bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Exodus 7
Exodus 7
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 8 →
1
Jehofa a raya Moše a re: “Bona, ke go dirile go nna modimo mo go Faro; mme Arone mogoloo, o tlaa nna mmueledi wa gago.
2
O bue tsotlhe tse ke di go laolelang; Arone mogoloo, o tlaa bua le Faro gore a lese bana ba Iseraele ba tswe mo lefatsheng la gagwe,
3
mme ke tlaa thatafatsa pelo ya ga Faro, ke ntsifatsa ditshupo tsa me le dikgakgamatso tsa me mo lefatsheng la Egepeto.
4
Faro ga a ketla a lo reetsa, mme ke tlaa baya seatla sa me mo Egepeto, ke ntsha masomosomo a me, tšhaba ya me, e bong bana ba Iseraele, mo lefatsheng la Egepeto, ka ditshekiso tse dikgolo.
5
Baegepeto ba tlaa itse fa ke le Jehofa, motlhang ke otlololelang Egepeto letsogo la me, ke ntsha bana ba Iseraele mo gare ga bone.”
6
Moše le Arone ba dira jaaka Jehofa a ba laotse, ba dira fela jalo.
7
E rile ba bua le Faro, Moše a bo a le dinyaga di le 80, mme Arone a bo a le dinyaga di le 83.
8
Jehofa a bua le Moše le Arone a re:
9
“E re fa Faro a bua le lona a re lo itshupe ka kgakgamatso; foo o reye Arone o re: ‘Tsaya thobane ya gago, o e latlhele fa pele ga Faro, gore e fetoge noga.’ ”
10
Moše le Arone ba tsena kwa go Faro ba dira jaaka Jehofa a ne a laotse; Arone a latlhela thobane ya gagwe fa pele ga Faro le fa pele ga batlhanka ba gagwe, mme ya fetoga noga.
11
Foo Faro le ene a bitsa matlhale le baloi; le bone ba dira fela jalo ka mereo ya bone, e le bone dingaka tsa Egepeto.
12
Ka gobo monna mongwe le mongwe a latlhela thobane ya gagwe, mme tsa fetoga dinoga; mme thobane ya ga Arone ya kometsa dithobane tsa bone.
13
Pelo ya ga Faro ya thatafala, a se ka a ba reetsa; fela jaaka Jehofa a buile.
14
Jehofa a raya Moše a re: “Pelo ya ga Faro e logwadi fela, o gana go lesa batho ba tsamaya.
15
Ya kwa go Faro ka moso; bona, ene o tlaa tswa a ya kwa metsing; wena o eme fa lotshitshing lwa noka go mo kgatlhantsha gone; thobane e e neng e fetolwa noga, o e tshole mo seatleng sa gago.
16
O mo reye o re: ‘Jehofa, Modimo wa Bahebere o nthomile kwa go wena a re: Lesa batho ba me ba tsamaye, ba ye go ntirela kwa nageng; mme bona, aitse o a bo o ntse o sa reetsa le jaana.
17
Jehofa o bua jaana a re: O tlaa itse fa ke le Jehofa ka se: Bona, ke tlaa itaya metsi a a mo nokeng ka thobane e e mo seatleng sa me, mme a tlaa fetoga madi.
18
Ditlhapi tse di mo nokeng di tlaa swa, le noka e tlaa nkga sebodu; Baegepeto ba tlaa sulafalelwa ke go nwa metsi a noka.’ ”
19
Jehofa a raya Moše a re: “Raya Arone o re: ‘Tsaya thobane ya gago o otlolole letsogo la gago godimo ga metsi a Egepeto, godimo ga dinoka tsa bone, godimo ga dinokana tsa bone, le godimo ga makgelebe a bone, le godimo ga madutela a bone, gore a tle a fetoge madi; mme go tlaa nna madi mo lefatsheng lotlhe la Egepeto, mo dilwaneng tsa dikgong, le mo dilwaneng tsa maje.’ ”
20
Moše le Arone ba dira jalo, jaaka Jehofa a laotse; a tsholetsa thobane, a itaya metsi a a mo nokeng mo ponong ya ga Faro, le mo ponong ya batlhanka ba gagwe; mme metsi otlhe fela a a mo nokeng a fetoga madi.
21
Ditlhapi tse di mo nokeng tsa a swa; noka ya nkga sebodu, Baegepeto ba retelelwa ke go nwa metsi a noka; madi a nna fela mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.
22
Dingaka tsa Egepeto tsa dira fela jalo ka mereo ya tsone; pelo ya ga Faro ya thatafala, a se ka a ba reetsa; fela jaaka Jehofa a buile.
23
Faro a menoga a ya a tsena mo ntlong ya gagwe, le gone golo mo a se ka a go baya mo pelong ya gagwe.
24
Baegepeto botlhe ba nna ba epa fa thoko ga noka ba batla metsi a a ka nowang; gonne ba ne ba palelwa ke go nwa metsi a noka.
25
Ga feta malatsi a supa Jehofa a sena go itaya noka.
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 8 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40