong lo;
31
mme tse, di kwadilwe gore lo dumele fa Jesu e le Keresete, Morwa Modimo; le gore lo bone botshelo mo ineng la gagwe ka go dumela.
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 21 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21