bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
John 21
John 21
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 20
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
1
E rile morago ga dilo tse, Jesu a ba a ipontsha barutwa ba gagwe gape kwa lewatleng la Tiberia, mme a iponatsa ka mokgwa o o ntseng jaana:
2
Ga bo go le mmogo Simone Petere, Thomase yo o bidiwang Didimo, le Nathanaele wa Kana wa Galilea, le bomorwa Sebete, le barutwa ba gagwe ba bangwe ba le babedi.
3
Simone Petere a ba raya a re: “Ke ya go tshwara ditlhapi.” Ba mo raya ba re: “Le rona re ya nao.” Ba bolola ba tsena mo mokorong; mme ba se ka ba lala ba tshwere sepe sigong joo.
4
Ya re bosigo boo sa, Jesu a ema fa mošaweng; le fa go ntse jalo barutwa ba bo ba sa itse fa e le Jesu.
5
Foo Jesu a ba raya a re: “Bana, a lo na le sengwe se se jewang?” Ba mo fetola ba re: “Nnyaa.”
6
A ba raya a re: “Digelang lotloa ka fa ntlheng ya letsogo le legolo ga mokoro, mme lo tlaa tshwara.” Foo ba lo digela, mme ba retelelwa ke go lo goga ka ntlha ya bontsi jwa ditlhapi.
7
Foo morutwa yo Jesu o mo ratang, a raya Petere a re: “Ke Morena.” Ya re Petere a utlwa fa e le Morena, a ikgatlhelela kobo ya gagwe, gonne o ne a sa apara sepe, mme a ithabuetsa mo lewatleng.
8
Barutwa ba bangwe ba tla ka mokorwana, gonne ba ne ba se kgakala le lefatshe, e ka ne e le sebaka sa mabogo a 200, boo ba tla ba goga lotloa lo tletse ditlhapi.
9
Jalo ya re ba tswela fa lefatsheng, ba bona molelo o o magala teng, o na le ditlhapi di besitswe mo go one, le senkgwe.
10
Jesu a ba raya a re: “Lereng ditlhapi dingwe tsa tse lo di tshwereng gompieno.”
11
Foo Simone Petere a pagama, a gogela lotloa kwa lefatsheng, lo tletse ditlhapi tse ditona, di le 153; mme le fa di le bontsi jo bo kalo, lotloa ga lo a ka lwa kgaoga.
12
Jesu a ba raya a re: “Tlang lo fitlhole.” Mme go se ka ga dira le ope wa barutwa yo o ka lekang go mmotsa go re: “O mang?” ka ba itse fa e le Morena.
13
Jesu a fitlha a tsaya senkgwe, a se ba naya le tsone ditlhapi jalo.
14
Ya bo e le lone lwa boraro fa Jesu a ipontsha barutwa, a sena go tsoga mo baswing.
15
Jalo e rile ba sena go fitlhola, Jesu a raya Simone Petere a re: “Simone, morwa Johane, a o a nthata bogolo go ba?” A mo raya a re: “Ee, Morena; o a itse fa ke go rata.” A mo raya a re: “Fudisa dikwanyana tsa me.”
16
A ba a mo raya gape lwa bobedi a re: “Simone, morwa Johane, a o a nthata?” A mo raya a re: “Ee, Morena o a itse fa ke go rata.” A mo raya a re: “Disa dinku tsa me.”
17
A mo raya lwa boraro a re: “Simone, morwa Johane, a o a nthata?” Petere a hutsafala ka gobo a mo reile lwa boraro a re: “A o a nthata?” Mme a mo raya a re: “Morena, o itse dilo tsotlhe; o itse fa ke go rata.” Jesu a mo raya a re: “Fudisa dinku tsa me.
18
Ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, e rile o sa le lekau, wa nna wa itlama fela, wa itsamaela kwa o go ratang; mme o tlaa re o tsofetse, o tlaa otlolola mabogo, mme o sele o tlaa go tlama, a go isa kwa o sa go rateng.”
19
Mme jaana, golo mo, a go bua, a kaya loso lo o tlaa galaletsang Modimo ka lone, ka fa lo tlaa nnang ka gone. Mme ya re a sena go bua jalo, a mo raya a re: “Ntshala morago.”
20
Petere a retologa, a bona morutwa yo Jesu o mo ratang a ba setse morago; e bong ene yo o neng a ikaega mo sehubeng sa gagwe, jale ka go jewa selalelo, a ba a bua a re: “Morena yo o go okang e mang?”
21
Petere ya re a mmona a raya Jesu a re: “Morena, mme motho yo, o tlaa dirang?”
22
Jesu a mo raya a re: “Fa ke rata a diega go tle go tsamaye ke tle, e be e le eng go wena? Wena o ntshale morago fela.”
23
Polelo eo ya anamela mo bakaulengweng, gore morutwa yoo, ga a ketla a swa; le fa go ntse jalo Jesu ga a ka a re ga a ketla a swa; fa e se go re: “Fa ke rata a diega go tle go tsamaye ke tle, e be e le eng go wena?”
24
Yo, ke ene morutwa yo o supang dilo tse, a ba a kwala dilo tse; mme re a itse fa tshupo ya gagwe e le ammaaruri.
25
Go bile go na le dilo di le dintsi di sele tse Jesu o di dirileng, tse e ka reng fa di ne di ka kwalwa tsotlhe, ke a gopola gore le e leng lefatshe le ne le sa ka ke la bonela dikwalo tse di neng di ka kwalwa sebaka sa go di tshola.
← Chapter 20
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21