bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
John 17
John 17
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 18 →
1
Jesu a bua dilo tse; mme a lelalela legodimong a re: “Rara, lobaka lo fitlhile; galaletsa Morwao gore Morwao a go galaletse;
2
fela jaaka o mo neile taolo mo nameng yotlhe, e tle e re bone ba o ba mo neileng le fa e ka ne e le mang, a ba neye botshelo jo bo sa khutleng.
3
Botshelo jo bo sa khutleng ke jo, gore ba go itse, wena, Modimo o o osi, o o boammaaruri, le ene yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.
4
Ke go galaleditse mo lefatsheng, ka ke weditse tiro e o e nneetseng go e dira.
5
Mme jaana, Rara, a ko o nkgalaletse nao, ka kgalalelo e ke neng ke ntse ke na nayo nao pele lefatshe le ise le nne.
6
“Leina la gago ke le bontshitse batho ba o ba lomolotseng mo lefatsheng wa ba nnaya; e ne e le ba gago, mme wa ba nnaya, mme ba tshegeditse lefoko la gago.
7
Jaanong ba a itse fa dilo tsotlhe fela tse o di nneileng di tswa kwa go wena;
8
gonne mafoko a o a nneileng ke a neile bone; ba a tshotse, mme ba itsile fa ruri ke tswa kwa go wena, ba bile ba dumetse fa o nthomile.
9
Ke a ba rapelela; ga ke rapelele lefatshe, fa e se bone ba o ba nneileng, gonne ke ba gago;
10
dilo tsotlhe tse e leng tsa me ke tsa gago, le tsa gago ke tsa me; mme ke galalediwa mo go tsone.
11
Ga ke tlhole ke le mo lefatsheng, mme bone ba mo lefatsheng, mme ke ya koo go wena. Rara yo o boitshepo, ba boloke ka leina la gago le o le nneileng, gore ba nne bangwe fela, jaaka rona.
12
Ke rile ke sa ntse ke nna nabo, ka ba boloka ka leina la gago le o le nneileng; ka ba femela, mme go se ka ga latlhega ope wa bone, fa e se ngwana wa tatlhego fela; gore lokwalo lo dirafale.
13
Jaana ke ya koo go wena; mme dilo tse, ke di bua mo lefatsheng, gore boitumelo jwa me bo dirale mo go bone ka bosi.
14
Ke ba neile lefoko la gago; mme lefatshe la ba ila, ka gobo ba se ba lefatshe, fela jaaka nna ke se wa lefatshe.
15
Ga ke rapele gore o ba ntshe mo lefatsheng, fa e se gore o ba dibele mo go yo o bosula.
16
Bone ga se ba lefatshe, fela jaaka nna ke se wa lefatshe.
17
Ba itshepise mo boammaaruring; lefoko la gago ke boammaaruri.
18
Jaaka o nthomile mo lefatsheng, le nna ke romile bone jalo mo lefatsheng.
19
Ke a iitshepisa ka ntlha ya bone, gore le bone ka bosi ba itshepisiwe mo boammaaruring.
20
“Le gone ga ke rapelele bone bosi, mme ke rapelela le ba ba dumelang mo go nna ka lefoko la bone;
21
gore ba nne bangwe fela botlhe; fela jaaka wena Rara o le mo go nna, le nna mo go wena, gore le bone ba nne mo go rona, gore lefatshe le dumele fa o nthomile.
22
Le kgalalelo e o e nneileng, ke e neile bone, gore ba nne bangwe fela, jaaka rona re le mongwe fela.
23
Nna mo go bone, le wena mo go nna, gore ba dirwe boitekanelo mo bongwefeleng; gore lefatshe le itse fa o nthomile, le gore o rata bone, fela jaaka o ratile nna.
24
“Rara, ba o ba nneileng, ke rata gore kwa ke teng, le bone ka bo ke na nabo; gore ba bone kgalalelo ya me, e o e nneileng; gonne o nthatile pele ga tlholego ya lefatshe.
25
Rara yo o tshiamo, lefatshe ga le a ka la go itse, mme nna ke go itsile; le ba, ba itsile fa o nthomile.
26
Ke ba itsisitse leina la gago, mme ke tlaa nna ke le ba itsise; gore lorato lo o nthatileng ka lone lo nne mo go bone, le nna ke nne mo go bone.”
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 18 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21