bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Exodus 32
Exodus 32
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 31
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 33 →
1
E rile batho ba bona fa Moše a diegile go fologa mo thabeng, ba iphuthela kwa go Arone, ba mo raya ba re: “Nanoga o re direle medimo e e tlaa re etelelang pele; gonne ka ga motho yo Moše, motho yo o re ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, ga re itse kwa o ileng gone.”
2
Arone a ba raya a re: “Rolang manyena a gouta a a mo ditsebeng tsa basadi ba lona, le tsa bomorwaa lona, le tsa bomorwadia lona, lo a lere kwano go nna.”
3
Batho botlhe ba rola manyena a gouta a a mo ditsebeng tsa bone, ba a lere mo go Arone.
4
A a amogela mo go bone, a seta ka seseta, a a dira namane e e thetsweng; mme ba re: “E ke yone medimo ya gago wena Iseraele, e e go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.”
5
E rile Arone a bona jalo, a aga sebeso fa pele ga yone; a dira kitsiso, a re: “E tlaa re ka moso go nne modiro wa ga Jehofa.”
6
Ya re ka moso ba phakela ba isa ditshupelo tse di fisiwang, ba lere ditshupelo tsa kagiso; mme batho ba dulela go ja le go nwa, ba itse go nanoga ba tshameka.
7
Jehofa a bua le Moše a re: “Tsamaya o fologe; gonne batho ba gago ba o ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto ba ipodisitse.
8
Ba akofile ba fapoga tsela e ke e ba laoletseng; ba itiretse namane e e thetsweng, ba e obametse, ba e iseditse tshupelo, ba re: ‘E ke yone medimo ya gago wena Iseraele, e e go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.’ ”
9
Jehofa a raya Moše a re: “Ke e bonye tšhaba e, gore ke tšhaba e e thamo e thata;
10
jaana ka re ntesa, o mme bogale jwa me bo ba tukele, gore ke tle ke ba nyeletse; mme wena ke tlaa go dira morafe o mogolo.”
11
Moše a rapela Jehofa, Modimo wa gagwe, a re: “Jehofa, bogale jwa gago bo tukelelang batho ba gago ba o ba ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto ka thata e kgolo, le ka letsogo le le nonofileng?
12
Ana Baegepeto ba tlaa bo ba buelang, ba re: ‘O ba ntshitse go tla a ba bona bosula, le go ba bolaela mo dithabeng, le go ba nyeletsa ba tloga mo lefatsheng’? Fapoga bogale jwa gago jo bo tukang, mme o ikwatlhaele bosula jo o bo laoletseng batho ba gago.
13
A ko o gakologelwe Aberahame, le Isake, le Iseraele, batlhanka ba gago, ba o ba ikanetseng ka wena ka wesi, wa ba raya wa re: ‘Ke tlaa ntsifatsa peo ya lona e nne jaaka dinaledi tsa legodimo, mme lefatshe lotlhe le ke buileng ka ga lone ke tlaa le naya peo ya lone, mme ba tlaa le rua ka bosakhutleng.’ ”
14
Jehofa a busa pelo mo bosuleng jo o rileng o tlaa bo direla batho ba gagwe.
15
Moše a boa, a fologa mo thabeng, a tshotse matlapa a mabedi a tshupo; e le matlapa a a kwadilweng ka fa ntlheng tsoo pedi; a kwadilwe ka fa ntlheng nngwe le ka fa ntlheng e nngwe.
16
Matlapa e ne e le tiro ya Modimo, le go kwala e le go kwala ga Modimo, go gabilwe mo matlapeng.
17
E rile Jošua a utlwa modumo ka ba duduetsa, a raya Moše a re: “Go na le modumo wa ntwa mo botlhaolelong.”
18
Ene a re: “Ga se modumo wa ba ba dudueletsang phenyo, le gone ga se kuruetso ya ba ba lelang ka go fenngwa; nna ke utlwa modumo wa ba ba opelang fela.”
19
Ya re a atamela kwa botlhaolelong, a bona namane le dipino; mme bogale jwa ga Moše jwa tuka, a piriganya matlapa, a a rabanyetsa fa tlase ga thaba.
20
A tsaya namane e ba e dirileng, a e fisa ka molelo, a e sila boleta, a e kubuela mo metsing, a ba a e nosa bana ba Iseraele ka thata.
21
Moše a raya Arone a re: “Tšhaba e e go rileng fa e bo ne ne o lerile boleo jo bogolo mo go bone jaana?”
22
Arone a re: “A bogale jwa morena wa me bo se tuke; o a e itse tšhaba e fa e tlhomile pelo mo bosuleng fela;
23
gonne ba ntheile ba re: ‘Re direle medimo e e tlaa re etelelang pele; gonne ka ga motho yo Moše, yo o re ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, ga re itse kwa o ileng gone.’
24
Ka ba raya ka re: ‘Le fa e le mang yo o nang le gouta, a a e role;’ mme ba e nnaya; ka e latlhela mo molelong, mme ga tswa namane e.”
25
E rile Moše a bona fa batho ba ngalogile; gonne Arone a ba leseleditse fela, e le gore ba tle ba sotlege mo babeng ba bone,
26
foo Moše a ema mo kgorong ya botlhaolelo a re: “Le fa e le mang yo o ntlheng ya ga Jehofa a a tle kwano go nna.” Mme bomorwa Lefi botlhe ba itlhophela kwa go ene.
27
A ba raya a re: “Jehofa o bua jaana, Modimo wa Iseraele, a re: ‘A mongwe le mongwe wa lona a ikgatlhele tšhaka ya gagwe mo lothekeng, mme lo ralale bothibelelo jotlhe go tswa kgorong nngwe le go ya kwa kgorong e nngwe, mme mongwe le mongwe a bolaye morwa rraagwe, le monkana wa gagwe, le wa ga gabo.’ ”
28
Bomorwa Lefi ba dira jaaka lefoko la ga Moše; mme ga wa ka letsatsi leo batho e ka ne e le ba 3 000.
29
Moše a re: “Itshwaeleng Jehofa gompieno, ee, e bong motho mongwe le mongwe a tlhabane le morwawe le morwa rraagwe, gore a tle a lo neye tshegofatso gompieno.”
30
Ka moso Moše a raya batho a re: “Lo leofile boleo jo bogolo; jaana ke tlaa tlhatlogela kwa go Jehofa; e tlaa re gongwe ke direle boleo jwa lona tetlanyo.”
31
Moše a ba a boela kwa go Jehofa a re: “Ijo! batho ba ba leofile boleo jo bogolo, ba itiretse medimo ya gouta.
32
Le fa go ntse jalo, fa jaana o ka ba itshwarela boleo; mme fa go sa nna jalo, a ko o mphimole mo lokwalong lwa gago lo o lo kwadileng.”
33
Jehofa a raya Moše a re: “Le fa e le mang yo o nteofetseng, ke ene ke tlaa mo phimolang mo lokwalong lwa me.
34
Jaanong tsamaya, o gogele batho ba me kwa ke buileng nao ka ga gone; bona, moengele wa me o tlaa go etelela pele; e tlaa re mo tsatsing le ke lekolang ka lone, ke tlaa ba betsa ka boleo jwa bone.”
35
Jehofa a itaya batho ba, ka ba dirile namane e Arone o e dirileng.
← Chapter 31
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 33 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40