bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Exodus 29
Exodus 29
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 28
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 30 →
1
“Se ke sone se o tlaa se ba direlang go ba itshepisa, gore ba ntirele mo tirong ya boperesiti: tsaya poana ya kgomo, le diphelefu di le pedi tse di se nang bogole,
2
le senkgwe se se sa bedisiwang, le dipapetlana tsa dinkgwe tse di dubilweng ka lookwane, le dipapetlanyana tse di lotsatsa tse di sa bedisiwang, di tloditswe lookwane, o di dire ka setou sa mabele.
3
O tlaa di tsenya mo serotong se le sengwe fela, mme o di lere ka seroto, di tle le pholwana ya kgomo le diphelefu tse pedi.
4
“O atametse Arone le bomorwawe fa mojako ga mogope wa bophuthegelo, o ba tlhapise ka metsi.
5
O tseye diaparo, o apese Arone, hempe, le kobo e telele ya sekhutlana, le sone sekhutlana, le letlatla la sehuba, mme o mo tlame ka moitlamo wa sekhutlana, o o logilweng ka matsetseleko;
6
o mo rwese sefapatlhogo, o beye serwalo se se itshepileng mo godimo ga sefapatlhogo.
7
O tseye lookwane lo lo tlolwang, o lo thele mo tlhogong ya gagwe, o mo tlotse.
8
“O atametse bomorwawe, o ba apese bohempe;
9
o ba tlame ka meitlamo, e bong Arone le bomorwawe, mme o fapelele ditlhoro mo go bone; mme ba tlaa nna le boperesiti ka molao o o sa khutleng. Arone le bomorwawe o tlaa ba tshwaela tirelo ya ga Jehofa.
10
“O lere poana fa pele ga mogope wa bophuthegelo. Arone le bomorwawe ba beye diatla tsa bone mo tlhogong ya yone.
11
O e tlhabe fa pele ga Jehofa, fa mojako ga mogope wa bophuthegelo.
12
O tseye madi a kgomo, o a tshase dinaka tsa sebeso ka monwana wa gago; mme o tsholole madi otlhe fa tlase ga sebeso.
13
O tsee lomipi lotlhe le lotswalo lo lo ntseng sebete godimo, le diphilo tse pedi, le matlhaname a tsone, o di fisetse mo sebesong.
14
Nama ya kgomo, le letlalo la yone, le moswang wa yone, o di fise ka molelo kwa ntle ga bothibelelo: ke tshupelo ya boleo.
15
“Le gone o tseye phelefu e nngwe; mme a Arone le bomorwawe ba beye diatla tsa bone mo tlhogong ya phelefu;
16
o tlhabe phelefu, o tseye madi a yone, o a kgatshe mo sebesong, mo tikologong ya sone.
17
O kgaoganye phelefu makgabetlelo o yone, o tlhatswe boteng jwa yone, le ditlhako tsa yone, mme o di beye le makgabetlelo a yone, le tlhogo ya yone.
18
O fisetse phelefu yotlhe fela mo sebesong; ke tshupelo ya ga Jehofa e e fisiwang; ke lonko lo lo monate, ke tshupelo e e direlwang Jehofa ka molelo.
19
“O tseye phelefu e nngwe; mme Arone le bomorwawe a ba beye diatla tsa bone mo tlhogong ya phelefu.
20
O tlhabe phelefu, o tseye ga madi a yone, mme o a tshase ntlheng ya tsebe ya ga Arone ya ka fa letsogong le legolo, le dintlha tsa ditsebe tsa bomorwawe tsa ka fa tsogong le legolo, le dintlha tsa menwana ya bone e megolo ya letsogo le legolo, le dintlha tsa menwana ya bone e megolo ya dinao tsa ka fa tsogong le legolo, mme o kgatshe madi tikologong yotlhe ya sebeso.
21
O tseye ga madi a a mo sebesong, le ga lookwane lo lo tlolwang, o kgatshe Arone ka lone, le diaparo tsa gagwe, le bomorwawe, le diaparo tsa bone; mme o tlaa itshepa, le diaparo tsa gagwe, le bomorwawe, le diaparo tsa bone.
22
“Le gone mo phelefung o tseye mahura, le mahura a mogatla, le lomipi, le lotswalo lwa sebete, le diphilo tsoo pedi, le matlhaname a tsone, le serope sa ka fa letsogong le legolo; gonne ke phelefu ya tshwaelo,
23
le senkgwe se le sengwe fela, le papetla e le nngwe fela ya senkgwe se se tloditsweng, le papetlana e e lotsatsa e le nngwe fela, o di ntshe mo serotong sa senkgwe se se sa bedisiwang se se fa pele ga Jehofa.
24
O di beye gotlhe fela mo diatleng tsa ga Arone le mo diatleng tsa bomorwawe, o di fokise fa pele ga Modimo, e le tshupelo ya mofoko.
25
O di tseye mo mabogong a bone, o di fisetse mo sebesong, mo godimo ga tshupelo e e fisiwang, go nna lonko lo lo monate fa pele ga Jehofa; ke tshupelo e e direlwang Jehofa ka molelo.
26
“O tseye sehuba sa phelefu ya tshwaelo ya ga Arone, o se fokise fa pele ga Jehofa, e le tshupelo ya mofoko, e nne kabelo ya gago.
27
“O itshepise sehuba sa tshupelo ya mofoko, le serope sa tshupelo ya tsholetso se se fokisiwang le se se tsholediwang, tsa phelefu ya tshwaelo, e bong e e tswetseng Arone, le tsa yone e e tswetseng bomorwawe.
28
E nne tsa ga Arone le bomorwawe, e le tshiamelo ya bone ya ka bosakhutleng mo baneng ba Iseraele, gonne ke tshupelo ya tsholetso; mme e nne tshupelo ya tsholetso e e tswang mo baneng ba Iseraele e le ya ditlhabelo tsa ditshupelo tsa kagiso tsa bone, e bong tshupelo ya bone e e tsholelediwang Jehofa.
29
“Le diaparo tse di itshepileng tsa ga Arone di tlaa nna tsa bomorwawe morago ga gagwe, gore ba tlodiwe ba di apere, le go tshwaelelwa tiro ya ga Jehofa ba di apere.
30
Morwawe yo o tlaa nnang moperesiti mo boemong jwa gagwe, o tlaa di apara ka malatsi a supa, fa a tsena mo mogopeng wa bophuthegelo a ya go direla mo felong ga boitshepo.
31
“O tseye phelefu ya tshwaelo, o apeye nama ya yone mo felong gongwe fa go boitshepo.
32
Arone le bomorwawe ba tlaa jela nama ya phelefu le senkgwe se se mo serotong fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo.
33
Ba tlaa ja dilo tseo tse tetlanyo e dirilweng ka tsone, go ba tshwaya le go ba itshepisa; mme motho wa tšhaba ene a se ka a di ja, gonne di boitshepo.
34
Fa nama nngwe ya tshwaelo gongwe senkgwe, di ka salela moso, foo o fise se se setseng ka molelo; se se ka sa jewa, gonne se boitshepo.
35
“O direle Arone jalo, le bomorwawe, jaaka tsotlhe tse ke di go laoletseng, tiro ya botshwaelo o e dire ka malatsi a supa.
36
Ka tsatsi lengwe le lengwe o ise kgomo ya tshupelelo ya boleo go nna tetlanyo; o bo o ntlafatse sebeso, fa o se direla tetlanyo; o se tlotse, go se itshepisa.
37
O direle sebeso tetlanyo ka malatsi a supa, o se itshepise; mme sebeso se tlaa nna boitshepo jo bo itshepileng; le fa e le eng se se tlaa amang sebeso se tlaa nna boitshepo.
38
“Jaana se o tlaa se isang tshupelo mo sebesong ke se; dikwanyana di le pedi tsa ngwaga wa ntlha, ka letsatsi lengwe le lengwe, go sa khutle.
39
Kwanyana nngwe o e ise tshupelo go le ka moso; kwanyana e nngwe o e ise tshupelo go le maitseboa.
40
Kwanyana nngwe o e pataganye le serafo sa bosome sa emere wa setou sa mabele se tlhakantswe le hine, (ke go re, segela nkgwajana e e lekanyang), ya lookwane lo lo kgobilweng; le gone segela nkgwajana e e lekanyang sa bojalwa jwa mofine, go nna tshupelo e e nowang.
41
Kwanyana e nngwe o e ise tshupelo maitseboa, mme o e direle jaaka tshupelo ya bupe ya moso, le jaaka tshupelo ya go nowa ya yone, gore e nne lonko lo lo monate, tshupelo e e direlwang Jehofa ka molelo.
42
E nne tshupelo e e fisiwang e e sa khutleng go ya le dikokomana tsa lona, e e direlwang fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo fa pele ga Jehofa, kwa ke tlaa kopanelang le lona gone go bua le lona gone.
43
Ke tlaa kopana le bana ba Iseraele gone; mme mogope o tlaa itshepisiwa ka kgalalelo ya me.
44
Ke tlaa itshepisa mogope wa bophuthegelo le sebeso; Arone le ene le bomorwawe ke tlaa ba itshepisa, gore ba ntirele mo tirong ya boperesiti.
45
Ke tlaa aga mo gare ga bana ba Iseraele, ke tlaa nna Modimo wa bone.
46
Ba tlaa itse fa ke le Jehofa, Modimo wa bone, yo ke ba ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto, gore ke age mo go bone; ke nna Jehofa Modimo wa bone.
← Chapter 28
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 30 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40