bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Exodus 31
Exodus 31
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 30
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 32 →
1
Jehofa a bua le Moše a re:
2
“Bona, Besalele morwa Uri morwa Hure, wa lotso lwa Juta, ke mmiditse ka leina.
3
Ke mo tladitse mowa wa Modimo, wa botlhale, le wa tlhaloganyo, le wa kitso mo tirong nngwe le nngwe.
4
Go akanyetsa ditiro tsa matsetseleko, go dira ka gouta, le ka selefera, le ka kgotlho.
5
Le go setela majana go a tlhoma mo diaparong, le go seta dikgong, le go dira ditiro tsotlhe fela.
6
Mme nna, bona ke tlhomile nae Oholiabe, morwa Ahisamake, wa lotso lwa ga Dane; mme mo pelong tsa botlhe ba ba pelo e e tlhalefileng, ke tsentse botlhale, gore ba dire tsotlhe tse ke di ba laoletseng;
7
mogope wa bophuthegelo, le letlole la tshupo, le senno sa boutlwelo botlhoko se se mo godimo ga lone, le dilwana tsotlhe tsa mogope;
8
le tafole le dilwana tsa yone, le setlhomo se se itshekileng sa dipone se na le dilwana tsotlhe tsa sone, le maswalo;
9
le sebeso sa tshupelo e e fisiwang se na le dilwana tsotlhe tsa sone, le mogopo o o tlhapelang, le setlhomo sa one;
10
le diaparo tse di dirilweng ka maatlametlo, le diaparo tse di itshepileng tsa ga Arone moperesiti, le diaparo tsa bomorwawe tsa go direla mo tirong ya boperesiti;
11
le lookwane lo lo tlolwang, le maswalo a maroku a a lonko lo monate a felo ga boitshepo, ba di dire tsotlhe ka fa ke di go laoletseng ka gone.”
12
Jehofa a bua le Moše a re:
13
“Le gone o bue le bana ba Iseraele o re: ‘Ruri lo tlaa boloka Bosabata ba me; gonne ke sesupo gare ga me le lona go ya le dikokomana tsotlhe tsa lona, gore lo tle lo itse fa ke le Jehofa yo ke lo itshepisang.
14
Ke gone bolokang Sabata; gonne o lo itshepetse, mongwe le mongwe yo o o tlolang, ruri a a bolawe; gonne le fa e le mang yo o tlaa dirang tiro mo go one, ene motho yoo a kgaolwe mo go ba ga gabo.
15
Tiro a e dirwe ka malatsi a le marataro; letsatsi la bosupa ke Sabata wa boikhutso jo bo masisi, yo o itshepetseng Jehofa; le fa e le mang yo o dirang tiro ka letsatsi la Sabata, ruri a a bolawe.
16
Ke gone ka moo a bana ba Iseraele ba boloke Sabata, go tlhokomela Sabata, go ya le dikokomana tsotlhe tsa bone, gore e nne kgolagano e e sa khutleng.
17
Ke sesupo gare ga me le bana ba Iseraele ka bosakhutleng; gonne Jehofa o dirile legodimo le lefatshe ka malatsi a le marataro, mme e rile ka letsatsi la bosupa a ikhutsa, mme a homola.’ ”
18
E rile a sena go wetsa go bolelelana le Moše mo thabeng ya Sinai, a mo neela matlapa a le mabedi a tshupo, e le matlapa a a kwadilweng ka monwana wa Modimo.
← Chapter 30
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 32 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40