bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Exodus 24
Exodus 24
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 25 →
1
Jehofa a raya Moše a re: “Tlhatlogela kwa go Jehofa, wena, le Arone, le Natabe, le Abihu, le bagolwane ba Iseraele ba le 70; mme lo obame lo le kgakala.
2
Moše a le esi ke ene yo o tlaa atamelang kwa go Jehofa; mme bone ba se atamele; le gone batho ba se tlhatloge nae.”
3
Moše a fitlha a bolelela batho mafoko otlhe a ga Jehofa, le dikatlholo tsotlhe; mme batho botlhe ba fetola ka lentswe le le lengwe fela ba re: “Mafoko otlhe a Jehofa o a buileng re tlaa a dira.”
4
Moše a kwala mafoko otlhe a ga Jehofa, mme a phakela a aga sebeso fa tlase ga thaba, le difikantswe tse di motloutlo di le 12, jaaka ditso di le 12 tsa Iseraele.
5
A roma makau a bana ba Iseraele, ba isa ditshupelo tse di fisiwang, ba isetsa Jehofa ditlhabelo tsa dikgomo, e le ditshupelo tsa kagiso.
6
Moše a tsaya madi bontlhanngwe, a a tsenya mo dijaneng, mme bontlha e nngwe jwa madi a a kgatsha mo sebesong.
7
A tsaya lokwalo lwa kgolagano, a lo bala mo kutlong ya batho. Ba re: “Gotlhe mo Jehofa o go buileng re tlaa go dira, re go utlwa.”
8
Moše a tsaya madi, a kgatsha batho ka one, a re: “Bonang madi a kgolagano e Jehofa o e dirileng le lona ka ga mafoko otlhe a.”
9
Foo ga tlhatloga Moše le Arone, le Natabe le Abihu, le bagolwane ba Iseraele ba le masome a supa.
10
Ba bona Modimo wa Iseraele: Ka fa tlase ga dinao tsa one ga bo go ntse jaaka ekete sephara sa lentswe la safira, go galalela jaaka legodimo.
11
Mme mo dikgosaneng tsa bana ba Iseraele ga a ka a di isetsa seatla; ba bona Modimo, mme ba a ja ba a nwa fela.
12
Jehofa a raya Moše a re: “Tlhatlogela kwano go nna mo thabeng, mme o nne gone; ke tlaa go naya matlapa, le molao o ke o kwadileng le ditaolo, gore o di rute batho.”
13
Moše a nanoga le Jošua modiredi wa gagwe; Moše a tlhatlogela mo thabeng ya Modimo.
14
A raya bagolwane a re: “Lona lo re nnele fano re tsamaye re tle kwano go lona gape; lo na le Arone le Hure; mongwe le mongwe yo o nang le mafoko a a atamele bone.”
15
Moše a tlhatlogela mo thabeng, mme leru la khurumetsa thaba.
16
Kgalalelo ya ga Jehofa ya nna mo thabeng ya Sinai, le leru la e khurumetsa ka malatsi a le marataro; e rile ka letsatsi la bosupa a tlhaeletsa Moše a le mo gare ga leru.
17
Go bonala ga kgalalelo ya ga Jehofa ga bo go ntse jaaka molelo o o lailang mo godimo ga thaba, mo matlhong a bana ba Iseraele.
18
Moše a tsena mo teng ga leru, a tlhatlogela mo thabeng; Moše a nna mo thabeng ka malatsi a le 40 le masigo a le 40.
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 25 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40