bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Exodus 17
Exodus 17
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 18 →
1
Phuthego yotlhe ya bana ba Iseraele ya tloga ya tswa mo nageng ya Sine, ka go tshetsa, ka fa taolong ya ga Jehofa, ba thibelela mo Refidime; mme ga bo go se na metsi a batho ba ka a nwang.
2
Batho ba ganela le Moše ka ntlha ya gone moo, ba re: “Re neye metsi gore re new.” Moše a ba raya a re: “Lo ganelelang le nna? Lo leka Jehofa ka ntlha yang?”
3
Batho ba nyorelwa metsi go nwa; batho ba ngongoregela Moše ba re: “O ne o re ntshetsang kwa Egepeto o tla go re bolaya le bana ba rona, le dikgomo tsa rona, ka lenyora?”
4
Moše a tlhaeletsa kwa go Jehofa, a re: “Batho ba ke tlaa ba dirang? Ekete ba iketleeditse go nkgobotletsa ka maje.”
5
Jehofa a raya Moše a re: “Fetela kwa pele ga batho, o itseele bagolwane bangwe ba Iseraele; o bo o tseye le thobane ya gago, e o ne wa itaya noka ka yone, o e tshole ka seatla, o tsamaye.
6
Ke tlaa ema fa pele ga gago gone mo lefikeng mo Horebe; o tlaa itaya lefika mme metsi a tlaa tswa mo go lone gore batho ba nwe.” Moše a dira jalo mo ponong ya bagolwane ba Iseraele.
7
Golo foo a go raya leina a re: Masa le Meriba, ka ntlha ya kganelo ya bana ba Iseraele, le ka gonne ba ne ba leka Jehofa ba re: “A Jehofa o mo gare ga rona kgotsa nnyaa?”
8
Foo ga tla Amaleke, a tlhabana le Iseraele mo Refidime.
9
Moše a raya Jošua a re: “Re tlhaolele banna, o bolole o ye go tlhabana le Amaleke; ka moso ke tlaa tsoga ke ema kwa tlhoreng ya thaba ke tshotse thobane ya Modimo mo seatleng sa me.”
10
Jalo Jošua a dira jaaka Moše a mo reile, a tlhabana le Amaleke. Moše, le Arone, le Hure, ba tlhatlogela kwa tlhoreng ya thaba.
11
Ga diragala, e ne e re fa Moše a tsholeditse letsogo, Iseraele a ba thatafalele; e re fa a digile letsogo, Amaleke a ba thatafalele.
12
Mabogo a ga Moše a bo a le bokete; mme ba tsaya lentswe, ba le baya tlase ga gagwe, a dula mo go lone. Arone le Hure ba tshegetsa mabogo a gagwe, mongwe a le ka fa ntlheng nngwe, yo mongwe a le ka fa ntlheng e nngwe; mme mabogo a gagwe a sisibala ga tsamaya letsatsi la phirima.
13
Mme Jošua a koafatsa Amaleke le batho ba gagwe ka bogale jwa tšhaka.
14
Jehofa a raya Moše a re: “Kwala se mo lokwalong gore e nne segopodiso, o se tsenye Jošua ka ditsebe o re: Ke tlaa phimolela ruri kgakologelo ya ga Amaleke, e tloga fa tlase ga legodimo.”
15
Moše a aga sebeso, a se raya leina a re, Jehofa-nisi;
16
a re: “Jehofa o ikanne; Jehofa o tlaa nna ntwa le Amaleke go tswa mo losikeng longwe go ya mo losikeng lo longwe.”
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 18 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40