bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Exodus 35
Exodus 35
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 34
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 36 →
1
Moše a phutha phuthego yotlhe ya bana ba Iseraele, a ba raya a re: “A, ke one mafoko a Jehofa o a laotseng, gore lo a dire.
2
Tiro e dirwe ka malatsi a le marataro, mme e re letsatsi la bosupa e nne letsatsi le lo le itshepetseng, e nne Sabata wa boitapolosetso Jehofa, jo bo masisi; le fa e le mang yo o dirang tiro ka lone a a bolawe.
3
Lo se ka lwa gotsa molelo mo maagong otlhe a lona ka letsatsi la Sabata.”
4
Moše a bua le phuthego yotlhe ya bana ba Iseraele a re: “Se, ke sone se Jehofa o se laotseng a re:
5
Ntshetsang Jehofa tshupelo mo go lona; mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e ratang, a e lere, tshupelo ya ga Jehofa: gouta, le selefera, le kgotlho.
6
Le bobududu, le bohibidu jo bo mokgona, le bohibidu jo bo letlhololo, le letsela la leloba le le boleta, le maodi a dipodi;
7
le matlalo a diphelefu a a tsentsweng mmala o mohibidu, le matlalo a manyebi, le dikgong tsa makala;
8
le lookwane lwa lesedi, le dinkgisa monate tsa lookwane lo lo tlolwang, le tsa maswalo a a nkgang monate;
9
le majana a šohama, le majana a a tlhongwang a sekhutlana, le a letlatla la sehuba.
10
“A motho mongwe le mongwe yo o pelo e e tlhalefileng mo go lona a tle, mme a dire tsotlhe tse Jehofa o di laotseng.
11
E bong motlaagana le mogope wa one, le sekhurumetso sa one, le dikgoge tsa one, le dimati tsa one, le merapalego ya one, le maotwana a one, le ditlhako tsa one;
12
le letlole le disikaro tsa lone; senno sa boutlwelo botlhoko le sesiro sa sebipo;
13
le lomati lwa bojelo le disikaro tsa lone, le dilwana tsotlhe tsa lone, le senkgwe sa tshupo;
14
le sone setlhomo sa lesedi, le dilwana tsa sone, le dilampa tsa sone, le lookwane lwa lesedi;
15
le sebeso sa maswalo, le disikaro tsa sone, le lookwane lo lo tlolwang, le maswalo a a nkgang monate, le sebipo sa mojako, fa mojakong wa motlaagana.
16
Sebeso sa tshupelo e e fisiwang, le leiso la sone le le setlatla la kgotlho, le disikaro tsa sone, le dilwana tsotlhe tsa sone, le mogopo o o tlhapelang le setlhomo sa one;
17
matsela a a lepelelang a lolwapa, le maotwana a lone, le ditlhako tsa one, le sebipo sa kgoro ya lolwapa;
18
dimapo tsa motlaagana, le dimapo tsa lolwapa, le megala ya tsone;
19
le diaparo tse di dirwang ka botswerere, tsa go direla mo felong ga boitshepo, diaparo tse di itshepileng tsa ga Arone moperesiti le diaparo tsa bomorwawe, go tla ba direla mo tirong ya boperesiti.”
20
Phuthego yotlhe ya bana ba Iseraele ya phatlalala ya tloga fa pele ga Moše.
21
Ba tla, mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e mo tlhotlheletsang, le mongwe le mongwe yo mowa wa gagwe o mo ratisitseng, mme ba lere tshupelo ya ga Jehofa, ya tiro ya mogope wa bophuthegelo, le ya tirelo yotlhe ya one, le ya diaparo tse di itshepileng.
22
Ba tla, banna ba na le basadi, e bong botlhe ba ba pelo e e ratang, ba lere dikgokedi tsa sehuba, le manyena a ditsebe, le manyena a dipala menwana a dikanela, le mefitshana, e le mekgabo ya gouta yotlhe fela, e bong monna mongwe le mongwe yo o ne a isetsa Jehofa tshupelo ya gouta.
23
Monna mongwe le mongwe yo go fitlhetsweng bobududu, le bohibidu jo bo mokgona, le bohibidu jo bo letlhololo, le letsela la leloba le le boleta, le maodi a dipodi mo go ene, le matlalo a diphelefu a a tsentsweng mmala o mohibidu, le matlalo a manyebi, a di lere.
24
Mongwe le mongwe yo o ntshang tshupelo ya selefera le kgotlho, a bo a lere tshupelo ya ga Jehofa; le monna mongwe le mongwe yo go fitlhetsweng dikgong tsa mokala mo go ene tsa tiro nngwe ya tirelo, a di lere.
25
Basadi botlhe ba ba pelo e e tlhalefileng ba otlha ka diatla tsa bone, ba lere se ba se otlhileng, bobududu le bohibidu jo bo mokgona, le bohibidu jo bo letlhololo, le letsela la leloba le le boleta.
26
Basadi botlhe ba pelo tsa bone di ba tlhotlheletsang mo botlhaleng, ba otlha maodi a dipodi.
27
Le balaodi ba lere majana a šohama, le majana a a tlhongwang a sekhutlana, le a letlatla la sehuba;
28
le dinkgisa monate, le lookwane; e le tsa lesedi le tsa lookwane lo lo tlolwang, le tsa maswalo a a nkgang monate.
29
Bana ba Iseraele ba lere tshupelo ya peleego fela kwa go Jehofa; e bong monna le mosadi mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e mo ratisitseng go di leretse tiro yotlhe, e Jehofa o e laotseng go dirwa ka seatla sa ga Moše.
30
Moše a raya bana ba Iseraele a re: “Bonang, Jehofa o biditse ka leina Besalele, morwa Uri, morwa Hure wa lotso lwa Juta;
31
o mo tladitse mowa wa Modimo wa botlhale, le wa tlhaloganyo, le wa kitso, le wa tiro nngwe le nngwe.
32
Le go akanyetsa ditiro tsa matsetseleko, go dira ka gouta, le ka selefera, le ka kgotlho.
33
Le wa go setela majana go tlhongwa, le wa go seta dikgong, go dira mo tirong ya botsetseleko.
34
O tsentse mo pelong ya gagwe gore a rute batho, ene le Oholiabe morwa Ahisamake, wa lotso lwa Dane.
35
Bao o ba tladitse botlhale jwa pelo, go dira ditiro dingwe le dingwe tsa mogabi wa majana, le tsa motsetseneki, le tsa motsantsabetsi ka bobududu, le ka bohibidu jo bo mokgona, le bohibidu jo bo letlhololo, le ka letsela la leloba le le boleta, le tsa mologi, e bong tsa bone ba ba dirang ditiro dingwe le dingwe, le tsa bone ba ba itseng go akanyetsa ditiro tsa matsetseleko.
← Chapter 34
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 36 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40