bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Exodus 18
Exodus 18
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 19 →
1
Jaana Jethero moperesiti wa Midiane, mogwagadia Moše, a utlwela dilo tsotlhe tse Modimo o di diretseng Moše, le Iseraele batho ba one, jaaka Jehofa a ntshitse Iseraele mo Egepeto.
2
Jethero, mogwagadia Moše, a tsaya Sipora, mosadi wa ga Moše, ka a ne a mmuseditse kwa ga gabo,
3
le bomorwawe ba babedi: leina la mongwe e ne e le Gerešome, gonne a re: “Ke ntse ke le mojaki mo lefatsheng la boeng.”
4
Leina la yo mongwe e le Eliesere, gonne a re: “Modimo wa ga rre e ne e le thuso ya me, wa nkgolola mo tšhakeng ya ga Faro.”
5
Jethero mogwagadia Moše, a tla kwa go Moše a na le bomorwawe le mosadi wa gagwe; a tla mo nageng kwa o thibeletseng gone, fa thabeng ya Modimo.
6
Mme a raya Moše a re: “Nna Jethero, mogwagadio, ke tsile kwano go wena, ke na le mosadi wa gago le bomorwao boo babedi nae.”
7
Moše a tswa a ya go kgatlhantsha mogwagadie, mme a ikoba, a mo atla; ba botsanya ka fa ba tshedileng ka gone, mme ba tsena mo mogopeng.
8
Moše a bolelela mogwagadie tsotlhe tse Jehofa o di diretseng Faro le Baegepeto ka ntlha ya Iseraele, le pitlagano yotlhe e e ba wetseng mo tseleng, le jaaka Jehofa a ba golotse.
9
Jethero a itumelela molemo o Jehofa o o diretseng Iseraele, ka a ba golotse mo seatleng sa Baegepeto.
10
Jethero a re: “A go bakwe Jehofa, yo o lo golotseng mo seatleng sa Baegepeto, le mo seatleng sa ga Faro; yo o golotseng tšhaba e kwa tlase ga seatla sa Baegepeto.
11
Jaanong ke a itse fa Jehofa a le mogolo bogolo go medimo yotlhe; ee, le mo go se ba ne ba ba direla ka bopelompe ka sone.”
12
Jethero, mogwagadia Moše, a isetsa Modimo tshupelo e e fisiwang, le ditlhabelo; mme Arone a tla le bagolwane botlhe ba Iseraele, ba tla go ja dijo le mogwagadia Moše fa pele ga Modimo.
13
Ya re ka moso, Moše a dulela go atlhola batho; batho ba ema ba dikanyeditse Moše go simolola go le ka moso go ya maitseboeng.
14
E rile mogwagadia Moše a bona gotlhe mo o go direlang batho a re: “Ana ke eng mo o go direlang batho? O dulelang o le wesi, mme batho botlhe ba tlhola ba eme ba go dikanyeditse, go simolola go le ka moso go ya maitseboaneng?”
15
Moše a raya mogwagadie a re: “Ke ka gonne batho ba tla mo go nna ba tla go botsa Modimo;
16
ya re fa ba na le mafoko mangwe ba tle mo go nna; mme ke atlhole gare ga motho le wa ga gabo, ke be ke ba itsise ditao tsa Modimo, le melao ya one.”
17
Mogwagadia Moše a mo raya a re: “Mo o go dirang ga go molemo.
18
Ruri o tlaa tlhorega fela, wena, le batho ba o nang nabo; gonne mo o go dirang go bokete bobe mo go wena; ga o a lekana go go dira o le wesi.
19
A ko o utlwe lentswe la me, ke tlaa go naya kgakololo, mme Modimo o nne nao; ka re, wena o emele batho ntlheng ya Modimo, o ise mafoko a bone kwa Modimong,
20
o ba rute ditao le melao, o ba kaele tsela e ba tshwanetseng go tsamaya mo go yone, le tiro e ba tshwanetseng go e dira.
21
Gape, mo bontsing jwa batho o lebalebe banna ba ba nonofileng, ba ba boifang Modimo, banna ba boammaaruri, ba ba ilang papadi e e sa siamang; mme o tlhome ba ba ntseng jalo mo go bone, gore e nne balaodi ba dikete, le balaodi ba makgolo, le balaodi ba masome a matlhano, le baloadi ba masome;
22
ba atlhole batho ka metlha yotlhe; mme mafoko otlhe a matona ba a lere mo go wena, mme mafoko otlhe a mabotlana ba a atlhole ka bosi; jalo go nne bofefo mo go wena, ba rwale morwalo nao.
23
Fa o ka dira selo se, fa Modimo o go laola jalo, foo o ka bona go itshoka, le tšhaba yotlhe e, le yone e tlaa ya felong ga yone ka kagiso.”
24
Moše a reetsa lentswe la ga mogwagadie, a dira gotlhe mo o go buileng.
25
Moše a tlhaola banna ba ba nonofileng mo go Baiseraele botlhe, a ba dira ditlhogo mo bathong, balaodi ba dikete, le balaodi ba makgolo, le balaodi ba masome a matlhano, le balaodi ba masome.
26
Ba atlhola batho ka metlha yotlhe; mafoko a a thata ba a ise kwa go Moše, mme mafoko a mabotlana ba a atlhole ka bosi.
27
Moše a lesa mogwagadie a tsamaya; a ikela kwa lefatsheng la ga gabo.
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 19 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40